Volume 65 December 2026-January 2026 : Polelo

Moengele wa lefifi

Author : Kelemogile Ramasu

 

Dilo di simologile fela fa ke sena go tlhokafalelwa ke batsadi ba me boo babedi mo tseleng ya Serowe Palapye fa Masama.

Golo fa Masama fa gona le dipolelwana tse dintsi, batho ba bolela fa go na le dipoko tse di bakang dikotsi ka go iphetola dikgomo le batho.

Ga re itse... le gale batsadi ba me bone ba fokoleditswe malatsi a go tshela fa mokoko o pitokologa ka bone.

Botshelo jwa me bo fetogile motsing oo.

Morago ga phitlho ke ne ka tsewa ke malome e bong Keerate, a ikana fa pele ga Batalaote gore o ya go ntlhokomela,kante ene o fitlhile bonokwane.

Ke tshotswe ke le ngwana esi wa mosetsana.

Ke ne ka tswelela mo sekoleng ka fa tlase ga tlhokomelo ya monna yo o sebeto yo.

E rile fa ke tla go nna dingwaga di le lesome le boraro, dilo tsa simologa go fetoga mo lwapeng la ga malome.

F e le mmamalome ene a simolola go nna letshwenyo mo go nna.

O ne a aga a mpolelela fa ke le seitaodi, ke rata banna le gore ke tsile go ba golega ka go ima.

Tota le fa dipuo tse di ne di buiwa, ke neke sa tlhaloganye gore ga twe go buiwaka eng ka ke ne ke le kgwaa mashi.

Mo lwapeng le la ga malome, go ne wanatse oveme ba ga mmamalome. 

Ke ne ke tshela kaselelo sa khuranyo ya meno, ke sotlwake batho ba go tweng ke masika.

Go goleng ga me ke ne ka itemogela diphetogo di le mmalwanyana.

Ke neka simolola go tswa diolamelora le gotsenya mmele.

Se se ne sa ntlhabisaditlhong e bile sa ntshosa mme ke neka gololesega fa ke sena go ithuta ka dilo tse mo thutong ya maranyane kwa sekoleng.

Mmamalome o ne a ntlhoa sa katse le ntsa ka gape ke ne ke ba gaisa kwa sekoleng.

Botshelo bo ne jwa simolola go nna boima fa malome a simolola go nna le dikgatlhego tse di sa tlwaelesegang mo go nna, a mpolelela fa a batla ditlhogo.

Ke gopola letsatsi lengwe a nkatamela phakela ke le fa leisong ke gotsa molelo go dira ditlhatlego.

O nea ntshwaratshwara ka mabele, pelo yame ya iteela kwa godimo, gore ke kue,a lemoga se mme a mpolelela gore ke seka ka bolelela ope.

Letsatsi leo, ke ne kahutsa gore ke eng tota ke tshotswe ke lengwana wa mosetsana.

Kwa sekoleng go ne ga simololago nna thata, fa ke re ke leka go tsenya tsa go nna jaana.

E rile fa ke bula mojako,ka mmona a shibitse matlho, a mpotsagore fa ke re ke mang a kokotlang ke raya

jang.

O ne a sa apara sepe kwa godimo, one a apere borokgwana jwa ‘mogodi ga abonwe mangole’.

Fa ke sa ntse ke akabetse jalo jaaka motho a bone sepoko sa moepo,a tswala mojako kwa morago a ntaela gore ke kaname mo phateng ya me.

Ke ne kadira jalo ka go motshepha le fa tota ke ne ke roroma ntswa go ne go le selemo.

Se Keerate a neng a se dira mo go nna se pala go tlhalosega ka se botlhoko fela thata.

O ne a ntaela gore ke tswale matlho mme o batla go ntira mosadi a bo a ntshosetsa gore ke se ka ka bua e seng jalo o tlaa nkgorisa kika.

Ke ne ka utlwa setlhabi sa ngwaga fa gare ga dirope tsa me.

Malome Keerate o ne a itlhakatlhakantse le nna, ke ne ka felelwa ke thata ka mo tlogela fela gore a tswelelele se a se dirang, e se ka go rata, e le ka go thoka go boitiro.

Morago ga metsotso ese kae a wetsa se a neng a se ikaeletse, ka sala ke le metsi a mofufutso wa gagwe.

Kene ka utlwa o kare ke tseetswe setho sa me motsing oo, ke le leswe, o ka re ke ka ikgwamathe.

Phakela fa koko ya ntlha e lela, ke ne ka tsoga ke tlhotsa ka gore setlhabi se se neng tlhogo mo dibukeng go ne go pala ka ke neke bona malome ka matlho a mahibidu a ntshwaratshwara mmele.

E ne e kare ga gona ope yo o bonang matlhotlhapelo a ke araletseng.

E le ruri ka dinako tse dingwe fa go nna thata, go nna yone thata ya lentswe.

Basetsana ba bangwe ba ne ba kgaba, ba a ja sentle.

