Volume 65 December 2026-January 2026 : Polelo
Poko e tsholetsa serodumo sa puo ya setswana
Author : Aubrey Maswabi
O ne a opile kgomo lenaka motsalwa pele fa a re setshwarwa ke ntja pedi ga se thata. Setswana se, se netefatsa gore, fa gotwe mmatla kgomo kodumela o etse mhata sediba, ga go na nnete epe e fetang e ka gore motho o ka tsoga a bone mofufutso wa phatla.
Edwin ‘Serurubele’ Moroka le Emmanuel Boefelo, ba supile se, ka go tlhoka go neela tshwene marapo mo tirong ya go tsosolosa Setswana ka poko mme ba tla ka lenaneo le ba le biditseng Ntwa ya Puo.G
Ntwa e ya puo, ga se golwa, mme ke moletlo wa poko e bobedi joo, ba duleng ka one ka ngwaga wa 2019.
Moroka a re maikaelelo ga se go gaisana, mme ke go tsholetsa serodumo sa puo ya Setswana lefatshe ka bophara.
“Moletlo o ke o kopanetse le Boefelo, mme re tladitswe ke baboki ba bangwe jaaka dikgantshwane Moroka Moreri, Dr Lame Pusetso wa Poetic Blood le bana ba Sekhutlwana sa Bannye Academy,” ga bolela Moroka.
O tlhalositse gore ba ntse ba o dira ngwaga le ngwaga, mme jaanong o nna kgwedi le kgwedi, maikaelelo e le gore go nne le fa poko e bonelwang teng.
A re ba dumalane gape go tswelela ba natetsha moletlo wa mofuta o ka dikatara le dipolelo tsa mainane tsa Batswana.
“Moletlo o wa ntwa ya puo, o na le puo ya Sekalaka, le diteme tse dingwe jaaka Sekgalagadi. Maikaelelo a poko e gape ke go gasa melaetsa ka tse di diragalang fela jaaka lefatshe la Botswana le wetswe ke seru sa kgokgontsho ya bong” ga tlhalosa Moroka.
A re moletlo o tsenwa ke magosi, morafe le bana ba dikole.
Mothusa Ratoropo ya Gaborone, Mme Mmankie Sekete o kaile fa moletlo o ikaelela go tsholetsa puo ya Setswana.
O boletse gore baboki ba tshwanetse go itshetsa ka poko ya bone, a re e tshwanetse go nna bontlha bongwe jwa go oketsa ditiro, le go re e rekisediwe batswakwa le bajanala gore ba ithute teme ya Setswana.
Kgosi Bone Gobuamang o kopile gore fa Tautona Advocate Duma Boko a tsamaya le kwa mafatsheng a sele, a ntsamae le mmoki.
A re puo le mmino wa Setswana di tshotse Setswana se se nonneng, a tlatsa ka gore dipuo tsotlhe mo Botswana di tshwanetse go rutwa kwa dikoleng tse dipotlana go re Batswana ba ipela ka dipuo tsa bone tse di farolonaganeng. BOKHUTLO



