Volume 65 December 2026-January 2026 : Polelo

Mokgatlho wa leotwana o boloka masika

Author : Itumeleng Semele

 

Motsana  wa  Mokatse o ikadile fa gare ga mantswe a mantle thata, se e le bontle jwa tlholego jo mmopi  a bo tlhodileng mo motseng oo, sekgala sa dikhilomithara di supa go tswa kwa motseng wa Oodi, mo kgaolong ya botlhophi ya Kgatleng Botlhaba. Kwa motseng o wa Mokatse, go bomme le borre ba motia, ba ba nang le moono o le mongwe fela, wa go tshwarana ka dikobo ka nako ya fa lelwapa le apere kobo e ntsho ya loso. Poloko ya bone e itebagantse thata le dintsho tsa masika, bana le batsadi ba bone.

Ngwaga e ne e le wa 2010 fa setlhopha se sa bomme le borre ba tlhama mokgatlho wa poloko o ba o biditseng fela ba re ke ‘Leotwana’ . Fa o ka ela tlhoko ka fa leotwana la koloi le dikologang ka teng fa koloi e  tsere mosepele, ammaaruri o tlaa tlhaloganya lebaka la gore ke eng mokgatlho o, o biditswe jalo. E a re fa mokgweetsi wa koloi a eletsa go tsaya mosepele, a tsene mo koloing ya gagwe, a  e kgweetse koloi mme e mo re tlho! fale, kgantele a akanye se sengwe gape, a tsene mo go yone, maotwana a yone a dikologe, mme e mo latlhele fale, botshelo bo tswelele  fela jalo.

Leotwana le, le ntse fela jalo jaaka la koloi, le nna fela le tlhwaile tsebe , e re mokgosi o kuelwa, bomme le borre ba tlhole dipata tsa bone, mme leotwana ka bofefo jwa malatsi a  le mararo, le kgokologe, le ye go ema mo lwapeng le go kuetsweng botlhoko mo go  lone.

Mme Mmathebe Ruth Koboyatshwene wa kgotlana ya Mapedi kwa Motsaneng wa Mokatse, o tlhalosa jaana  gore mogopolo  o montle o , fa o tlaa simologa kwa Mokatse, ke fa  a ne a ile losong kwa Mochudi mme a  fitlhela Bakgatla ba Mochudi ba bolokana thata ka leotwana. Thulaganyo eo, e ne ya kgatlha leitlho la ga Mme Koboyatshwene  thata, mme a ikutlwa a  eleletsa motsana wa gaabo wa Mokatse mogpolo o. O tlhalosa jaana gore se se neng sa mo rotloetsa go isa mogopolo kwa Mokatse ke go bona bontsintsintsi jwa dijo tse di neng di tsisitswe mo lwapeng leo go tla go tshedisa ba ba latlhegetsweng.

Mme Koboyatshwene o tlhalosa jaana gore ga a ise a  ke a  ipone tsapa fa a tsena kwa Mokatse, mme a  kgaogana mogopolo oo le ba gagabo. Monni  mongwe wa motse wa Mokatse, le ene o tlhalosa fa a  kile a  bona thulanganyo e ntle eo kwa Aferika Borwa mme a mo tlatsa ka go tlhalosetsa ba bangwe, ka lesego, mogopolo wa amogelwa. Mokgatlho wa leotwana o ne wa tlhangwa kwa motseng wa Mokatse.

O tswelela ka gore kwa tshimologong, palo ya maloko e  ne ya nna masome a supa mme ene a  bona go le botoka go fokotsa palo eo, ka go tlhama leotwana la bobedi mo kgotleng ya gaabo ya Mapedi, teng kwa Mokatse, ke gone jaanong palo e  bo e  fokotsegela  kwa go masome a  mararo. Mme ka nako ya fa re kwala puisano e, palo e ke fa e setse e  godile go nna  masome a  mane. Mme Koboyatshwene o tswelela ka go tlhalosa jaana, “Mo leotwaneng le la rona mma, re na le borre ba le bane fela, bontsi ke bomme. Ke ne ka tswelela ke mmotsa dipotso jaana:

 Mme lone leotwana le dira jang?

