Mmamalome

Cynthia Matthys

25 September, 2014

Mmamalome Ke na le mathata. Ke ne ka tshola ngwana le mokapelo wa me mme morago ra kgaogana ka a ne a imisiwa ke rre o sele, jaanong o gana ka ngwanake. KARABO ; Motlogolo kgang ya gago e motlhofo, ga gona jaaka mmaagwe ngwana wa gago a ka dira botshelo jwa gago thata ga bedi. La ntlha o go tsieditse ka go tshola ngwana le monna o sele, go tswa foo jaanong o bata go dira mathata a gagwe a gago. Seo, ga se letlelesege. Jaanong o na le tshwanelo ya go bona ngwana wa gago fela jaaka mmaagwe.  Jaanong ikgolaganye le ba Men and Boys ba ba ka go thusang kgang e ka bofefo. Mogala wa bone ke 75306777. Re batla borre ba ba nang le seabe mo kgodisong ya bana ba bone  

read more

Mareledi, Selebi-Phikwe

25 September, 2014

Mmamalome Mo ke go bonang le dintsa ga di go bogole, Mmamalome ke mme yo o tlhadilweng ke monna ke santse ke le monnye. Ka godisa bana ba ke le nosi rraabo a sa nthuse. Jaanong bangwe ba feditse ko UB ba a bereka mme jaanong yo mongwe o lebetse gotlhelele ka nna le bo monnawe. Ngwana yo o nna koo mme e bile o inyadisitse. Fa ke bua le ngwanake, ditlhapa tsotlhe mo go nna. Ga a batle go reetsa fa ba masika ba leka go mo gakolola. Ke rata ngwanake, ke mmatlela botshelo jo bo botoka e seng jo, tota ke reng? KARABO: Motlogolo, Ke utlwa kgang ya gago, mme kana morwadio o tshwanetse go gakologelwa gore mmangwana o tshwara thipa ka fa bogaleng. Ga gona ope yo o ka mo fang kgakololo e e fetang ya gago. Jaanong ka o setse o kile wa leka go kopa thuso, gongwe jaanong o leke go bona bagakolodi ka ba kgona go thusa go agisanya le go aga botsalano  jo bo thubegileng. Mme fa o sena go leka seo mo fe nako, dilo tsa go nna jaana di a fela. O tlaa ikgakologelwa a lemoge gore o motsadi wa gagwe. Kana le mo baebeleng gatwe tlotla mmago le rrago gore malatsi a gago a okediwe.  

read more

Benni, Ghetto

25 September, 2014

MMAMALOME: Kgang e ga ke itse ke simolole ke e ale jang ka pelo yame e hupediwa ke khutsafalo. Ke lekawana la kwa bokalaka mme ke belegwe ka ngwaga wa 1975. Ke ne ka tshola ngwana le mme wa ntlheng ya Letswapo. Ya re ke santse ke re gongwe le nna e tlaa re ngwaga mongwe ka bo ke opelelwa Se mo tseretsere senatla, owaii! A ntswa ka phatlha tsa menwana ngwana wa mosetsana go supa fa wa gagwe mogopolo a o feditse. Ka itlhoboga, ka fodisa pelo mme ngwana ene ka seka ka mo latlha. Ke nna ke mo latlhelela meloranyana, dijo le thebenyana gore a rekelwe dinatetsha molomo jaaka bana ba malwapa a mangwe. Kgwedi e e fetileng fa ke tswa go motlhola ke ne ka rothisa keledi. Ke fitlhetse ngwana a bolawa ke mopalo le matsogo a jesi tota a a jele. Se, se nkutlwisitse botlhoko thata Mmamalome ka tota ke se kobo dikhutshwane go ka palelwa ke go tlhokomela morwadiake. KARABO: Ke tlhaloganya seemo sa gago, mme e bile ke dumalana gore se na le tlharabololo. Kana lotlhe le batsadi ba ngwana mme e bile le wena o ka tlhokomela ngwana, mmaagwe ngwana le ene a tlhokomelela ngwana kwa go wena. Jaanong yak o go ba molao wa tlhokomelo ya ngwana, o ba lemotshe gore mmangwana ga a na bokgoni jwa go tlhokomela ngwana. Ka fa o setseng o buile ka teng go ntemontsha o le motsadi yo o nonofileng go tlhokomela morwadio.  Tsibogela se ka bofefo, pele fa ngwana wa gago a tloga a tsaya tsela di sele ka go tlhoka tlhokomelo.

