Volume 65 December 2026-January 2026 : Polelo

Ba Mabuo ba ikana ka sajene

Author : Keonee Kealeboga

 

Mo malatsing a gompieno, go buiwa thata ka fa mowa wa boithaopo o tsweletseng ka go nyelela ka monokela ka teng. Matlhogotshweu ba tlhalosa ka fa ba kgonneng go dira ditiro tsa ditlhabololo ka teng mo dingwageng tsa maloba, ba gogwa ke mowa wa go dira ka boineelo ba sa solofela tebogo kana tuelo epe. Mephato e ne e sa ntse e dira ditiro tse di bonalang, tse le gompieno di supiwng jaaka go aga marako, go epa matamo le go rema ditsela.

Jaanong  mo malatsing a gompieno, batho ba solofela go duelelwa le gone go boka ntsi tota. Se se botlhoko ke fa batho ba solofela go duelelwa go itirela; fa tota tuelo e kgolo mo mabakeng a go nna jalo e tshwanetse go nna go akola maduo a go dirisa sepe seo se ba tlaa bong ba se itiretse ka diatla tsa bone.

Le fa gone seemo se se tshwenyang se go lebega se golela pele, go na le Batswana bangwe ba ba sa ntseng ba tshegeditse mowa wa go ithaopa. Batho ba ke ba ba ikanetseng go direla lefatshe la bone, e seng go nna fela ba lebile gore puso e ba fe sele le sele. E ne ya re mo bosheng bukana ya Kutlwano e etetse kwa motseng wa Mabuo kwa kgaolong ya legare ya kopana le rre mongwe yo go lemotshegang e le sekgantshwane sa motse oo, motho wa go ka bewa peo.

Rre yo, e bong Mokgotetsi Kerupile, ke mongwe wa mapodisi a mabedi a a direlang kwa motseng oo. Go ya ka bogogi jwa motse wa Mabuo, Sajene Kerupile ke sekai se sentle sa go dira ka boineelo.Mokhanselara wa kgaolwana ya Motshegaletau, e e akaretsang motse wa Mabuo Rre Molao Montsho, o bua a sa kgwe mathe ka boineelo jwa ga Sajene Kerupile.

“Mapodisi a Mabuo mma a dira go tlala ka diatla. Mongwe wa bone, e bong Kerupile, o kgona go dirisa koloi ya gagwe go tsamaya mo motseng a lekola seemo,” ga tlhalosa jalo Rre Montsho.

Mokhanselara Montsho a re se se dirwang ke Rre Kerupile se tshwanetse sa lemogwa e le sengwe se se botlhokwa se se ka isang lefatshe leno kwa pele. A re e re ka boineelo jwa mofuta o bo sa bonale go le kalo, go botlhokwa gore ba ba bo supang ba rotloediwe, e le tsela ya go gwetlha badiri ba bangwe go tsaya boikarabelo mo go tsholetseng seemo sa go ntshiwa ga ditirelo tse di nang le boleng, ba tlogele go iteba dinala.

Ka a dira le ene letsatsi lengwe le lengwe Kgosi Godirilweng Matshabe wa motse wa Mabuo a re go bereka le Sajene Kerupile go dira tiro bonolo ka a le boineelo jo bo gakgamatsang.

Kgosi a re le fa go berekela mo motseng o o tlhaelelwang ke ditlamelo jaaka wa Mabuo e le kgwetlho, ga go lebege Sajene Kerupile a kgojwa marapo ke seemo seo. A re seabe sa ga Sejane Kerupile mo kwelong tlase ya borukutlhi kwa motseng oo se bonwa le ke sefofu ka a wa a tsoga bosigo le motshegare le fa a tlhaelelwa ke ditsompelo tse a di tlhokang go dira tiro ya gagwe sentle.

“Ga re na koloi mo kgotleng, mme se se kgoreletsa mapodisi go dira tiro ya bone ka botlalo. Fa dirukutlhi di sietse kwa metlhabeng kwa dipolaseng,  mapodisi a palelwa ke go ba latela ka motlhaba wa teng o le bokete mo koloing ya ga Kerupile,” ga bua Kgosi Matshabe, a netefatsa kgang ya gore Sajene Kerupile o dirisa koloi ya gagwe gore tiro ya gagwe e se ka ya ema.

