Volume 65 December 2026-January 2026 : Polelo
Maropeng go aboelwa
Author : Wendy James
MAROPENG GO A BOELWA...
Wendy James
Keikotlhaile fa e sale a bonwa lwa bofelo ke baagisanyi le ba masika dingwaga di ka nna masome a mabedi tse di fetileng. Ngwana wa gagwe wa ntlha, Mpho, o ne a setse a na le dingwaga tse di masome a mararo e bile a na le bana ba babedi.Yo monnye ene le ka matlho o ne a sa itse rraagwe.
Dilo tsa lefatshe o di tshabe! monna o kgona go fitlhwa matlho ke lerato le lesha a bo a lebala bana kwa gae. Kana go ya meepong mo ga gagwe, o ne a re o tsimakanyetsa go gorosa Keamogetse le bana ka gore tota ke ene a mo digileng lebele a sa ntse a dira mophato wa boraro. Ya nna pina ya tshwene, ka gore wa bobedi, wa boraro le wa bone ba ne ba tsholwa a ntse a e opela pina, e ka ba ya fela monate. Owaii! ya toutiwa jalo go fitlhelela batsadi ba ga Keamogetse ba ba sa bolong go ipaya seatla matlhong ba itlhoboga.
Keikotlhaile fa e sale go emelela kwa Tloaneng, a bo a ya go itshotlhometsa kwa moepong wa Diepkloof. Ba ba nengbatlebakopanenaeteng, bareo ne a tsamaya jaaka lekakauwe, moriri o ntse botsue, a o kama a o emisa o ka re koko ya mophoko. Fa e le sefatlhego sone ga ke bue, se photlegile o ka re tloo, motho a itlobola ka di ‘ambi’ gore a sale a budule, go setse gone gore a lokwe letswai. Ga twe monna mongwe yo o berekang le ene a mo lemotsha gore kwa gae bana fa ba utlwa sefadi se lela kwa ga mmasememmenyane, ba rwala masutlha a ditlhako ba ya go kopa di ya maleng, hei! bosetlhogo jwa phologolo e go tweng motho a se na go rumola bana kwa ba neng ba le teng jaanong ba tshela ka tshokolo jaaka o ka re rraabo o sule, ga twe a bifela monna wa batho mo go tlhomolang pelo. E le ruri o ne a siregile pelo Keikotlhaile.
Keikotlhaile o ne a iponetse kgarejwana ya Mopedi, a sa robala ka ditlhako ke a go bolelela. Kgarebe ya dira mo go tweng korwe ga ke je. A tlhoba Keikotlhaile diphuka e se nonyane. Maikaelelo a kgarebe e ne e le gore fa ramogoma a tla go ikgakologelwa, ene a bo a suteletse le botshelo. E ne e tle e re fa kgwedi e fedile, ba bonwe mo marekisetsong a dijo, diaparo le didirisiwa tsa kago. Kgarebe e tlaa bo e ololola fela fa ramogoma ene a itaya kgetse. Ga bo go sa gakgamatse ka gorelekwagae,oneaitseweelemothoyoo ratang go itshupa ka dilo tse a se nang tsone. Ga twe o kile a aketsa bangwe ba ditsala tsa gagwe a re ene kwa gae o tshitshegile lefatshe la ntlo ya thaele, kante o ijesa dijo tsa ditoro, o tlogetse mogwaafatshe, ke sone se e rileng go boeleng gae, a timelelwa le ke lelwapa.
Keikotlhaile o ne a bona makwalo otlhe a a tswang kwa go Keamogetse a mo lekodisa ka bana, owaii! Mogoma a penya fela a bo a latlhela kwa, a bona gore go a fetola ke go itiela nakokaaneaaja monateoasaakanyengfa akatlholaaboelagae.Eneerefabangwe ba Tloaneng ba mo laela fa ba ya gae, a ingate ka ditshego a bo a lelale, a ipotsa gore gae go jewa eng. Se se neng se gakgamatsa ke gore le fa ne a tsewa ke madiopo a lekgarebe le le nenglemonolemorowagodimole,oneasa itse kwa le nnang teng totatota. Se a neng a se itse fela e ne le yone mekhukhu e e bapileng le moepo. Kante kgarebe yone e ne e kwaisitse gore e tsile go mo gapela sengwe le sengwe a bo a tlhoka kwa a ka batlelang teng. Basadi o ba tshabele mo setlhareng se se mitlwa, ba ka go epela lemena, wa fitlhwa o tshela. Ga diragala jaaka kgarebe e ne e logile.
Ba ofisi ya moepo ba tlhalosetsa Keikotlhaile fa a tshwanetse go latlhela ka ntlha ya bogodi. Ba mmaakanyetsa ditshwanelo tsa gagwe tse e neng e le dikete di le makgolo a mabedi. Mookamedi wa moepo a tlhalosetsa Keikotlhaile fa madi ao alemantsithata,kajalobakasekebaamo neele mo seatleng, a ba fe nomore ya polokelo ba a tsenye mo teng. Motho senna, a tlhe a thanye gone fa, a boele gae, legoka!!
