Volume 65 December 2026-January 2026 : Polelo
A Basadi ba maswe?
Author : Mothusi Soloko
Ke sebaka ke etse tlhoko dilo tse dintsi tsa tlholego, mme fela ke palelwa ke go rarabolola ka fa di ntseng ka teng. Ya re fa ke ntse ke ipotsaka dipotso jalo, ka tlelwa ke mogopolo wa go jela malome nala.
Ke ne ka ipolelela fela gore ke tlaa mo wela fela. Ka feta ka amogelwa ka oomabedi, ra robala thethe e setse e ralala ka lebaka la dikgang tse di matsorotsoro. Mo go le le latelang, ra tsoga mo mosong re ya go phokisa, dikakanyo tsa me tsa tswa koo di tobekane.
E ne e le sa ntlha ke etela moraka wa gagwe, a bo a itumetse ka a ne a dumela gore ke tlaa kgaediwa ke legae. Ra tswa le tsone ra leba ntlha ya thaba, di sisitse mo e thokwa e neng e ikgama.
Ra tsamaya jalo re di thiba, re tla re huhumela ditlhare di re ngapa maoto gangwe le gape mmutla o a ne o suthuga fa le fale. Ra tsamaya ra bo ra fitlha fa thabeng, ra nna mo godimo ga matlapana, a mpolelela ditso tsa thaba e.
Ya re fa re bothile jalo, a nkopa gore ke lebe fa godimonyana ga thaba. Yane e kete matlho a me a ya le naga, ka mmotsa gore o raya kae. Motho yo motona a sela lentswe a le latlhela teng, a re “Kana ke raya fale, a o itse gore golo mole ke eng?”
Ka latlhela bofofu, ka bona segagabi se setala mo tlhogong mme se le magwata mmele otlhe, se a ne se batalatsa tlhogo se tloge se e ise kwa godimo o ka re se a iphitlha. Karabo ya nna,” ga ke itse malome.
A tlhalosa gore ke mmamagwete, Ke ne ke sa mo utlwa sentle jalo ka mmotsa, “ Wa re ke mmaagwe mang malome? Kante…?” A thubega ka setshego a bo a rata go itshega ka thipa e a neng a ntse a fotlha thupa ka yone.
A tloga a re, “Bona fa motlogolo, mo digagabing go na le mmamagwete, mmantseane, mmamatlhoaditshiphi, mmalekgaolatshega, mmankgatlampana, mmampharing, le tse dingwe fela jalo. A tlhalosa jalo gore mmamagwete o ratiwa ke tladi thata.
A tlhalosa gape gore tladi gantsi fa e ratha setlhare, o a bo a le mo teng. Fa e le ya ga mmamatlhoaditshipi polelo, yone ya dira gore ke sosobagane moriri.
Fa mmamatlhoaditshipi a ka go loma, o tshegela ruri go fitlhela o o swa, a tlhalosa. Ka akabala lebakanyana ke ipotsa ka maina a digagabi tse. Tsotlhe fela ke bommasemangmang.
Ka tloga ka mo leba, ka bua ka pelo, “A tota malome o a bo a bua nnete, kana gongwe o a bo a goga letlhaku namane e tona, a tloga a mpolaisa basadi,” ka ipotsa ka setu.
Ra pagamela fa godingwana ga thaba, dintsa di bogola mo legageng di kobile dipela. Ra fitlha fa go lone, ra okomela mo go lone. Ka kopa malome gore a lebisise ka leitlho la segolo gore go ka tswa go na le eng mo legageng, a leba sebaka, a tloga a re, “ Ga ke bone sepe motlogolo, ke bommamathwane fela.”
E le gore basadi bao ba tsene jang mo legageng?” ka ipotsa. Ya re fa a tswa foo, ka mmotsa gore jaanong o tlogela bommamathwane. “Ijoo! motlogolo, a re sie re tloga re bolawa ke mmadipela,” dikakanyo tsame tsa saila, jaanong ke ipotsa gore tota malome o raya jang a re go na le bommamathwane mme gape o tshaba mmadipela.
A lemoga ka go akabala ga me gore e a bo e tsenye mo sekgweng. “Fa o bona ke rata o tla morakeng jaana, ke gana gone mo. Ke gore wena, o tlaa raya batho o re o mokae?
Monna, mmamathwane ke nonyane e e tsamayang bosigo, tla o e bone,” a bua jalo.
Ka okomela mo logageng, fa godimo ka bona nonyane seka phologolo. E le ditsebe di mangoto, ka metshino, matlho a gonyetse e bile e na le mabele. E maswe jang nonyane e! A gone mme ke nonyane? ka bua ka go gakgamala.
A tloga a tlhalosa gore go dumelwa gore mmadipela ke noga e tona e e nnang le dipela mo legageng. A re noga e e borai e bile e iphetola se e batlang go nna sone. A bolela jalo gore ntsa nngwe e kile ya tsenelela dipela mo legageng mme ya se ka ya tlhola e boa. “A re tswe monna e tloga e re tsaya,” a bua jalo.
Ra ya jalo ra feta le mogobe ra di latlhela mo teng, tsa a tomama metsi a mogobe, wa bo wa sala e ka re o tlaa kgala. Ra ya le tsone jalo re lebile ntlha ya kwa sakeng.
Ya re fa re le mo tseleng ga suthuga phologolo e mpe, dintsa tsa e kobakoba. Ya phamola ngwana wa yone ya mo latlhela mo sepatsheng ya inaya naga. Malome a tlhalosa gore phologolo eo e bidiwa mmantlolane. Hee banna wee! Ka atumela malome ka mo tsenya matlho, tota pelaeleo e le gore gongwe o ka tswa a itshietse. Lenyora la iponatsa mo matlhong. A ntshita a le tlhaeng.
Ka ikgakolola maina a diphologolo a a rayang banna. Le one fela jalo a wela ka bontsi. Ramoshwe, Raleshane, rantweesane, ralebiibii. Ka sekaseka, ka fitlhela gongwe ramoshwe o ka re ke lone fela le bokao jwa lone bo leng kwa tlase ka fa batho ba buang ka teng.
Ralebiibii ke nonyane e tala e ntle, raleshane ke setshedinyane se sennye mme fa o go loma o tlaa taboga tota.
O kare ka fa banna ga go maswemaswe.
Tota ke mang o o ka batlang mmaagwe a tshwantshiwa le segagabi se se tshwanang le mmamatlhoaditshibi. “ke belaela gore e rile mo tshimologong ya motho, banna ke bone ba neng ba raya digagabi tse maina. Mme ka nako ya teng basadi ba ne ba se na ditshwanelo, banna ba ne ba ba sotla ka go fa digagabi tse maina a,”
Ra tsamaya jalo re didimitse ka lobaka fa ya re fa re fitlha fa sakeng, ka mmotsa gore ke eng digagabi tse di maswe tse di bidiwa ka bomme.
“Ga go ope yoo o ka go bolelelang, go tswa gooLowe go ntse jalo, le barutegi ba gompieno ga ba ka ke ba go bolelela fa o ka ba reetsa o ka fitlhela o ema ka dikakanyo fela wena o tsaya gore ke yone nnete.
Ba ba itseng ke ba ba neng ba le teng fa lefatshe le bopiwa,” a araba. Ka akabala ka lobaka, ka bo ka bona gore go sa itse go botoka go na le go batla kitso ka gore bodiphatsa ke go nna le se e seng boammaaruri o boo se tsaya jaaka nnete. Fela potso ya nna gore, a basadi ke batho ba ba bosula? ENDS