Nna fa ke ka raya mmamalome ke reke tlhoka sengwe, o tla a nteba ka go ntilola ka molomo o le setsumpa ka ditsebe tse di magono.

E ne ya re letsatsi lengwe ke robetse mo sesoweng sa me, ka utlwa mokgwasa kwa ntle, e ne e le wa ga malome.

Ke ne ka tswelela le boroko jwa me ka dikojwana tsa ditonki, ke ipolelela gore gongwe o ne a koba ditonki mo jarateng.

Fa ke sa ntse ke robetse,ka utlwa monwana o kgwanyakgwana mo lebating.

Ka tlola ka nna ka marago ka kene ke sa tlwaela go kokotelwa ka dinako se dirilwe ke Keerate se ne se le botlhoko thata. Ke ne ka ikgoga fela jalo ke ntseke panka. Go ne go se na ope yo ke ka mmolelelang, mongwe le mongwe e ne e le mmaba wa me, fa e le batho ba borre bone ga ke bue.

Bone e ne e le dinoga tsa bofelo.

E ne e re fa ke bona motho wa rre ke bo ke akanya malome mme ke tla a tenega gore...

Kakanyo ya go ipapisa le setlhare e ne ya aga mo go nna.

Ke ne ka leka go metsa melemo e e bolayang dipeba mme ga gana,ka leka motu o o kokometsang ditlhako, ga nna ga retela.

E le ruri fa motho wa mme a sotlega o a sotlega.

Ka re Keerate ka mpa e e sekgotlho, monna yo o neng a sa tshabe go ka baya tau botsetse, a tswelela fela jalo ka go ikakola ka mmele wa me.

Botlhoko jo ke neng ke le mo go jone ke belaela fa bo feta matlhoko otlhe.

Kwa sekoleng go ne go na le morutabana yo mongwe jaana wa rre.

Ke gakologelwa letsatsi lengwe a mpitsa a re ke tle go mo thusa go phepafatsa ntlwana ya bobeelo jwa dibuka.

Ka dira fela jalo mme ya re fa ke sa ntse ke iname ka utlwa diatla tsa gagwe di mphoraphora mo dinokeng, ka gopola Keerate.

Ka ineela go fitlhelela a fetsa.

Seriti sa me se ne se ile, ke ne ke feletswe jaanong.

Mo Palapye go na le fa dikoloi tsa megobagoba di emang teng thata ka dinako tsa bosigo.

Ke ne ke utlwaletse ka bomme bangwe ba balekane ba me ba dirang madi ka teng le borre ba bakgweetsi ba dikoloi tse.

Ke ne ke se na boikgethelo mo botshelong jwa me, go ne go le thata ya lentswe.

Ke ne ke itaya lentswe ka le lengwe.

Ke ne ka ngwega mo lelwapeng le la bakgokgontshi.

Ka nna moengele wa lefifi, ke ja ka lefifi, ka e bile ke ne ke na le ditebego tse dintle, ka itlhakatlhakanya lebanyana ba bangwe.

Ke ne ka nna tsala le mosetsana yo mongwe jaana go tswa kwa Zimbabwe, a ntlhatlhelela ka magokonyane a kgwebo e e masisi e. O ne a nthusa go reka diaparo le ditlolo tse di tlhokafalang.

O nea ntlhophela sekete se sengwe jaana se sentshang dirope fela tsotlhe.

Basetsana ba ba neng ba le mo kgwebonge e le ruri ba ne ba tshela bokete.

Ba bangweba ne ba direla malwapa a bone madi a dijo le tse dingwe tse di tlhokafalang.

Kgwebo e ne e ntsenyetsa madi ka pele, bomadimabe e ne le gore ka dinako tse dingwe re ne re kopana le bareki ba ba dingalo.

Ba bangwe ba ne ba bua fa ba sa kgotsofala.

E le ruri go nna motho wa mme go botlhoko e bile fa o sa ineye sepe jaaka nna, e le se segolo. Dinako tse dingwe kgwebo e ne e kgoreletswa ke borre ba sepodisi fa phuruphutsha masigo ba batla dirukhutli.

Ka dinako tse dingwe ba ne ba a tle ba tshware bangwe ba rona mme ba ba latlhele mo diseleng.

Ke gakologelwa letsatsi lengwe ke sa dira sepe mo bosigong jo bo fetileng, letsatsi leo ke ne ka itewa ke ramatheka yo o botlhoko e le ruri.

E ne ya re sigong joo, ka kopana le monna yo mongwe wa Leburu.

E ne ya re a sena go itimola lenyora, a gana go duela, ya mpota ka kwa morago e e sa ileng mmotlana.

Ke ne ka mo tshwara ka molala batho ba borre lebaibai.

Ke ne ka tswala lebati la teraka ya gagwe ga se ka ga nna le ope yo o lemogileng.

Dipatlisiso tsa loso lwa monna yoo tsa felela fela mo phefong, go se na le fa e le moswadile ope fela.

Ke ne ka itsenya mo sekgapheng sa khudu dibekenyana go fitlhelela kgang ele ya setopo e felela mme moragonyana ke ne ka boela ‘tirong’ gape.

