Volume 50 Issue 10 - October 2012 : Entertainment

PHAKISO... ntsanyana ya maitaya sebatana

Author : Mothusi Soloko

 

Okare seane se se reng ntsanyana ya maitaya sebatana e bonwa mabotobotong se ne se tlhangwa go lebilwe Phakiso Makhiwa ka o sale a bonetse go tswa bonnyennyaneng gore motlha mongwe o tlaa itshela metsi ganong.

Go a bonala gore e tlaare fa a tlaa itshetlelang teng a nne mogaka wa mmino wa motswako. Ga go na yo o ka ganetsang gore mosimane yo wa Tonota ke mmantswitswidi; fa a e tshwere pina o tlaa fitlhela a e kgadikanya jaaka mogale. Fela go fitlha fa a leng teng gompieno tsela ya gagwe e tswa golo go se fano ebile go bonala gore ke moya goleele.  Tsela e ga e motlhofo, e batla motho yo o pelotelele e bile a le kelotlhoko. Toro ya gagwe e silomolotse fela a dira lekwalo la bosupa. A utlwa mowa wa gagwe o fuduegile fela gore a dire sengwe ka botshelo jwa gagwe.

O ne a gapiwa maikutlo ke moopelo, a simolola go etsa basimane ba ba neng ba le bagolwane mo go ene.  Segolo bogolo o ne a gapiwa maikutlo ke mogaka wa mmino wa MoAmerika e bong Jay-Z a ba a bona gore ga go pale sepe gore le ene o ka tshwana le Jay-Z. Go opela ga simologa a tsalana le basimane ba ba tshwanang le ene, ba simolola ka go opelela monate, ba tudukanya dibagabiki ba natefelelwa. Kgabagare ba simolola go opelela bana ba sekole. Ka nako eo o ne a ipitsa Paragon mme ya re a ntse a gola a lemoga fa se se simologileng e le motshameko se fetogile mokgwa, mokgwa o fetogile tsela ya botshelo.

Mo bosheng o ntse a tshela ka go ema nokeng baopedi ba bangwe a opela le bone. Jaanong are gompieno ke nako ya gore le ene a itsewe. “Ke ntse ka lebaka ke lebeletse tsamaiso ya moopelo mme jaanong ke bona e le nako gore ke dire tsame,” a rialo. Phakiso jaanong o ntse a dira ka natla go gatisa ya gagwe ya maitibolo e a e biditseng a re Foromane. Fa a re bolelela a re e ne ke Foromane o bolaisa bomrepa spane fela jaaka go kwadilwe mo pineng ya gagwe. Pina e ya Foromane e setse e dule mme e bile e tshameka mo diromamoweng di le mmalwa, e bile go lebega e le mmamoratwa.

A re ene o dumela gore pina e tshwanetse ya nna le dinyao jalo seo ke sone se se diregang ka Foromane. “Ke bone bomosola ba go nna le thata, gore fa motho a na le thata o dira pharologanyo,” a bua jalo. Thata e Phakiso a buang ka yone ke thata ya ditiro tsa bopelotlhomogi.

Fa dikeletso e ka bo e le dipitse, Phakiso o ka bo a agile dikole, kgotsa go se na mohumanegi mo lefatsheng leno. “Ke nako ya gore ke dire pharologanyo. Dikeletso tsame di dintsi, ke eletsa go nna le madirelo a me a ditlhako, mme tse tsotlhe di ka kgonega ka mmino wame o ke o simolotseng,” a bua jalo.  Fela moroka o seta ka pula, modisa wa dikgomo o bolola natso, thupa ya tsone re e kgetla di eme,  e bile morogo wa ngwana ga o tlhophiwe ditlhokwa. ENDS

Buy Online Now!