Volume 65 December 2026-January 2026 : Polelo

Bahurutshe ba ga Motlhware ba Ipela ka mafelo a bojanala

Author : Idah Basimane

Fa o tswa kwa borwa, dikhilomethara di le lesome le botlhano go tswa kwa  Mmathethe, o a bo o setse o gorogile kwa motseng o morafe wa teng o ratang thata go bidiwa Baphadima, Bahurutshe ba ga Motlhware.
Fa o latlhela matlho kwa bokone botlhaba dimethara tse makgolo matlhano, go ikadile lecha la Goo-Lowe le le itsegeng ka leina la Sehikile.
Go tswa foo a latlhela matlho ntlheng ya borwa bophirima, o ka jesa matlho bontle ka lefelo le motse o bidiwang ka lone la Magoro-a-dipitse.  Motse o, o godile o na le batho ba le 1 048, go ya ka dipalo tsa palo ya batho ya 2022.
Morafe o, o tlholega kwa Afrika Borwa kwa Kurumane, mme ba gorogile kwa  Magoreapitse ka ngwaga wa 1835, ba tshabile dintwa tsa maburu.
Kgosi wa Mogoreapitse, Kgosi Letlhogonolo Moses fa a bua mo potsolotsong le ba  Kutlwano ka ditso tsa bone,  a re merafe e e gorogileng foo e ne le e Baphadima, Barolong le Batlhaping, mme botlhe fele ba ipitsa Bahurutshe ba ga Motlhware.
“Motlhware e ne ele setlhare sengwe se ba neng ba thibeletse mo go sone kwa Kurumane,” go bua jalo Kgosi Moses.
Dikgosi tsa bo ne, ka fa ba boletseng ka teng, e leng Mositwane le Kelapetseng, ba ne ba etela Kgosi Bathoen wa ntlha ba ya go ipega le go kopa tshireletso kwa go ene. Kgosi o ne a tlhopha Kelapetseng gore a etetelele morafe pele, ka ngwaga wa 1939.
O tlhalositse fa morafe o bone go tshwanela go ipitsa Baphadima, ka jaana Phadima e ne le mogwe wa bogosi yo motona kwa Kurumane.
Kgosi Moses a re ene o tsere bogosi mo go rragwe eleng Kgosi Moreri Phadima ka ngwaga wa 2003.
“Phadima o tsetse Kelapetseng, Kelapetseng a tsala Moses, Moses a tsala Moreri. Botlhe ba ne ba dirisa leina Phadima,”go bolela jalo Kgosi Moses, yo e ne a itlhophetseng go dirisa leina la  Moses, eleng sa ga rraagwe mogolo.
Leina Magoreapitse, le raya “magoro-a-dipitse,” lefoko le le tlhalosa macha a mabedi a a fitlhelwang kwa motseng la magoro-a-dipitse le magoro-a-petsana.
“Go ne go tewa gore dipitse tsa naga (Zebras) ka nako eo di ne di ka fitlhelwa kwa macheng ao,”go bolela jalo Kgosi Moses.
A re pele ga 1966, merafe e ne e sa tlhakane, mme e rile morago ga boipuso, Bangwaketse ba tlhakana le merafe e mengwe, mme ba ba etelela pele go re go nne morafe o le mongwe wa Bangwaketse.
Le fa gontse jalo, bone e le Baphadima ga baise ke ba dumele go bidiwa Bangwaketse.
“Re tsweletse ka go tshegetsa ngwao ya rona ya Baphadima. Bogolo jang ya nyalo, jaaka e le go re re farologana thata le Bangwaketse fa go tsiwa kafa tsamaisong ya lenyalo. Ga rena kgomo ya motlhakanelwa,” go bolela jalo Kgosi Moses.
Mongwe wa banni ba Magoreapitse Mme Tshiamo Poulo, o tlhalositse go re go gorogeng ga merafe e , kwa lefelong le, Batlhaping ba ne ba ya go nna kwa gaufi le  lecha la Sehikile, Baphadima ba nna fa lecheng la Magoro-a-dipitse mme Barolong bone ba nna kwa Mokakakgang gone fa motse o leng teng gompieno.  
Motse o o humile mafelo a Bojanala mme morafe o ikgantsha ka setlhare se Tautona wa ntlha Sir Seretse Khama a ne a se tlhophile sa Mokala.