read more

Anonymous - GABORONE

04 July, 2014

MOKAPELO WAME O IMISITSE KE ILE BOTSETSING Ke mme wa dingwaga tse di masome a mararo wa kwa Borolong. Ka ditiro di re posa go anama le lefatshe leno, ke ne ka iphitlhela ke direla kwa Rakops kwa ke neng ka fitlha ka iponela lekau teng ngwaga tse supa tse di fetileng. Re ne re utlwana go se tsapa lepe le fisang pelo mme yare morago ka huduga ka ya go nna le mokapelo wame yo e leng mooki. Re ne ra dumalana go dira ngwana ka ebile a ne a ntsholofeditse lenyalo. Ke ne ka ya botsetsing kwa gae mme ya re morago ga dikgwedi tse pedi ka boa go ya go ipaakanyetsa go boela tirong. Nako nngwe fela fa ke iketlile mo lwapeng, ga tla mme mongwe a itsholofetse a batla mokapelo wame. Mme yo, o ne a ntlhalosetsa fa a imisitswe ke mokapelo wame yoo mo tlhaloseditseng fa a kgaogane le nna. Mmamalome ke go kwalela jaana ke rothisetsa keledi mo loseeng lwa kgwedi tse pedi le ke le tshotseng, ebile ke feletswe ke dikakanyotsa gore ke ke dire jang ka ebile re rekile dilwana tsa mo tlung mmogo. Anonymous, Gaborone Setlogolo Kgang ya gago e a ama mme kana ga gona sepe se se senang phelelo. Ke ipotsa gore a batsadi ba gago ba ne ba sa isa mafoko a tshenyo ko batsading ba mokapelo wa gago jaaka e le tsamaiso. Kana fa ele gore go ne ga salwa tsamaiso ke bone batho ba ba ka thusang mo kgang e. Gape motogolo le fa o ne o inyadisitse ke dumela gore dilwana tse o neng o di rekile o na le sesupo sa theko ya tsone. Gape ga o a tlhalosa gore a, rre yo jaanong ga a sa tlhole a go batla kana jang. Ke wena yo o ka tsayang kgato e o bonang e go siametse gore a o batla go nna le monna yo o nang le ngwana le mme o sele kana ga o kake wa kgona go tswelela le lenyalo le. Jaanong motlogolo leka go bua le botsadi o utlwe gore bone ba bona kgang e jang.

read more

Tlhoka Ina

04 July, 2014

KE IMELWA KE LE ESI Ke ne ke kopa thuso le kgakololo mabapi le kgang yame. Ke mme yo o nyetsweng ke na le ngwana le rre yo o nyetseng. Ga a tlhokomele ngwana wa gagwe, ke bua ka ngwana wa ngwaga le kgwedi tse pedi. Tota betsho rre yo ga a ise a ko a nthuse ka sepe go fitlhelela ngwana a tsholwa. Ke fa e re ngwaga ono ka Tlhakole tota ke setse ke babaletswe ke fa ke ya go ikuela kwa lekgotleng.   Ka tlhalosetsa ba lekgotla sengwe le sengwe morago ke fa mme wa lekgotla a mo leletsa ke na le ene gore ke ikuetse mabapi le ngwana yo o sa tlhokomelweng, a bo a kopa mme wa lekgotla gore o kopa gore re kopane pele nna le ene. Re ne rakopana, phelelong a nkopa gore ke emise kgang ya kwa lekgotleng o tla a leka go nthusa. O ne a tlhalosa gore ngwaga o otlang o tla a bo a sa bereke go raya gore ngwana o tla a bo a sa je ka o tla a bo a sa bereke. Le fa ke ka mo raya ke re ngwana ga a tsoga ebile ga aitse gore ke bua ka ga eng? Kana go botlhoko le go feta gore motho a go dire jaana a bo a bifela le one madi a gagwe tota le go mo itse ga a moitse. Se senkutlwisang botlhoko le go feta ke gore rre wa teng o mpheta ka dingwaga di le 18. Tota fa ke ne ke dirwa ke monkane wa me ke tsaya gore gongwe ke ka bo ke sena mathata. Ke kopa thuso koo go wena mmamalome gore fa motho a dira jaaka ene jaana go ka tweng tota. Motlhoka Ina Setlogolo Mo ke gone go tshwara phage ka mangana, o batla go seka molato mo molatong. Ke lemoga bothata jwa gago, rre yo ke monna wa lelwapa mme e bile go supafala fela sentle gore o ne o itse gore monna yo ke wa motho mme wa mo letlelela go go  imisa. Ga se kgang ya gore monna yo, o dingwaga tse dikae, o itse gore ngwana o dirwa ke monna le mosadi . Jaanong kgang ke gore a kwa lwapeng o boleletse mosadi gore o dirile molato o. Ke dumela gore o ne a go kopa gore o folose kgang kwa lekgotleng go babalela lenyalo la gagwe. Ka e le monna wa motho ga ke bone gore a go ka nna bonolo gore a tswe kwa lapeng gore a ise ngwana le wena kwa ngakeng jaaka o eletsa. Mme le fa go ntse jalo o tshwanetse go tlhokomela ngwana, kopanang le buisane mme fa ele gore o tswelela a sa go thuse boela ko lekgotleng molao o tlaa tsaya dikgato tse di maleba go bona gore o tlhokomela ngwana wa gagwe. Le fa e le gore o tlogela tiro, ngwana e ne o tswelela a tshela. Fa kgang e le ko molaong ba tlaa itse gore tsela go tsewa e fe gore o tlogela tiro jaaka a bua.