Mme Koboyatshwene o tlhalosa jaana gore leotwana la bone la kgotlana ya  Mapedi, le kile la bo le thusa ka nako ya manyalo ga mmogo le ka nako ya dintsho. A re mme morago maloko a ne a fetogela thulaganyo  e ya manyalo, mme ba dumelana  gore leotwana  le thuse fela fa mongwe a  tlhokafaletswe ke ba masika.

Thulaganyo e, e  dira ka tsela e e faphegileng thata. Leloko lengwe le lengwe  le kwala ba masika kgotsa ba leloko le  eletsang go ba boloka ba le lesome le borataro. Mo palong eo, ba le lesome ke bana, ba le bane ke batsadi ba gago o le leloko, fa bobedi jo bo setseng e le lesika le mosadi kgotsa monna wa gago.

 

GO DIRAGALA ENG FA MOTHO A SWETSWE?

O tswelela jaana ka go tlhalosa gore ka thulaganyo ya leotwana fa leloko le tlhokafaletswe, ke mongwe wa ba a ba kwadileng, o itsise modulasetilo kgotsa mokwaledi, mme ene a kue mokgosi gore o utlwale mo malokong a  mangwe. Mo leotwaneng, maloko a kgaogantswe ka ditlhotshwana tse di rekang dijo.

O tlhalosa jaana gore ka bofefo fela morago ga mokgosi o sena go utlwala, ditlhopha di laelwa go reka dijo. Mme ka jalo mongwe le mongwe a reke ka fa a laetsweng ka teng, mme e re malatsi a mararo morago ga mokgosi, dijo tse di isiwe kwa losong.  O tlhalosa jaana gore leotwana le, le dira tiro e  tona thata e bile le goroga gongwe le gongwe  le kwa ntle ga lefatshe leno tota.

“Fa ke bua jaana le wena, re setse re bolokile kwa Zimbabwe le kwa Aferika Borwa, ka lone leotwana le la rona mma.”

 

MME TSONE DIJO TSE DI REKWANG KE TSA MOFUTA MANG?

O tswelela jaana ka go tlhalosa gore dijo tse di rekwang di akaretsa tse di latelang:

Boupe  jwa phaletshe jwa 10 kg; dikgetse di le nne.

Boupe  jwa mabele jwa 10kg, dikgetse di robabobedi.

Sukiri ya 12,5 kg, dikgetse di le nne.

Boupe jwa borotho jwa 12,5 kg, dikgetse di le nne.

Setampa sa 10 kg dikgetse di le nne.

Mafura a a jewang a 2 litre a le masome a  mabedi.

Matlhare a tee a bokete jwa 250g a le mane.

Kofi ya bokete jwa 250g, dithini di le nne.

Dinawa tsa dibutterbeans tsa bokete jwa 2kg di le nne.

Mme Koboyatshwene o tlhalosa jaana ka go isiwa ga dijo tsa leotwana:

Dijo tse di tshwanetse go isiwa mo malatsing a le mararo loso lo sena go begwa. Fa maloko a fetsa go di kgobokanya jalo, di isiwa kwa botlhoko bo leng teng. O bolela jaana gore fa ba tsena ka dijo tse kwa losong, ba ipega mo batsading, ba bo ba bega le gore leotwana le le tsisitseng dijo le, le tla le dikologa le tswa kwa kgotleng efe. Batsadi ba tlaa bo ba amogela dijo jalo, mme se se dire tiro ya loso bobebe. O tlhalosa jaana gore, go gorogeng ga bone ba tsaya thapelo, ba ntshe sefela mme go latele pego ya dijo.

