Volume 50 Issue 8 - August 2012 : Others
Ditsale tsa Patlo
Author : Ludo Chube
Go bolelwa fa tsale e tshweu, e e bonalang thata mo go bomme ba le mererong le ditseo, e tshwanetse go tsewa ka tlotla le tlhompho e e kwa godimo thata. Se se boletswe ke mme Keipopele Obokeng, yo o tlholegang kwa Shoshong, kwa kgaolong ya legare. Mme Obokeng yo o gwebang ka ditsale tse, a re ga di rekwe ke mongwe le mongwe. “Ke tsa basadi ba ba tserweng, ba ba gorositsweng fela, kana ba ba yang morerong wa lenyalo, ka jalo ga e aparwe fela ke mongwe le mongwe,” Mme Obokeng a tlhalosa a tlatsa ka gore “Seo ke ngwao ya bomme mo Botswana.”
A re bogologolo di ne di itsege thata ka mmala o o lephutshe, di bonwa thata mo bathong ba ba tlholegang kwa kgaolong ya Maun le tikologo. Mme o bolela fa mo malatsing a, di bonwa thata ka mmala o mosweu mme e bile di setse di tumile mo mafelong a a kwa bokone jwa Botswana le kgaolo ya legare. “Ba merafe e e mo borwa jwa Botswana, jaaka Bakgatla, yone e tlotlile thata go dirisa megagolwane mo mererong ya yone ya tseo, kana ya lenyalo.” Mme Obokeng o ne a tlhalosa jalo mo potsolosong le Kutlwano kwa ditshupong tsa ngwaga le ngwaga tsa dikgwebo tsa bomme ba Batswana. O ne a tlhalosa gore fa mosadi a ile go batlwa, mo lwapeng o apeswa tsale le tukwi go supa gore jaanong e nna mosadi wa lelwapa, a namile maoto. Obokeng o tlhalosa gape gore o reka letsela la tsale le tlhale kwa motseng wa Mahalapye.
A re o gakgamadiwa ke gore batho bangwe ba a ngongorega fa ba utlwa a re ditsale tsa gagwe o di rekisa makgolo a le mararo. “Kana tlhaloganya gore tlhale ke dirisa tse pedi, mme di rekwa P50 e le nngwe, letsela lone ke P40 phatsa e le nngwe, mme e bile go roka tsale o e dira makgabe a maleele a e itsegeng ka yone, go tsaya lebaka go rokwa,” a senola se. O kgona go tsaya beke yotlhe go fetsa tsale e le nngwe, mme a dirise phatsa e le nngwe le sephatlo kana go feta. Mme o boa a gatelela gore e rokwa ka manontlhotlho, botswerere le kelotlhoko e kgolo ka gore fa a ka tlola thapo e le nngwe, makgabe a, a tsile go tharologa fela otlhe. Ntswa a sa tshware sentle gore tsale e e tlholegile jang, Mme Obokeng o belaela fa bagolo ba ne ba simolola go dirisa tsale mo boemong jwa mogagolwane, ba lebile seemo sa loapi. “Bagwe ba ne ba bewa mo matlong ba tswaletswe lebaka le leleele. Mme ka letsatsi le lone le ne le fisa, ba fufudiswe ke bokete jwa mogagolwane. Mme ka jalo ba simolola go kgatlhegela tsale e gompieno re e dirisang mo morerong,” a tlhalosa ka go gatelela gore “ga se e e aparwang mo dintshong, ke ya go ipela.”