read more

Ba Mmandunyane

04 July, 2014

RE IPOPILE RE BANTSI KA PALO Re kwalela Kutlwano re na le mathata mo motseng wa Mmandunyane. Santlha re bua ka tshenyetso sechaba ya motse, bogogi jwa motse ke masika le bogosi tota ba boikgagapeletse mme beng ba jone ba le teng. E re ntswa go ntse jalo, ene yo o kwa tlhogong o rata tshele le dilo tsa batho, ga a tsamaye dintsho tsa rona ba basetlha. O rata gore batho ba na le badisa ba matebele mme ene ba gagwe ga a ba tsenye mo teng. Re le bantsi ka palo, re kopa dikgosi tse di tlotlegang di tle go bona tsamaiso ya motse wa Mmandunyane re babaletswe. Re gola re itse gore moeteledipele ga a bifele batho mme mo garona go thata ka e bile go jewa ka losika. Yo mongwe o eteletse VDC o a amogela mme fa go tla mananeo a ditiro ke ene yo o a tsayang jaaka go olela matlakala go ne go tilwe go batliwe batho ba dikotsekara a pala padi. O tsaya bone ba Ipelegeng ba mo thusa go olela matlakala. Nnyaya, re kopa thuso mmamalome le khansele a e tsenngwe leitlho. Re bua go se monate mo go rona. Ba Mmandunyane Batlogolo Kgang ya lona ke e tona thata gape e akaretsa melangwana e le mentsi. Ke dumela gore le itse gore kgang ya tshenyetso sechaba ke e e masisi mme ebile fa ele gore go diragala jalo le tshwanetse gore e be le na le bosupi jo bo nonofileng go bo supa fa pele ga ba molao. Ke kgang e e ka tseelwang dikgato tse di maleba.   ke utlwa selelo sa lona sa gore ditiro tsotlhe di mo diatleng tsa losika mme ke re kana go na le ka fa go dirwang gore se, se se seka sa tswelela jaaka go tshwara ditlhopho tsa VDC. Se se ka thusa go baakanya dilo. Mme e bile le ka ikuela ko go molaodi wa Ditlhabololo go gakolola.  Mme gape le gakologelwe gore baeteledipele ke batho, fa ba dirang diphoso ba kgonwa go kgakololwa mme ba baakanye. A le setse le buile le kgosi mo go tlhokang gore le bitse batho ba ba tswang go ntle. Fa gongwe re kgona go bona dilo ka leitlho le sele mme e re le buisana o lemoge gore ga go bosula bope. Jaanong ithulaganyeng pele, le kope bo ralekgotla go nna mo bokopanong jo, go gakolola.

