Volume 65 December 2026-January 2026 : Polelo

Phetogo ya seemo sa Loapi

Author : Aubrey Maswabi

Manokonoko a phetogo ya seemo sa loapi a tsweletse ka go jesetsa balemi le barui mo kgobedung ka jaana le dipaka tsa ngwaga ga di sa tlhole ditshwana le pele.    
Balemi ga ba sa tlhole ba tlhaloganya gore dijwalo tse di siameng ke dife e bile di tsaya sebaka se se kae gore di bo di setse di ntsha maduo.
Monongwaga, bangwe ba beile tema ka nako tsa go lema mme ga nna le dipula tse dintsi tse difeletseng di kgoreletsa kgolo ya dijwalo.    
Kgwetlho e, ya seemo sa loapi ga e a lebagana le balemi fela, le ka fa baruing e tsentse tlhako kgamelong.
Mafudiso a fetogile dikaka fa bontlhabongwe bo fetogile dikgwa tse di kitlanyeng e bile leruo le sa kgone go fula mo go tsone.    
E rile go lemoga se, puso ya tsaya matsapa a go dira gotlhe mo go kgonagalang go leka go nonotsha temo thuo go e busetsa mo seemong sa yone sa pele ka go tla ka methale e mengwe e e itebagantseng tlhabololo ya mafudiso a a tlhakanetsweng.
Tautona Advocate Duma Boko o ne a simolodisa semmuso lenaneo le le itebagantseng le go tlhokomela tikologo ya mafudiso a a tlhakanetsweng (Ecosystem-based Adaptation and Mitigation in Botswana’s Communal Rangelands) kwa Tsabong, maikaelelo magolo e le go tokafatsa seemo sa thuo.
Tautona Boko a re seemo sa thuo mo lefatsheng leno se ne se ntsha maduo a a kgotsofatsang ka sene se ntsha boleng jwa masome a mane mo lekgolong mo go tse di godisang itsholelo (40 per cent of the GDP) jaanong se wetse ko go 1.7 mo lekgolong.
A re tse tsotlhe di bakilwe ke mabaka a a farologanyeng a akaretsa maemo a seemo sa loapi a a sa nametseng, leuba le le tsereng dingwaga tse dintsi le letlhoko la pula e e sa tshepegeng kana e e sa neng ka nako e e tshwanetseng.
Tautona Boko a re lenaneo le, maikaelelo a lone ke gore lefelele le ama batho bale 247 000 mo metseng ele 104 mo dikgaolong tsa Kgalagadi, Bobirwa le Ngami go tsholetsa seemo sa itsholelo ya malwapa.
“Maikaelelo a rona ke go leleka lehuma ka kgoro tsa metse gore batho ba rona ba kgone go tshela matshelo a  a botoka e bile ba na le seriti,” a tlhalosa.
O tlhalositse gore bangwe ba batho ba ba tshwanetsweng ke go akola lenaneo le ke ke banana, bomme le ba ba tshelang ka bogole.
A re puso e ntshitse P1 billion go a kopanya le a ntshitsweng ke ba lekgotla la Green Climate Fund le ba Conservation International go bona gore lenaneo le le a diragadiwa.
Mme Portia Segomomelo, go tswa kwa lekgotleng la Conservation International a le mo Botswana a re lenaneo le, le dirwa go itebagantswe bogolo thata le go babalela mafudiso a a tlhakanetsweng, bogolo jang go lebilwe mo tisong ya leruo, gore di fulele ntlha e lengwe gore ntlha e nngwe ya mafudiso e boele mo seemong se se botoka go itsa kgotlhego ya mmu le dimela tsa lefelo leo. Fa mogolwane go tswa kwa Conservation International mo kgaolong ya Afrika, Rre Jimmiel Mandima a re lekgotla la bone le simolodisitse lenaneo la ngwaga di le lesome la kgaolo ya Afrika.
A re maikaelelo ke go somarela tikologo ya diekere di le dimmilone di le lekgolo (100 million hectares) e le sengwe sa tse di ka kgonwang ka go tshwaraganelwa ke mebuso le ba ba dirisinyang le yone.
Modulasetilo wa barui ba ba ikgobokantseng ba Mokala Farming Community, Rre Segomotso Ntau o kopile Tautona Boko gore a ba thuse ka diphoko le diphelefu tsa maemo a ntlha tse di fitlhelwang kwa polasing ya Lobu.
A re ba kopa jaana gore ba kgone go tlhabolola seemo sa dihutshane tsa bone, gore ba ntshe leruo le le itekanetseng go itepatepanya le se matlhabelo a se tlhokang.
Rre Ntau  a re fa seemo se se ka kgonega, bone le ba polasi ya Lobu ba ka rekisa ka go rafolana gore matlhabelo a seka a tlhoka dihutshane ka lepe letsatsi.
Fa a tswa la gagwe, Kgosi David Toto II wa Tsabong o kopile barui go tshwaragana le puso go bona gore lenaneo le la mafudiso a a kopanetsweng le atlege, ka se se ka ba thusa gore mafudiso a bone a seka a kgotlhega mme ka jalo ba ntshe leruo lwa tlhwatlhwa. BOKHUTLO
   

Buy Online Now!