Volume 50 Issue 6 - June 2012 : Polelo

Tlhotsa pele ga se eswa pele

Author : Wendy James

 

Kgarebe ya marata go lejwa Puleng, o ne a sa bolo go lwala ka lobaka lo loleele. Batho ba motse wa Goo-Nku ba ne ba sa bolo go mo latola a tshela. E ne ya re mogolowe nako nngwe a tswa Goo-Nku a kopile sepalamo mo rreng mongwe go ya go lekola monnawe, fa koloi e tsamaya fa  marekisetsong a Matlhaselwa kwa Gabane, ga tsena mogala o o neng wa mo kgaola pelo mme motho a mmotsa gore “A ke nnete monnao o tlhokafetse?”

Mogolowe Puleng a thubagana ka selelo a botsa moletsi wa mogala gore o di tsaya kae tseo. “Mma, ke ya go tlhola nnake fa ke riana, ga ke itse gore ke eng fa le mo latola a tshela.” Moletsi a akgela, “Nnyaa mma, o tlaa intshwarela, ke utlwile batho ba ba neng ba tswa go mo tlhola maabane ba tsere dikgang fa nokeng ya Tloaneng, ba re Puleng go beilwe kobo fela e bile letsatsi ga le ka ke la mo tlhabela.

Mogolowe Puleng a o tlhoka a o rwele. Monna wa sepagangwa o ne a ithaopa go tsamaya le ene kwa kokelong ya Marina, gore a se ka a latlha motho a ntse a bona a tlaletswe. Fa mogolowe Puleng a tsena ka nako ya go tlhola balwetse ya bongwe, o ne a remegile ditokololo, a bona go le botoka go kopa baoki go mo tlholela fa Puleng a robetseng teng. Mooki a dira jaaka a kopiwa, ya re a boa, a fitlhela Puleng a itshwere molomo mme a mo araba ka go re, “Ee mma, o teng e bile gompieno o ntshitse matlhonyana, le go bua o a bua.”

Mogolowe Puleng wela matswalo, a atamela fa bolaong jwa gagwe. A  simolola go kgothala jaanong, a mo jesa bogobe le morogo tse a neng a di pakile, molwetse a ja gore a bo a kgore.

Molwetse mongwe yo a neng a bapile le Puleng, a tlhalosetsa mogolowe Puleng fa go na le bomme bangwe ba babedi ba ba tlholang Puleng mo maitseboeng ka nako ya bosupa, mme ka dinako tsotlhe o ka fitlhela ba bua bua dipuo tse di botlha fa ba ka fitlhela Puleng a sa ntsha matlho. A re ba tlaa bo ba ntsha kobo mo matlhong a molwetse, fa a sa bonyebonye ba bue ba re “di fula di bapile le lengope” yo mongwe a akgele “pitsa e budule”.

Ga twe bomme ba, ba ne ba atisitse go mo tlhola fela ka nako ya bosupa ka ba itse gore ba losika ba kgakala, ga ba ka ke ba kgona go tla go mo lekola. Motho o ka ipotsa gore a gone mme ba a bo ba a sha ntshi ba ogola eng? Fa puleng a tlhokafala, ke eng se ba yang go se ja, ka le yone thiri fela ya gagwe ga ba ka ke ba e fiwa?

Kgang ya mofuta o, e ne e tsenya batho leferetlho gore batho ba se ka ba tlhola ba lekola balwetse fa ba sa sikane ka gope. E bile e dirile go re batho ka bontsi fa ba lwalelwa, ba lobe go re ngwana wa bone o robaditswe kwa kokelong ka gore ba tshaba bobaba, bangwe ba itira basiami e le diphiri tse di apereng matlalo a dinku.

E le ruri kgwedi tsa mariga Seetebosigo le Phukwi di na le serame se se utlwisang botlhoko. Fa o robaditswe kwa kokelong, o utlwa botlhoko jwa ditlhabi le jwa serame ka dikobo di tlhaela. Ga twe Puleng o ne a rapela bosigo le motshegare gore a gololwe, a ye go okelwa kwa lwapeng. Kana bolwetse bo bofefo go tsena motho mme bo tswe ka bonya jwa noga ya lebolobolo.

Puleng yo o neng a agile gone kwa motseng wa Goo-Nku, o ne a gololwa kwa kokelong ya Marina. Le fa gone a ne a fedile go setse marapo fela, mme o ne a na le tshepo ya gore Modimo o mo fodisitse. Ga twe letsatsi le letsatsi o ne a a ja marapo a tlhogo ka lekwalo la Isaiah, kgaolo ya masome a matlhano le boraro, temana ya botlhano. O ne a bontshiwa gape lekwalo la Johane wa lesome le bongwe, temana ya bone mme o ne a kgothala le go feta.

Bolwetse ke phologolo e e tlisang matlhotlhapelo mo lelwapeng. Bo ka go thubela lelwapa, ba go senyetsa tiro, ba go senyetsa botsogo le go go humanegisa. Mo go Puleng, ene o ne a sa kgathale ka tse dingwe, selo se segolo se se neng se mo utlwisa botlhoko e ne e le jaaka monna a mo tlola setoto a ya basading. Ya re nako nngwe Puleng a phunya kgang,

“Rra, tota fa o sa mphe lorato ke lwala jaana, a o batla ke bolawa ke pelo go na le bolwetse jo bo ntshwereng?