Ya re di tsena ka tsebe tsa kgarebe ya Mopedi, tsa nesediwa pula. Kgarebe ya nna ya re, “ E a re ke tlaa jela ka mogopo o mosweu, go bo go nna jaana,” mo pelong. A tabogela go mo fa leina la polokelo, kwa Rustenburg. Mo pelong ya gagwe, a re ke gone jaaka a fentse motshameko wa dipere. A botsa Keikotlhaile gore jaanong madi a tlaa tsena leng? “Ba re mo dibekeng tse pedi moratiwa.” A ipapana sentle ngwana wa mosetsana, a loga maano a bo a a logolola gore a tle a kgaritlhe monna wa Modimo, a boele kwa ga mmaagwe a gata ka serethe.
Ga twe e rile go tsena, kgarebe ya bonwa mo tseleng ya Rustenburg, e belesitse koloi dilwana tsa kago, le tsa mo ntlong. A ipaselela ka koloi ya modiro wa Hyundai.
Gone ke mang yo e ka reng a fitlhela moretlwa o budule a se ke a fule? Bammoni ba re ntlo e a nengaeaga,etserebekefela,yaboeemeka dinao. Kana Keikotlhaile o ne a beile fela mo kgarebeng, a sa itse gore a madi a mo tirisong.
Letsatsi le ne le ya bodikelo fa kgarebe e mo lemotsha fa teseletso ya gagwe ya go nna mo lefatsheng e fedile, ka jalo a tshwanetse go boela gae pele ga mapodisi a tla go mo tsenya dihaka. Fa ramogoma a re o a kokoroga, o botsolotsa ka boitshwaro jwa kgarebe, botsotsi ba bo ba setse ba eme ditsentsekwane, ba keteka motho ba mo tswala matlho, ba ya go mo latlhela go bapa le noka ya Dinokana. Mo go le le latelang, fa a thanya mo maibing, a selwa ke masole a a neng a potiela lefelo bosigo.
Ba mmotsolotsa dipotso, ba mmusetsa kwa mekhukhung ya Diepkloof, kwa ba fitlhetseng naga e ntse tshetlha! A se rutha selelo ngwana wa monna. “Ijoo ke tshwarwa ke mang bathong? Ke jelwe ke ngwanyana wa Mopedi, ke tlaa raya bagaetsho ke reng ijoooo!! Ke ikotlhaela se ke se dirileng.” O ne a gopola gae mme a saitsegoreoyagodirajangkaaneatshela ka teseletso ya moepo, e fedile fa tiro e fela le yone pampiri ya mosepele tota a se na yone.
Ka Modimo o sa je nkabo, Keikotlhaile o ne a rolelwa ba boemedi jwa Botswana kwa Aferika Borwa, ka ponyo ya leitlho a bo a setse a posediwa kwa gae, kwa Tloaneng. Se se neng se kgoba marapo ke gore ke fa a timeletswe ke lelwapa la ga mmaagwe mo go neng ga pateletsa ba molao go ya go tsaya motlhala kwa kgotleng. Bokgwelwa o bo tshabe.
Mosadimogolo MmaKeikotlhaile fa a sa ntse a selasela matlakala mo lelwapeng, o gakgamadiwa ke koloi ya mapodisi kgo! mo mojakong. Monna a fologa a botsa tsela ya goora Setlhare. “Ee rra lo gorogile,” a bua ka lentswe le le roromang. Monna wa lepodisi a tswelela. “A o na le ngwana yo o bidiwang Keikotlhaile Setlhare?” Mosadimogolo a thubega ka selelo. “E le gore le a mo ntatolela? Ngwana yo o sale a ile bokgwelwa, dingwaga di setse di le masome a mabedi re sa mo itse, ke dumela fa a sule kwa a teng.” Monna wa lepodise a mo rolela kgang a bo a boela mo koloing go bitsa Keikotlhaile.
E ne e le selelo sa khuranyo ya meno go bona tiragalo e. Ba masika, Keamogetse le bana ba bitswa go tla go bona moeng. O ne o seyo, ke ne ke le teng, bana, bagolo go itshutlhwa dikeledi. Tota batsadi ba ga Keikotlhaile ba ne ba amogetse seemo ka ba bone ngwana wa bone a tshela. Keamogetse le ene o ne a amogetse seemo, a sa tshwara ka pelo go re monna yo, o ne a mo kgwa jaaka segotlhola, o godisitse bana ka lenongnong. Rre Setlhare a tlhaba podi go leboga Modimo.
Ga twe mo motseng pina e ne e opelwa gore monna wa lekgwelwa o tsile, ba di bua dipuo tsa tshotlo gore o tla a iteilwe ke lefatshe. E ne e re bana ba motse ba kgalengwa, ga bo go dirisiwa tiragalo ya ga Keikotlhaile go ba tshikinya maikutlo. Ba losika bone ba lebogela gore morwa wa sesinyi o boetse gae.
