Volume 65 December 2026-January 2026 : Polelo
Motsentshe o itlama go lere ditlhabololo
Author : Idah Basimane
Dikhilomethara di le masome a matlhano go tswa kwa toropong ya Lobatse, o latlhela matlho ko bokone botlhaba jwa motse wa Mmathethe, go aname motsana oo itsegeng ka leina la Motsentshe.
Morafe wa motsana o ke wa ba ga Matshaba le kgomo, ba setlhong ga sehuparelwe, Bangwaketse.
Ba tlhakane le Bahurutshe ba Dinokaneng ba bone ba tlholegang kwa Aferika Borwa.
Bahurutshe ba, ba fitile ba thibelela fa lentsweng le le bidiwang Kgoro gompieno, ka dingwaga tsa bo 1800.
Ba ne ba sia ba tshaba dintwa tsa basweu ba ka nako eo ba neng ba lwantsha merafe e e farologaneng ba batla lefatshe.
Fa o tsena mo motsaneng o, o kgatlhantsiwa fela ke ditlhare tsa magonono tse e reng fa o ntse o tsamaya o bo o ka wela lelapa le na le ntlo e e magasigasi.
Malwapa a motsana o a katologane thata mo go dirang gore go nne bokete gore bakapa ditshwantsho ba ka o tshwantsha.
Palo ya batho ya ngwaga wa 2022 e supa fa o na le batho bale 365 fela mme Motsentshe ga o ise tlhomamisiwe ka fa molaong jaaka motse, mme o na le sekolo se se botlana, kokelwana le diofisi tsa temo thuo.
E rile fa bukana ya Kutlwano e jetse nala motsana o, ya feta e kgatlhiwa thata ke mafelo a a morafe o eletsang go a fetola go nna a bojanala.
Rre Seleha Lepodisi, mothusa Ralekgotla a re lefelo le le bidiwang Mabati ke lone le boeteledipele jwa Motsentshe bo le tlhomileng leitlho gore le ka nna la matlotlo a bojanala me lefelo le le na le matlapana a go belaesegang a ka nna a Granite. “Ka na ka tshwanelo go kgonega gore fa e le gore go lemongwa sengwe go ka dirwa mmaene golo fa, ra tla ra kgona go atolosa serodumo sa motse wa rona,”go bolela jalo Rre Lepodisi.
Fa a bua ka lecha la Kgonkwe, a re ba na le mogopolo wa go le agelela go dira lefelo la itloso bodutu la ditso (Cultural Village), e ba solofelang thata gore e tla solegela motsana mosola.
O ne a re mananeo a go nna jaana go balelwa le lecha la Tladingwane a supa gore motsana wa Motsentshe o humile ditsa tlholego.
Rre Lepodisi o tsweletse a re motse wa bone o ka tswa o simologile ka ngwaga tsa bo 1982.
Fa dingwaga di tswelela, a re rre mongwe wa leina la John Makele, o ne a kokoanya morafe a dira sekolo se a neng a se bitsa sa dithuto tsa temo, ntswa se ne ruta dithuto tse di farologaneng.
Fa a tswa la gagwe, Kgosi Phatsimo Mahahelo a re Motsentshe o aparetswe ke mathata a go nna le boitseme le go nna maoto a tshupa ga banana go tsenelela diphuthego. O ne a re o gakolola banana go ikitaya ka thupa fa go buiwa ka motse wa bone.
“Kana go tsenelela diphuthego, ke go re bautlwe ka mananeo a puso a ba ka a ithutang go fokotsa letlhoko la dititro le ba lelalang ka lone,” ga tlhalosa Kgosi Mahalelo.
O tsweletse a re bogodu jwa leruo le jone bo tsentse tlhako kgamelong, a tlatsa ka gore matlo a barutabana a mo seemong se se sa jeseng diwelang.
A re ditsela tsa motsana o, ga ditsamaege ka nako tsa dipula, selo se se bakang bana bangwe go tsena dikolo kwa metsaneng e tshwana le Gatampa le Machana e e kgakajana le one.
Fa a latlhela la gagwe, mogolwane wa motse Mme Kesegohetse Phoga a re Molatswana o o ralalang motsana o, o tswa borwa o tshela kwa nokeng ya Moselebe, ke one o motsana o bidiwang ka o ne. Le fa go ntse jalo, o tlhalositse gore ga ba na kitso e e tletseng go re lefoko Motsentshe le raya eng.
Mothusa modulasetilo wa komoti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Diane Mosimanegape a re ba kgonne go dira sediba se se epilweng ka 2008, sa ba sa gokelelwa motlakase o o neng o gogwa kwa Mmathethe.
“Re ne re dirisa madi a ditlhabololo tsa kgaolo a a kanang ka P125 000. Ga re ise re tle mo seemong sa go nna le lekgotla la Trust mo motsaneng wa rona. Le fa go ntse jalo, re kgonne go dira mogotlha le ntlo e re berekelang mo go yone, re thusiwa ke ba khansele ya Good Hope,” go bolela jalo Mme Mosimanegape.
O tsweletse a re, ba na le lenaneo la go ikopela setsha sa go re batle ba rue dikoko, ba dire ditshingwana tsa merogo le maungo go re batle ba bone letseno go tlhabolola motsana.
Dikeletso tse tsotlhe di tlaa godisa motsana wa bone gore o helele o tlhomamisiwa jaaka motse mme o akole mananeo a a oketsegileng a ditlhabololo. BOKHUTLO