Ba dumela fa ditso tsa sone, bogolo jang go itapolosa ga ga tautona fa go sone (camp site) go ka ba tsisetsa bajanala.
“Ga re kgakala le dithulaganyo gore lefelo le lesirelediwe. Le bidiwa mokala wa ga Seretse,” go bua jalo Rre Geffrey Khoane, modulasetilo wa Magoreapitse Development Trust.
O tsweletse a re Trust ya motse e alotse leru le le ne le sa jeseng morafe diwelang, la go tlhoka letseno.
“Lefelo la lecha la magoro-a-dipitse ke teemane ya motse ka go sena moletlo ope o o diragalang kwa motseng, e bile batho ba sa le etele go ya go itsayaditshwantsho,” go bolelela jalo Rre Khoane.
O tsweletse a re e re ka jaana lefelo le le lentle, le le gautshwane thata le tsela ya Trans Kalahari , le ka ngoka bajanala mme la dira letseno, ka ba batla gape go aga lefelo la boroko la baeng mo lefelong leo.
Rre John Ikgopoleng, mokwaledi wa Mogoreapitse Development Trust, a re fa ba weditse dipuisanyo le ba lephata la tsa bojanala, ba tlaa buisanya le ba tlhokomelo ya diphologolo gore dipitse tsa naga di boele gape mo motseng.
“Se se tlaa re thusa go tlhalosetsa batho botoka ka leina la motse wa rona,” go bolela jalo Rre Ikgopoleng.
A re ba ya go dira gape lefelo le Bahurutshe ba gorogetseng teng fa batswa kwa Kurumane gore e nne lefelo le bajanala ba ka lemogang ditso le ngwao tsa bone ka kakaretso ka go dira cultural village.
A re khansele ya Borwa e setse e dumalane le go ba thusa ka madi go tlhabolola lefelo leo.
Fa a mo tlatsa, Mme Onkabetse Ikgopoleng a re ke Bahurutshe ba ga Motlhware ba bina tshwene.
A re fa ba ipoka bare:  ke Bahurutshe ba ga mma modisana phatshwana, tsanthaka tsa hologa ditshwene, tsa ga Malope a ga Masilo. A ga lo a re tladi ga e ke e ralala motse, ke e bone e ralaletse motse malaloba. Bahurutshe lo ne lo otlolotse letsogo kaba ka bona noga e itoga semelemete mo mosimeng, e e ise etswe yotlhe. Tshwene e ga e ke e itlhoma fafatshe letalapa lele teng.
Mme Ikgopoleng gape o ne a gatelela maikaeleleo a bogogi jwa motse, a go re sekano sa bone sa tshwene se pegwe jaaka sefikantswe mo kgotleng go supa gore ba binang.
Fa a bua boemong jwa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Gobopaone Kgontshane a re komiti ya motse e tlhabolola motse ka letseno ka go hirisetsa  badirelapuso matlo.
O tsweletse a re ba agile matlo a ferabongwe, a mararo e le a mmu, mme mangwe ba agile ka letseno la Constituency Community Projects  (CCP) Fund. Mme Kgontshane o ne gape a re ba agile leobo la kgotla, ba agelela lefelo la matlakala, ba agile ofisi ya kgotla, ntlwana ya boithomelo e e dirisang metse, ba agelela lefelo la letamo la Ipelegeng e e kgonang go nosetsa ditshingwana tsa merogo tse banana bangwe ba inaakatseng le go di dira, ba agile maemelo a go letela dipalangwa tsa setshaba ba bo ba aga gape le ofisi e e beelang dipeo le didirisiwa dingwe tsa temo. A re dikgwetlho tse ba kopaneng natso segolo ke letlhoko la letseno mme ba ne ba kgona fela ka go bitsa morafe le kgosi gore go nne le megopolo e e farologaneng go hema mathata.
BOKHUTLO

Buy Online Now!