Morago ga puisano le mokhanselara le kgosi, re ne ra ikopanya le ene Rre Kesupile go utlwa ka fa a tshwereng ka teng mo tirong ya gagwe. Sajene Kerupile, yo o tlholegang kwa Tonota kwa kgotleng yooraTholo, a re o simolotse go direla kwa Mabuo ka ngwaga wa 2008 morago ga go hudusiwa a tswa kwa Selebi Phikwe.

A re le fa go direla mo motsaneng wa seemo sa kwa Mabuo go le bokete, o kgontshiwa go dira maiteko ke lerato le a nang le lone mo tirong ya gagwe. Sajene Kerupile o ne a tlhalosa fa go phutha matsogo ka boitlhobogo ka ntlha ya tlhaelo kana letlhoko la didirisiwa mme morafe wa motse wa Mabuo o lebile mo go ene e le selo se se bokete se a se nang keletso ya go se dira. “Ke boammaaruri, ga re na koloi. Re kile ra bo re thusiwa ke ya motse wa Moiyabana le fa go ne go sa lekana, mme fa e sale e tsewa e bo e sa emisisediwe, seemo se thatafaletse pele. Mabaka a ke one a a mpatikileng go iphitlhela ke dirisa koloi ya me go dira tiro e ke e thapetsweng,” a bua jalo.

Selelo sa kgotla ya motse wa Mabuo ga se letlhoko la koloi fela ka jaana go se na le ditlamelo tse dingwe tsa botlhokwa di akaretsa mogala. Ke keletso ya ga Sajene Kerupile gore puso bogolo e thuse maiteko a gagwe ka go tshela koloi leokwane le go ba fa lebone kana totshe, ka jaana a tlamega go dirisa totshe ya gagwe fa a thusa fa a begetswe sengwe bosigo.

“Fa ke theogetse bosigo, lebone le parafene ke tsa me. Koloi le yone kana ke e dirisa go latela babelaelwa le gone go ba isa kwa Moiyabana go ya go seka teng ka kwano re sa sekise. Fa puso e ka nthusa ka leokwane tiro ya me e ka nna botoka fela thata,” Rre Kerupile a ikuela, a supa gore ka ntlha ya go bo kgotla e sena mogala, go dirisiwa wa gagwe wa letheka fa go tlhoka go ikgolaganngwa le mafelo a mangwe ka tsa tiro.

Le fa gone bogogi jwa motse bo rolela hutshe ka fa a berekang ka natla ka teng, ene o fetisetsa kakgolo eo kwa banning botlhe ba motse segolo jang banana ba a reng ba eme mapodisi nokeng mo ntweng kgatlhanong le borukutlhi.

Sajene Kerupile, yo o kaileng fa a rata temothuo thata, a re e ne ya re go lemoga fa motse wa Mabuo o gateletswe ke lehuma, a rotloetsa banana ba motse oo go inaakanya le temothuo go itshetsa. A re o ne a simolola go rua dikoko, dipidipidi le dinotshe mo lwapeng, e le tsela ya go rotloetsa banana a bo a intsha setlhabelo sa gore ope yo o batlang go tsena mo thuong ya tsone, a tle kwa go ene a mo thuse go dira jalo.

A re o swabisitswe nko go feta molomo ke go tlhoka kgatlhego ga banana ba Mabuo mo mogopolong oo. O ne a tlhalosa gore, “Kgang e e utlwisa botlhoko thata mme le gale ke tlaa tswelela ke leka go ba sokasoka. O ka bona monana a tsena fa a re ke mo fe koko a ye go tlhaba, a sa re ke mo fe a ye go simolola go rua”.

Sajene Kerupile a re o na le poifo ya gore fa banana ba motse wa Mabuo ba sa fetole ka fa ba akanyang ka teng, ga ba na go akola mananeo a puso a nyeletso lehuma. Ba diragatsa yone puo ya Motswana e e reng marotse a wela ba ba se nang dithipa. ENDS

Buy Online Now!