read more

Kebareng Meekwane - NATA

04 July, 2014

LE JAANA GA KE ISE KE BONE DITUELO TSAME Mmamalome ke kwala jaana ka kutlobotlhoko. Ke ne ke bereka mongwe kwa Nata. E ne ke motho wa Mosetse, kwa Nata o ne a ile ka kgwebo. Ke mmerekile ka Tlhakole go fitlha ka Moranang ka ngwaga wa 2011. Ke ne ka ikuela kwa go ba tsa khiro mme a seka a tla pitsong. Ka boelela ko go ba khiro le gone a seka a iponatsa. Ba khiro ba e fetisetsa kwa Industrial court. E sekilwe ka 7/3/2014 kwa a neng a atlholwa a seyo mme morago a iponatsa. A bo a neelwa court order gore morago ga malatsi a le lesome le bone a bo a setse a ntuetse. Malatsi a ne a wela ka di 28/3/2014 mme ka tsatsi leo a bo a ya Industrial court a ba raya a re o batla kgang e e boelela. Ke kopa thuso koo go wena Mmamalome gore ke dire jang? Ke lantlha ke go kwalela ke solofela fa o tla a nthusa. Ke le Kebareng Meekwane kana Sheki Setlogolo Ke tlhaloganya kgang ya gago sentle, mme o dirile sentle tota wa bega kgang ya gago ko go ba ba tshwanetseng. Kgang ya mohiri le mohiriwa e bonolo thata fa e reediwa ke ba molao ka ba itse thata se se lebanyeng, ntswa go tsaya nako. Setlogolo, se fele pelo kgang ya gago e tlaa rarabololwa o bone se se go lebaganyeng. Wena rurifatsa gore o tshwere mekwalo yotlhe e e ka thusang go nolofatsa kgang ya gago, jaaka lekwalo la fa o firwa le tsotlhe tse di tlhokafalang.

read more

Ditiro, Maun

04 July, 2014

Ke nyetse bodipa Ke rre wa dingwaga tse di masome mararo le botlhano, ke ne ka tsena mo nyalong e e seng boitshepo ka mosadi yo ke mo nyetseng a setse a fetogile e le ene tlhogo ya lelwapa. Mme yo ke ne ke mo rata thata le ene a nthata fela thata mme go mo tsenya pala monwana ya nna o kare ke kgotlhile semana. Ga a sa tlhola a ntlhatswetsa jaaka pele le dijo o apaya gangwe fela mo ngwageng. O beile sengwe le sengwe mo mmeng yo o re thusang yo le ene o fitlhelang a apeile nama e e moro ekare ya mmutla. Le fa e le mo kamoreng ya rona ya borobalo ga a kgome le fa e le sepe. Ka o dirisa bodipa go supa gore o na le madi, sa gagwe ke go tlhola a penta dinala. Ke lekile go bua le ene go padile.   Batsadi ba lekile go kgalema mme ba paletswe le bone ba bone gore ga kena phoso epe e ke e dirileng. Fa nne go kgonagala nkabo ke tlisa mosadi wa bobedi mo lwapeng gongwe nne nka tshela sentle. Tsela pedi ke efe, a ke thale mosadi yo kana ke mo tlogele mo lwapeng ke ye go iphirisetsa ke nne ke le nosi? Ditiro Maun Setlogolo, Molemo wa kgang ke go buiwa. Gongwe ke tsela e o buang kgang ka yone ga e bereke ka gore o kgala mosadi wa ga go thata. Nna le ene fa fatshe o bue le ene ka lorato o mmontshe gore o eletsa go ja dijo tse di apeilweng ke ene o bo o mmontshe gore dijo tse di apeilweng ke ene di gaisa tsa maid ka jalo o eletsa gore a nne a go apeela. Go bua le ene o mo supa ka monwana ga go nke go ntshe maduo a a botoka ka le ene o tla supa diphoso tsa gago. O ka kopa bogakolodi ko go bo mma boipelego gongwe mosadi o ka ba reetsa ka gore bone ga ba lo itse ka jalo ga ba kake ba tsaa letlhakore.

read more

Reason

04 July, 2014

My uncle robbed me of my inheritance My father had full ownership of an expensive house in Phakalane. In 2004, when I was 10 years old, he passed away, and I have been raised by a single mother. My parents were staying together and marriage negotiations were at an advanced stage prior to the demise of my dad. Immediately after his burial my uncle kicked us out of the house and I temporarily relocated to Zimbabwe to stay with my grandfather who had just parted ways with her Motswana girlfriend who happens to be my grandma. Whenever my mother would ask for our house back, my uncle would threaten to humiliate her and destroy her. Since I had moved to Zim right after my father's death, I'm not familiar with the laws and authorities here. Our financial conditions are worsening as my education needs are growing. However, my father’s brother had taken the house unlawfully and has been living in there since my father's death. Also, since my uncle is a very dangerous person because of his strong attachment to traditional doctors, I am afraid of what he would do if I go there and try to take my property back. My question is that, in such circumstances, am I still entitled to take my rightful property? And if yes, are there any suggestions on how I should go about doing so? Reason Gaborone Setlogolo, you did not state whether there was a will or any document showing that you father had wanted you to inherit the house. I can only advice you seek advice from social workers to establish facts regarding your father’s estate and to establish what you are entitled to and map a way forward.

