Volume 65 December 2026-January 2026 : Polelo
Botshelo bobi
Author : Mothusi Soloko
Molemogi, Nchoba le Bekile ba tsene ka motse wa Manyana ka Matlhatso mo mosong. Boitumelo e ne e le jo bo kwa godimo ka ba ne ba le mo mosepeleng wa go kgakola sejanaga sa ga Molemogi, se a se rekileng kwa toropong ya Durban kwa Aferika Borwa. Lobelo la sejanaga e ne e ka re ba pegile motho a le mo ditlhabing, seromamowa sa teng sone se utlwiwa ke motho a se fano. Dikgang tsa bone di lwela ditsebe le mmino. Gangwe le gape ba thubega ka ditshego.
Ba ne ba ya jalo ba lebile ntlha ya tlase go fitlhelela ba ema fa ga MmaKemosadi ba pega ngwana wa gagwe wa mosetsana, Dineo, yo o direlang kwa benkeleng ya Choppies kwa Kanye. Fa ba sena go retologa, ya re ba ise ba tlhatlose mosepele ba felela fa Night Star kwa ba fitlhetseng kgaitsadia Dineo, Serokana teng. Ba phutholola ditilo, go bonala e le batho batla tlhola ba bothile foo. Serokana ka a itshotlegela mo gae, a bo a segetswe fa lehureng. A nwa a ba a tshuba sekerese.
Fa e le Molemogi le Dineo bone, ba le mo lefatsheng le sele. Gangwe le gape Molemogi a mo tabola ka sekapa ditshwantsho sa mogala wa letheka.
Fa meriti e bowa, Bekile a emelela a ja tlhako; Nchoba le ene a se ka a ipona tsapa. Lorole lo beta mokoduwe. Motho yo Bekile, e re o tlaa mo ja monate go bo go ntse jaana. A sasanka mo jareteng o ka re selealii se tabogile mo leseding la lebone la parafine.
E ne e re fa a tomoga a hunyetsa tlhogo mo magetleng, a goge marokgwe mmino one o le mo thekeng. Pina e le ya ga Franco ya sephiri se dule kwa Gaborone. Fa e le Molemogi le Dineo bone ba emetse fa tswaing ba tlamparagane ba bina mmino o go tweng morobalo.
Ya re fa pina e ya motsubong, Dineo a goa a le fale a re “Busetsang pina eo,” Bekile a nanabelela fa koloing pina ya ipoeletsa gape Dineo a goa a re, “e mpolaya gone foo. Sedidi sa monate sa ba tseeletsa.
Ya re fa go sa le mherehere jalo, Serokana a tswa ka fa morago ga marekisetso ka fa a sa le a tikelela teng le tsala ya gagwe, go bonala ba ne ba ile go tshopha tse di tala ka matlho a gagwe a ne a hibitse e ka re a ntsa e jwetswe botlhole ke noga.
A se ka a rata go letlelela gore mabele a ga mmaagwe a jewe ke tshupa. Motho wa Modimo a itumetse, ya re fa a re o a di tshela, monwana wa gagwe wa leoto wa tsena mo lekgaseng la borokgwe a ruthagana fa fatshe ka mpa ya sebete, sebagabiki sa biri ya Black Label sa wela fale. A ritla fa a re wa tsoga a boa a pharama ka marago, batho ba ba neng ba ntse foo bone ba sule ka ditshego. Ya re ka bosigo jwa malatlhantshwana, ba dumalana gore ba boele morago kwa Thamaga le Dineo. Manyana, Moshupa ya nna nko le molomo.
Ba feta ba thibelela fa maitisong a Dladlen Night Club. Mo Moshupa Bekile o ne a itsewe ka leina la Bullet, le a le filweng ka kitso ya gore fa a kgweetsa le lerumo la tlhobolo o ka le sia.
Dipuo tsa nna mafaratlhatlha, ba mmoka ba ba mo itseng; le ene fela jalo a ipolela. Ya re fa ba tswa fo o a se ka a batla go swabisa barati ba gagwe. A tseisa koloi mmamadikwadikwane, ya re fa bangwe ba sa ntse ba akabetse a tswa jaaka lone lerumo tota. Barati ba gagwe ba tletse ka boitumelo, le fa ba ne ba le mo leroleng.
Fa ba sa ntse ba re ba wela maikutlo, ba mmona a rotoga ntlha e nngwe. Go bonala a ne a sa kgotsofala sentle. A bontsha batho semanka, koloi le yone e mo utlwa. Mapodise a ba fitlhetse fa Go-Okodisa. Bullet a lela sa mmaijoo a apesitswe ke lerole. Molemogi a rapaletse fa fatshe a apesitswe ke kgodu e khibidu, go bonala a se mo botshelong. Dineo ene a setswe kgakajana, Nchoba ba mo fitlhela a didimetse mo koloing. Kgomo e ntsho yone e le mo gare ga tsela e ritlha.
Bekile o ne a emetse fa thoko fa baoki ba olela ditsala tsa gagwe ka lepara. Setsidifatsi sa bojalwa (cooler box) se le fale, mabotlole a tletsetletse gongwe le gongwe. Badisa ba meraka e e gaufi bone ba itshelela. A betsega ka lebelo. Ba tswa go mo fitlhela a akgega mo setlhareng mowa o ise o tswe otlhe. Ba kgaola leoto la borokgwe le a neng a ikaleditse ka lone a sitlhama fatshe. Mosimane wa lepodise a mo tsenya dihaka pele a mo itsese gore jaanong melato e mebedi. A gakologelwa lekwalo lengwe le a kileng a le bala le lereng, ‘Botshelo bobi.’