Botshelo jwa me e ne e le jone joo.

Kwa ga Keerate kooteng ga ba ise ba itshwenye ka go botsa gore ke kae.

Ba ne ba ikakola ka go ja boswa jwa me.

E bile ke ne ke utlwaletse go twe mmamalome ene, o itumetse mo e leng gore o setse a none jaaka kolobe.

Batho tlhe ba a tshela, ka re kgomo e jewa fela re labile ka re tlhoka one meno.

Ke ne ke e tle ke utlwalele ka bolwetse bongwe ka batho le diwelese go twe AIDS, e bile go twe bo tshabelela batho ba ba matlhomatlho e bile ba sa dirise itshireletso.

Kae? Rona batho ba kgwebo e re ne ra ipaya tsebe se utlwe.

Borre ba re neng re ba direla ba ne ba bua gore ga ba batle go ja nekere e phuthetswe ka ga e ka ke ya nna monate sentle.

Ka jalo re ne re ba inaya re sa tlhokomele gore a ba apere dikausu kana jang.

Se re neng re se batla ke madi fela, e seng sepe gape.

Go ne ga feta dikgwedinyana fa wa mmata wa me Chipo wa Zimbabwe a bua fa a dule disonyana fa bosading. Re ne ra tabogela

fa marekisetsong a Mantariana, ra mo rekela o o tshasiwang le dipilisi tsa teng mme jwa a sa jwa ya pele.

Chipo o ne a simolola a monega, a gotlhola, ra ipolelela fa e le dilo tsa go tlhoka lesego fela.

Bareki le bone ba ne ba sa tlhole ba mo kgatlhegela.

O ne a tsamaya a phutha mesobananyana ya gagwe a boela gae, kwa a fetileng a ya ga maotwana hunyela teng...legaeng la boikhutso.

Gore kgwebo e none, e batlwa e patagangwa le dilo dingwe.

Kgwebo ya rona e ne ya gola ka diritibatsi tse re neng re di rekisetsa monna yo mongwe jaana go tswa kwa Nigeria.

Go rekisa dilo tse go ne go le masisi e le ruri ka molao o ne o sa letle gore di dirisiwe mo lefatsheng la rona. Re ne ra nna kelotlhoko mme e ne e re fa o ka nna botlhaswa, gaeno e ne e le kwa nageng.

Botshelo jo jwa lefifi... ke ne ka bo tshela fela jalo.

Go ne ga feta dibekenyana di se kae fela fa ke simolola go tswa kgodu e e lephutshe e e neng e nkga maswe.

Ka ipolelela fela gore mongwe o a bo a mpotile ka kwa morago.

Tota e a bo e le mang yo o ntlelang ka madimabe a a kanakana, a re ke remg tota a bona ke sheleketla?

Ke ne ka nna fela ke ipolelela fa ke tlaa nna botoka, kae, ga kekela jaaka sebi.

Ke ne ka tabogela fa kokelong mme ba mpolelela fa ke na le thosola e bile ke tshwanetse go itlhatlhobela malwetse a mangwe a dikobo.

Ke ne ka tsaya kgakololo e ya baoki mme ka ya ka fa phaposing ya teng. Ke ne ka fitlhela lekawana lengwe la mooki gone foo, la

ntlhatlhoba mme la mpolelela fa ke le tshenene.

Ke ne ka nona pelo ka mathe, ke re kgwebo ga e na go wa.

Fa ke sena go fetsa tlhatlhobo e, mosimane yo wa mooki a nkgasa ka monyenyo wa ngwaga.

Ka tsenya lekgotla la pelo.

Tota maikaelelo a gagwe ke eng mo go nna rre yo montlenyane yo?

Boatametse e ne e le mosimane wa Serowe, a tshela sentle e le ruri.

Matshelo a rona a ne a farologana thata, e ne e le mooki, a amogela madi a a botoka fa nna ke gweba ka mmele, ke le moengele wa lefifi tota.

Boatametse o ne a ipala mabala a kgaka, e ne e le sa ntlha mo botshelong jwa me ke ikutlwela selo sa go nna jaana.

Ke ne ka ganana le mafoko a gagwe fa ke sena go mo tlhalosetsa ka botshelo jwa me, ke tlhobosa gore nna le ene ga re tsamaelane.

Mosimane o ne a nkgakgamatsa ka gore o ne a tswelela a mpatla fela e bile a ntsholofetsa fa a tlaa nnyala.

A mpolelela kafa ke leng botlhokwa ka teng fa pele ga Modimo.

Boatametse o ne a tsena kereke nngwe ya pholoso gone kwa Serowe.

O ne angakalala le nna, a re fa a re o a nthata, o fela a nthata.

Dipotso tsa nna mafaratlhatlha, gore ke ke dire jang ka lekawana le le molemo e bile a le montle jaana? Kana nna tota ke moengele wa lefifi fele ga ke na botshelo. Ka ipotsa gore a ke mo dumele kana ke reng?

Buy Online Now!