Tsale e e tlholegile e tlhabiwa ka kgokelo fa e aparwa. Malatsing ano, e kopelwa ka diboroutshe tsa segompieno tse di oketsang bontle jwa tsale e le go feta. Ka banana ba ba sa tsewang le bone ba ka se batle go salela kwa morago mo kaparing e, Mme Obokeng o simolotse go roka ditsale tsa mokgabo tse di dirilweng ka leteisi kana jeremane, mme o bolela fa bomme ka kakaretso ba e ratile thata. Mme Gladys Mguni, yo o tlholegang kwa Bobirwa mme ka tseo e le wa motse wa Jackalas No. 1 ene o bolela gore ba gola ba fitlhela ditsale di ntse di dirisiwa mo mererong ya manyalo. “Di dirisiwa mo patlong, e le tlotla le tlhompho ya gore ngwetsi a bewe tsale mo magetleng.” O senola gape gore ba bangwe bagolo ba di dirisa gore ba se ka ba bonwa ba sa baya sepe mo magetleng, bogolo jang bagwegadi. “Ke kobo ya tlotla, ga se ya diphathi” a kgalema. Mme Mguni o tlhalosa gore mo dikgaolong tsa bone, e tlotlilwe thata ka mmala o mosweu, le go aparwa ka leteisi le le tala. Merafe e megwe, o bolela fa ba dirisa e e mmala wa botala jwa loapi. “E e lephutshe yone ga ke ise ke e bone mo patlong. E ka tswa e le ya mokgabo, ke bona thata e tshweu le e tala.” Mma Mguni o tlhalosa gore ga go kgonafale gore mosadi o ka apara tsale e tshweu le e tala a sa batliwa.
O tshwanetse go nna le molao pele ga o ka e apara. O bolela gore fa mongwe a apara tsale eo go iwa morerong, ba a mmusa, kana ba mo tlogela fa kgorong. “Kana o tshwanetse go e apeswa, ka nako ya kapeso, ga a ikapese fela.” O tlhalosa gore merafe ka bontsi go simolola fa motseng wa Dibete go ya kwa bokone, ba tlotlile go dirisa ditsale go na le megagolwane. Mogwebi yo mongwe wa ditsale, Mme Keteng Motshegwa, yo le ene a neng a ile go supa kgwebo ya gagwe, o dumalana le bomme ba gore tsale ga se matshamekwane. A re kgwebo ya gagwe e tsamaya sentle thata ka gore manyalo a mantsi thata. O dirisa letsela la peachskin le a reng le lentle thata go gaisa le le tlwaelesegileng thata la cotton mo thokong ya ditsale tse le ribbon e bidiwang samosa lace e e nang le diphatlhanyana gore a tlhabele mo go yone gore gape go mo fokoletsa tiro e ntsi. Le ene o tlhalosa gore mmala o o tumileng thata ke o mosweu. O ne a tlhalosa gore go mo tsaya malatsi a le mararo fela go fetsa tsale fa a dira bosigo le motshegare. Mme Motshegwa o bolela fa a dira gape le tse di mmala o montsho tse di tlwaelesegileng mo go rouleng.
A re ene fa a gola, o fitlhetse e e pink le lephutse e le tsone tse di tumileng mo manyalong. “Tota tsale o e apeswa fa o nyalwa, o e apeswa ke basadibagolo ba le bone ba e apesitsweng. O e apeswa o ntse fa fatshe, o namile maoto o laiwa,” Mme Motshegwa yo o tlholegang kwa Mmadinare a tlhalosa. “E raya boleng jwa ga mme, e mo fa le seriti. E na le seriti, e a tlotlwa, ga se mo ke ka e aparang ke ya mmolong.” Ntswa Mma Motshegwa a kgabisitse tse dingwe ka phatsanyana ya leteisi mo dithoko, o bolela fa boleng jwa yone bo sa fetoge, e le fela go farologanya. Motshegwa o tlhalosa gore le kwa kgotleng e kgonwa go aparwa e le fela o supa tlotlo. O bolela gape gore e tlotlegile thata mo Bangwatong le Batawana ba bopeleditse ngwetsi ba e isa kwa lwapeng. “Mme le gale ke kile ka utlwalela bangwe ka fa Aferika Borwa ba re le bone ba a di dirisa le fa tota ke sa itse gore ke ba morafe ofe mme bone ba teng.” ENDS