 

FA YO O FITLHWANG A LE KWA NTLE GA MOKATSE, GO DIRWA JANG?

Fa re tlhokafaletswe kwa ntle ga Mokatse, leotwana le ntsha maloko a le mabedi go isa poloka koo, mme fa loso lo le kwa ntle ga Botswana, re ntsha madi go pega motho a  le mongwe go ya koo.

LEOTWANA LE LE SETSE LE BOLOKILE BATHO BA LE KAE, FA LE SA LE LE TLHANGWA?

Fa e  sale ka ngwaga wa 2010  fa leotwana le le tlhangwa, re setse re kgonne go bolokela maloko masika a  a fetang  masome a mabedi mo gae le kwa ntle ga lefatshe leno, mme se, re bona e  le katlego e  tona thata.

LEOTWANA LE MOSOLA KA ENG THATA?

Mma, kana ga twe re nne re disitse go nne ga re itse nako e Morena a tlaa re bitsang ka yona, ka jalo re nna re ipaakantse ka dinako tsotlhe. Loso ga lo ke lo rerisa ope gore lo etla, lo itlela fela jaaka legodu la bosigo. Mme mma leotwana le le botlhokwa fela thata ka loso ga lo ka go fitlhela o le mo leotwaneng, wa itse lo tlaa go bipa, gore le fa o le matsogo a sa tsholang sepe, o sirege. Leotwana le mma, le sireletsa seriti sa motho.

A GO NA LE DIPHETOGO DIPE TSE DI DIRILWENG MO LEOTWANENG LA LONA FA LE SALE LE TLHANGWA?

E mma, e rile ka kgwedi ya Mopitlo monongwaga, maloko a  ne a  kopana, mme ra dumelana gore re fetogele mogopolo wa go reka dijo, mme re ise  madi. Mogopolo o, o ne wa atlega. Re ne re dira se jaana, re lebile gore ka go phatlalatswa ke ditiro ga rona, fa gongwe go a tle go diragale gore dijo di ye go begwa di se mmogo, maloko a mangwe a ise a tsise tsa bone.

Mme mo phutegong  eo, re ne ra dumelana gore leloko lengwe le lengwe le ntshe P85.00 fa loso lo thujwa. Madi a  otlhe ka palo e re nang le yone gompieno ya maloko a tlaa bo a  nna P3 400. P 5.00 mo mading a ke wa sepalamo, mme tumalano ke gore yo o tlaa tsisang madi morago ga nako e e beilweng, o tlaa atlholwa go ntsha madi a kotlhao e  le P105.00.

BA BA SETSENG BA DIRETSWE BA ATLHOLWA JANG FA BA BATLA GO TLOGELA LEOTWANA?

Fa leloko le le diretsweng le batla go tlogela leotwana go tlhamaletse fela gore a duele  tse a  neng a  direlwa ka tsone fa a  le mo botlhokong, a  ke re wa bo a  ise a  direle ba bangwe?

Mme lone leotwana le amogetswe jang mo motseng?

Banni ba motse o ba amogetse leotwana le fela thata, ka ba bona mosola wa lone ka matlho. Mme Koboyatshwene o tswelela jaana ka go rurifatsa fa metse e mengwe e e  gaufi le Mokatse le yone e tsere malebela mo go bone ka ba lemogile fa se e le yone tsela e e  botoka ya go fitlhana.

Bomme le borre ba leotwana la kgotlana ya Mapedi ba ipelafatsa ka diphitlho tse ba di kgonneng, fa e sale ba simolola.

Mme Koboyatshwene a re leotwana la bone le kgonne go thusa thata bogolo jang mo go ba ba dikobo dikhutshwane. A re leotwana le tlhofofatsa tiro ya loso fela thata, ka popagano le tshwaragano ya maloko. A re keletso ya maloko ke gore leotwana le la kgotlana ya Mapedi le gole, le tswelele ka tiro e ntle e le e dirang. ENDS

 

Buy Online Now!