Volume 50 Issue 6 - June 2012 : Others
Mokgoro o o kwa Kolobeng ke wa ga mang?
Author : Mothusi Soloko
Go tswa goo-Lowe, motlha o monna yo e neng e le moruti e bile e le motsamai, Rre David Livingstone, o ne a thibelela teng le Bakwena ba ga Kgosi Sechele. Go bonala gore ba ne ba nna sebaka koo ka go na le dilo dingwe tse bomaitseanape ba ntseng ba di farantlholola gone kwa jaaka dingwe tsa didirisiwa tse batho bao ba neng ba di dirisa.
Le gompieno jaana, matlotla a ga Rre Livingstone a sa le foo le sekole sa mohumagadi wa gagwe, Elizabeth, le o ne a sa le teng.
Mabitla a mosetsanyana wa gagwe a a neng a bolokelwa teng le borre ba babedi ba batsamai, le one fela jalo a sa le teng. Ka sewelo, bajanala go tswa kwa lefatsheng la gagwe la Scotland ba a tle ba etele koo go latlhela bofofu.
Kana Livingstone e ne e le monna wa Modimo, a bo a sokolola Kgosi Sechele, jaanong bangwe bomarata helele ba akanya gore gongwe sefapano se se mo gare ga thaba se, ke sa ga David Livingstone. E ne ya re ngwagatlola, babegadikgang ba kuelwa badumedi ba le babedi ba ba neng ba tsewa ke metsi ka nako ya kolobetso.
Tota go ne go dumelwa gore ba tserwe ke noga e e nnang foo ya metsi, e bangwe ba ba reng ke kgogela. Noga e, e tumile thata mo Kumakwane. Bagolo ba e bua ba sa kgwe mathe, ba bolela dinaane di le dintsi tse di farologaneng.
Ba ba e itseng ba re e a tle e iphetole Lekgoa la mosadi, bangwe ba re e iphetola nku, dipuo di nne mafaratlhatlha. Mme ka bo ke le mongwe wa ba ba mo letsholong la go batla badumedi ba ba tserweng ke ‘kgogela’ jaaka e bolelwa.
Malatsi a feta a le mararo, ra se ka ra tswa ka sepe go fitlhelela ba sesole sa Botswana ba re tswa mokgosi.
Ya re mariga a a latelang, ka ikgata motlhala, ka tsamaya le mongwe ka nna e bong Mpho Mosepele, mme tota ke se mo letsholong la badumedi, jaanong ke batla go bona gore a ga go sepe sa masalela a Bakwena se ke ka se bonang. Tota ke ne ke sa tswa go goroga go tswa Victoria Falls kwa Zimbabwe, lefelo le lentle le go tweng le ne la bonwa la ntlha ke ene Rre David Livingstone, jaanong ke nyoretswe go itse thata ka rre yo.
Re gorogile go sa le moso, ra gorogela gone mo ga David Livingstone ra tsamaya jalo le matlotla a gagwe, re patilwe ke babereki ba lefelo. Ra tsamaya le one ka iketlo le dibuka ra ba ra di bala mme ra se ka ra fitlhela sepe se sesha.
Ya re fa re tswa foo, ra gwaela thaba, tota tumelo ya me e le gore fa e le nnete gore Bakwena ba ne ba nna mo lefelong le, ba tshwanetse gore ba bo ba tlogetse sengwe mo thabeng.
Tota e bile ke ne ke kile ka bua le Kgosi Kgari mme a bua gore tota ene ga a itse sentle gore ga twe go ne go diragala eng gone koo.
Kana gongwe didirisiwa tsa Bakwena le ene Rre Livingstone di setse gone mo Thabeng. Ra phuruphutsha, ra se ka ra bona sepe.
Mokgweetsi wa rona, Rre Molale, ene e bile a setse a lela ka tlala, ra seka ra mo reetsa, ra tsena ka fa ra tswa ka fa. Ra bona ntshenatshe!
Ra fitlhela dilo tse go lebegang e le tsa ngaka tsa setso le tsone tsa bakereki tota. Mo go tse di neng di hakgamatsa e ne e le mosese wa kakwa teng wa mosadi o bapotswe ka dipekere mo setlhareng. Go ne gape go na le dikerese tse go bonalang di ne di tshubilwe.
Ya re fa meriti e boa, jaanong ra fologa thaba, ra wela mo mokgorong o o dirilweng ka marako. Ra sianela fa matlotleng a ga Livingstone go tlhaba mokgosi mme le bone ba bolela gore ke la ntlha ba bona sefaapano seo.
Magosi a Kumakwane le one fela jalo, ba tlhalosa fa e le lwa ntlha ba bona sefaapano ba bo ba gakgamalela bogatlhamela masisi jwa rona.
Ra ema ra ipotsa gore tota mme sefaapano se se ka bo se dirilwe ke mang le gore tota o ne a se direla eng mo thabeng. Ya re fa re goroga kwa tirong, bagolwane ba se ka ba ntsaya tsia, le lekwalo le ke neng ke le kwadile ka mosepele o tota ba se ka ba le gatisa. Le gompieno jaana ke ntse ke na le tumelo ya gore mokgoro o wa lerako, o na le bokao bongwe.
Fela ke belaela gore gongwe se ka tswa se agilwe ke Bakwena le Rre David Livingstone, kgotsa e ne ya re bogologolo dikereke tsa e aga.
Mme fela go sa kgathalesege gore se agilwe ke mang, fela gore se bo se le mo lefelong le le boitshepo le monna wa Modimo e bile e le modumedi a neng a nna teng a rapelela batho a bo a ba kolobetse, se tshwanetse sa kanokiwa. Mme nako kgolo ke eno ga go nko e tswang lemina.