Morago ga kgwedi, ke fa Keikotlhaile a bone tiro ya go kgweetsa diteraka mo komponeng nngwe. Nnyaa mma ba mo duela go utlwala. A ikitaya ka thupana gore magaleng ga a boele gabedi, mo e rileng kgwedi ya borataro a rolela batsadi gore o kgobokantse o a nyala. Ba a nesetsa pula, ba bo ba ikemisetsa go tsenya letsogo.
Motswana o ne a opile lonaka fa a re maropeng go a boelwa go sa boelweng ke maleng. Boidiidi jwa batho bo ne bo tletse mo kgotleng ya goora Setlhare kwa Tloaneng go bogela banyalani ba ba sa bolong go kgaogana dingwaga tse masome a mabedi le molelo ba sa o tseisane. Mongwe le mongwe o ka re o ne a re “Ga ke batle go utlwa ka magatwe.” Keikotlhaile a bo jaanong a ikanne go tsaya Keamogetse go tla a tsofala le ene, mo monateng le mo kutlobotlhokong
Mosadimogolo mongwe ke yo le a tswa a di tshela, “lililililii, a le ja ngwana ka setu?” Ga nna ga tualala fela ga re tu! Motho o ne a ka nna a ipotsa dipotso tsa gore batho ke eng ba tlhoafetse mo go kalokalo, nnyaa wa ga mma, molato wa kgeleswa ke gore ba ne ba ipotsa gore a ke nnete se ba se bonang se a diragala, Keikotlhaile o tsenya palamonwana. Motswana wetsho, maikutlo e ne e le a a farologaneng, bangwe ba itshwere mahuma go re monna yo, o busitswe ke eng, fa bangwe bone ba bona a tsere kgato e e siameng gore bana ba tle ba kgone go bona mama le papa mo lwapeng.
Letsatsi la lenyalo la ga Keikotlhaile eneelelelekgethegilengkaeneele letsatsi la botsalo jwa Morena, bontsi jwa batho e ne e le ba ba italeditseng ka ba ne ba le mo malatsing a boitapoloso, gape tota mo magaeng, mediro e e tshwanang manyalo ga se e o ka itshwenyang ka go okomela gore motho o laleditswe kgotsa jang. Keikotlhaile a bo a eme sentle ka sutu e tshweu, a pegile jokwe mo kgarebeng ya gagwe, a eta a mo leba a mo utswa e kete motho a re “ke kile ka rata go itatlha tlhe!”
Le lenyalo e ne e le la maatswadiatleng, go o ja le ntsa e feta, bana ba kolopana ka marapo. Monna mongwe a kgabola ka sekotlele se ntse sephetsa sa seswaa, le fa go ntse jalo, bangwe ba se ka ba itshwara; “Golo fa fela pitse e o le ka disale,” mongwe gape a akgela; “Keikotlhaile o batla go itshupa go re le se ka la mo lebela kwa tlase.
Ga o bone a ntshitse ga tshwene, go se na se se tlhaelang? Kana gatwe e rile go twe dikgomo di robabobedi ya borobabongwe ke tshutlhalegora, ene a itlhophela go ntsha di le lesome le bobedi. Bontsi bo ne bo dumela fa a batla go didimatsa Bahurutshe gore ba se ka ba mo kgoba, fa bangwe ba ne ba dumela fa bana ba mo thusitse ka gore go ne go na le menahune ya gore basetsana ba babedi ba mo tseleng ya go tsewa.
Go ne ga tla nako ya gore banyalani ba fiwe sebaka sa go bolelela morafe ka fa ba kopaneng ka teng. Ijoo,e ne e le kgang e e utlwisang botlhoko tota. Keamogetse fa a bolela fa Keikotlhaile a ne a mo senya mo sekoleng ka ngwaga wa 1978 mme ga a ise a ko a tlhole a boela sekole a bo a tshola bana a solofetse lenyalo. Ya re go tsena sebaka sa monna go bua bangwe ba reetsa ka tlhoafalo fa bangwe bo ne ba lebile ka tenego le lenyatso. O ne a bua jaana:
“Waitse rona banna re difofu, ke ne ke siregile matlho ke sa itse se ke se batlang. Mme ke leboga Modimo go bo a mphile sebaka sa go ikaga. Ke lo kopa le le morafe gore lo nkamogele, lo ntseye ke le motho yo o dirang diphoso jaaka mongwe le mongwe a ka dira. Keamogetse le bana ba nkamogetse ka lerato le legolo, selo se ke neng ke sa se solofela. Jaanong mosadi yo ke mo lebogela go mpha sebaka sa bobedi, ke go rata rati rati,” fa a wetsa a mo itaya ka tladimothwana. Babogedi ba opa diatla, bangwe ba letsa megolokwane, Maropeng go a boelwa!