Monna a itlatsa bogale, a mo leba ka modilo, “Kante wa re ke go reng? A o batla ke go kuka, ke eng o sa ye ga lona fa o bona o sa tlhokomelesege?”

Monna wa ga Puleng a bo a kgotlhile motshitshi wa semane. Puleng a di mmolelela gore jaaka fa a lwala malwetse a tlhakanelo dikobo jaana, ke ene a tswang go a mmapalela. O dule letsholo, a tla a mo gogoletse makoa a ba ntseng ba se na one mo lwapeng. Monna a gana go utlwa one a, a mo kgogogela jaaka nare e rumutswe, a tshosetsa le go mo tsenya seatla. Fa a wela, ke fa a mmontsha tsela.

Wa mosadi a bona gore ga e ntsha e kgologolo, a re kgomo e swa e ragaraga. Le ene o ne a tshwanelwa ke go ntsha mahatlha a gagwe fa go nna jaana. A bolelela monna gore o tsenwe e bolwetse na tlha ya go tlhoka boitshwaro ga gagwe mme mo nakong eno o a mo koba, ya lebagana merogolwane ya tsatsing. A mmolelela gore basadi ba a tlholang a ba tlhatlologanya ba, ba tlaa mo epela lemena.

Monna a tsaya dilwana tsa mosadi, a di gasagasa mo patlelong a re a mo tswele ka kgoro.

Tsa tswelela dipuo tsa melelwane ya masimo. Wa mosadi a selasela mesesenyana ya gagwe a ntse a thekesela ka marapo a a bokoanyana, o ka re a kgokong go le selemo. A  leba ga mmaagwe, ga a bo motho, kwa go thebephatswa. Puleng o ne a bona kamogelo e kgolo kwa ga mmaagwe, bomogolowe le masika ba mo oka ba sa fele pelo.

Kgang ya gore bangwe ba ne ba mo tlhola kwa Marina ya simolola go tswa gone fa. Ka e ne e le manong, ba nna ba letile, mongwe wa bomme ba ba neng ba tlhola Puleng kwa kokelong ka go iphitlha, a tswela tswaing, gore o jela mo mogopong o mosweu le monna wa ga Puleng ngwana a tsholwa, batsei ba molelo ba bolela fa a tshotswe a na le mogare wa HIV.

“Go riana fa bomme ba, ba ne ba ntse ba re go beilwe kobo fela, pitsa e budule, ba ne ba batla ke tlhokafala ba tle ba tsene mo lelwapeng la me ka phuthologo? Yo Modimo ga o je nkabo. Tlhotsa pele ga se eswa pele.”

Dikgwedi tse pedi di sena go feta Puleng a ntse a okelwa kwa ga bone, a fola jaaka bogobe. A boela mo setshwanong sa gagwe, a photlile tloo! Owaii! Fa ba ntse ke fa ba kuelwa monna go twe dintho di mo apesitse legano jaaka dimone tsa potsanyane, o na le beke a sa je. Ka mowa wa kutlwelobotlhoko, Puleng a boela kwa ga gagwe a re o ya go oka monna. Owaii, e rile go tsena, a mmatlela sepagangwa go mo tseela fa bookelong jwa Gabane. ya re ba mmaya matlho, ba mo fetisetsa kwa Marina.

 

Ya re go goroga, ba mo dira ditlhatlhobo tsotlhe, ba tshwara bolwetse jwa Aids bo setse bo jele motho. Ga twe dingaka di ne tsa tlhalosa fa masole a mmele a le kwa tlasetlase. Mogatsa Puleng a balelwa le badimo.Boidiidi jwa batho bo ne jwa tswa khutlong tse nne tsa lefatshe go tla go gomotsa Puleng, tota ka ba itse ka fa a sotlilweng ke monna yo ka teng.

 

E re ka go tlwaelesegile go re mo diphitlhong go buiwa bontle ka baswi, mo phitlhong ya ga mogatse Puleng go ne go buiwa se se pharologanyo.

Bontsi jwa dibui di boletse fa e le moipolai yo o sa lelelweng, yo o kobang mosadi a lwala, jaanong ke fa matlhale a jele beng. E le ruri e ne e le phitlho ya segosana, e omogetswe ke bo “a u utlwile, a o mmone?”.

 

Morago ga dibeke tse pedi mogatsa Puleng a ntse a fitlhilwe, ke fa go latolwa ngwana le mme yo o neng a a sala a a tukisa molelo kwa Puleng fa a ile go okelwa kwa ga gabo. Tiragalo e e botlhoko e, e ne ya kgothatsa Puleng go thama mokgatlho wa bomme mo motseng wa Goo-Nku.

 Maikaelelo a mokgatlho o, e ne e le go kgothatsa bomme ba ba gateletsweng ke borre mme ba itswaleletse, ka jalo a ba ruta gore fa mme a bipa mpa ka mabele, ke ene a aramelang mosi wa kgong tse di metsi. Mokgatlho o, o ne o ama dintlha tsa mogare wa HIV le bolwetse jwa Aids, kankere ya molomo wa popelo le kgokgontsho ya bomme mo malwapeng.

 

Puleng e ne ya nna sekgantshwane sa motse le setshaba ka kakaretso. Mo dithutong tsa gagwe, o ne a kgothatsa batho go baya Modimo kwa pele ga sengwe le sengwe mme o tlaa ba fenyetsa, ka gore mo Modimong ga go na se se ka palang.t

Buy Online Now!