read more

Simonsizola

04 July, 2014

Motsadi yo o pelo kemang… Mme motsadi wame o tlhokafetse ka ngwaga wa 1996. Ke ne ke na le dingwaga di ka nna lesome le bone. Go ne ga seka ga nna botlhoko thata ka jaana ke ne ke sa itlwaetsa go nna le ene thata.  Mme go lemoga  botlhokwa jwa go nna le motsadi gone ga ntshedisa ka pelo e e botlhoko go fitlhela gompieno jaana. E rile fa ke simolola lokwalo lwa ntlha (Standard 1) ka 1990, ke ne ka loma molomo wa tlase go fitlhela ke fetsa lokwalo lwa botlhano (Form 5) ka 2001. Ke ne ke sa dira sentle thata mme ka ikopela phatlha kwa Jwaneng Technical College ka 2007-2010 kwa ke neng ka retelelwa ke go tsweledisa dithuto tsa me go tswa mo BTEP-Foundation in Building Construction, e ke neng ke e pasitse ka Distinction, go ya go dira Certificate ka ke ne ke kolota sekolo P1000 mme ebile go sena ope yoo nkemeng nokeng mo go tsa madi mo dithutong tsame. Selo se se nkutlwisa botlhoko fela thata mo ebileng ke na le go ipotsa gore a le mphirimetse kgotsa jang. Nnete ke gore ga ke ise ke palelwe ke dithaka mo botshelong jwame. Sebe sa phiri ke gore le sone setankana sa teng ga ke kgone go se dirisa fa ke dira makwalo a ikopelo ditiro mo dikonterakeng kgotsa gope fela. Ke bua le wena jaana Mmamalome ke na le ngwana le mme yo ke batlang go mo nyala mme ebile botshelo bo sa relele ka gore mme yo ke buang ka ene yo o tsena sekolo kwa GIPS mme jaanong nna yo ke ntseng ke ba tsomatsomela ke sala le ngwana. Tota go tloga ka letsatsi la ntlha la boimana go fitlha jaana, ke ne ke gama ke ikotelela. Tota ke mogoa dira… Mmamalome ke ne ke batla go nyala ka potlako. Bogolo jang go batla ke bo ke agelela ka terata ka jaana botshelo jwame jwa sedumedi bo ntlama ebile le nna ke bona go tshwanela. Tota bothata jwa me ke gore ere ke dirile maiteko go ikgolaganya le ba ga rona, ke paletswe mo ebileng o ka re ke tshela mo lefatsheng ke le nosi. Tswee! Fela jaaka o a tle o fe bangwe dipone, le nna mpha tlhase ke bonese tsela ya me. Go a tle gotweng fa go ntse jaana Mmamalome? Simonsizola Khakhea Setlogolo, Setswana sa re “ e a re go tlogelwa tsatsing se ikise moriting”. Ke ka jalo ke go gakololalng go ikemela ka dinao o batle maano a go itshetsa le go tlhokomela ngwana wa gago. Ikopanye le bo boipelego go bona gore ka o le khutsana, a gona thuso e baka go e thusang go duela sekoloto sa sekolo. Mme gape o ikopanye le ba thuto go bona gore a ba ka se thuse go ikoketsa dithuto ka lenaneo la back to school. Ba lephata la banana le bone ba na le mananeo a o ka ithusang ka one. Mme mo godimo ga tse tshotlhe selo se botlhokwa ke gore wena o bo o itomile molomo wa tlase o ikaeletse go tlhabolola botshelo jwa gago. Buisana le ba masika a lona ka bobedi go bona gore a ga gona ope yo o ka thusang go sala le ngwana ha mmangwana a ya sekolong gore o tle o kgone go batla dithuso.

read more

Blog

Editors Note

Polling

Is online betting an alternative income stream or a risk

Is online betting an alternative income stream or a risk

Results

Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%

It is a risk. : 0.00%

Not sure.: 100.00%