Volume 50 Issue 8 - August 2012 : Others

Ditso tsa motse wa Diphuduhudu

Author : Keonee Kealeboga

Fela jaaka metse e mengwe mo lefatsheng la Botswana, motse wa Diphuduhudu o na le motlhala wa one o o papametseng o o supang tlholego le ditso tsa one. Ditso tse, di akaretsa go thaiwa ga motse o, ga mmogo le kgolo ya one ka tlhatlologano ya dingwaga. Bosheng jaana, Kutlwano e ne ya itshwaraganya le bogogi jwa motse o go utlwa ka fa o tlholegileng ka teng. Mo puisanong, kgosi wa motse Rre Shaluka Dipina, o ne a tlhalosa fa motse o o thailwe ka ngwaga wa 1989 ka kgwedi ya Ngwanatsele.

Dipuisano tsa go tlhongwa ga motse oo di ne di sale di simolotswe ka ngwaga wa 1987 mme ya re di wela ka 1989, motse wa Diphuduhudu wa runya. Go ya ka Kgosi Dipina, banni ba Diphuduhudu ba ne ba tswa kwa tikologong ya lefelo le motse o neng wa tlhongwa mo go lone. “Re ne re tla re tswa gone mo tikologong mo. Bangwe re tswa mo merakeng ya Makgotshane le ya Tshwaedi, ba bangwe kwa masimong a Madubatse. Bangwe mo go rona ba ne ba tla ba tswa kwa Mokgalwane, kwa Sedibeng sa ga Peter Mmusi kwa bophirima jwa motse,” ga tlhalosa Kgosi Dipina. Ntswa ba ne ba kgotsofalela matshelo a bone kwa ba neng ba nna teng pele, kgosi Dipina a re ditsholofelo tsa puso tsa go ba tlisetsa ditlhabololo di akaretsa sekole le kolelwana di ne tsa nna le seabe se setona mo go hudugeleng ga bone kwa lefelong le motse wa Diphuduhudu o emeng mo go lone mo nakong eno. Le fa gone kgosi a tlhalosa fa ditsholofetso tsa puso dingwe jaaka go phimolwa dikeledi morago ga go hudusiwa di ise di fetoge boammaaruri, o lebogela diphetogo tse khuduga ya bone le go tlhongwa ga motse wa bone go di tlisitseng mo matshelong a banni ba motse oo.

A re mo nakong ya gompieno, banni bangwe ba setse ba ruile, selo se pele bone e le ba morafe wa Basarwa ba neng ba sa itsege ka sone. “Re simolotse go rua ka ngwaga wa 1990. Bangwe puso e ne ya ba fa dikgomo  tse pedi le dipodi tse tharo mme se ya nna tshimologo ya go rua mo go rona. Pele ga moo, re ne re tshela ka diphologolo le digwere. Re ne re e ja morama le moretlwa mo sekgweng mo,”  a tshwaela. Go thaiwa ga motse wa Diphuduhudu e nnile kgato e ntle go ya ka Kgosi Dipina, le fa gone fale le fale banni ba itemogela dikgwetlho tse di farologaneng mo matshelong a bone a letsatsi le letsatsi. Kgosi Dipina o itumelela ditlhabololo tse di setseng di dirilwe kwa motseng wa gagwe. Sebe sa phiri ke go tla ka monokela ga tsone. “Ditlhabololo di teng. Le fa gone tota re ise re di kgotsofalele, ga go tshwane. Tota fa nka re go tshwana le fa re sa ntse re nna mo sekgweng ke tlaa bo ke sa bolelele ruri”, ga bua jalo kgosi. Mo nakong eno, motse wa Diphuduhudu o na le diofisi tsa kgotla, sekole se sebotlana, kokelwana. Le fa ditlhabololo tse di sa lekana, di dira pharologanyo e e seng kana ka sepe mo matshelong a banni ba motse oo. Kgosi Dipina a re fa ba thibelela kwa Diphuduhudu, ba ne ba dira ditumalano e le banni ba motse gore ba ya go tsamaisa bogosi jwa bone jang.

Tumalano ya mmammang e ne ya nna gore kgosi o tla tlhongwa go lebilwe bokgoni jwa gagwe go ka tsamaisa merero ya motse. Morago ga ditshekatsheko tsagore bogosi bo ka tshegediwa ke mang, go ne ga tlhotshwa ga ba ga tlhongwa mo setilong Kgosi Ramonneng Ratlhogo go nna kgosi wa ntlha wa motse oo. Morago ga loso lwa gagwe ka ngwaga wa 2001, morwae e leng Rabojalwa Ratlhogo, o ne a tlhotshwa go mo tlhatlhama. Le fa Rabojalwa a ne a na le mogolowe, go ne ga tlhotshwa ene go lebilwe dithutego tsa gagwe. Banni ba ne ba dumela gore ka ntlha ya go itewa letsogo ga gagwe, o ne a tla kgona go dira tiro ya bogosi ka bokgabane jo bogolo. Ka maswabi, kgosi Rabojalwa o ne a se ka a tshela lebaka le leleele, ka a ne a tlhokafala dikgwedinyana morago ga go tlhongwa mo bogosing. Go ya ka Kgosi Dipina, Kgosi Rabojalwa o ne a kubugelwa ke bolwetse mme a tlhokafala. “Rabojalwa e ne e le morutabana, o rutile kwa dikoleng di ka nna pedi kwa Molepolole. Ga a a diega mo bogosing, kana fa a tlhokafala o ne le madi a gagwe a bogosi a ise a simolole go a amogela. Ke fa e tlaa re morago ga loso lwa gagwe ga tlhongwa Pekenene, e leng mogoloe,” Kgosi Dipina a tlhalosa. Pekenene Ratlhogo le ene fela jaaka monnawe, o ne a se ka a diega mo go kalo mo setilong sa bogosi.

Pharologanyo e nnile fela gore ene o ne a se ka a ikela badimong jaaka Rabojalwa ka jaana ene a ne a kojwa mo tirong. Go ya ka Kgosi Dipina, Pekenene o ne a amogwa setilo ka ntlha ya fa maitsholo a gagwe a ne a sa amogelese; a re Kgosi Pekenene o ne a sa tlotle tiro ya gagwe jaaka kgosi. Morago ga go kojwa ga ga Kgosi Pekenene, go ne ga tlhongwa kgosi wa nako eno, Kgosi Shaluka Dipina, e ne e le rangwaneagwe Rabojalwa le Pekenene. E ne e rile go le pele, kgosi Dipina a bo a dira a le mothusa-kgosi. Morago ga go bewa mo setilong, kgosi Dipina o ne a tlhoma dikgosana mo dikgotlaneng tsa motse oo go mo thusa go tsamaisa motse. Kwa kgotleng ya Mokgalwane, o ne a tlhoma kgosana Jaakgama Legonyana, kwa Madubatse a tlhoma Rre Warona Kgano, kwa Makgotshane a tlhoma Rre Matabane Maise, fa kwa kgotleng ya bone ya motse oo ya Maitsonkwane gone a ne a tlhoma kgosana Rammese Rakepu. Kgosi Dipina a re fa a tlhoma dikgosana tseo ne a lebile ka fa ba rulaganyeng ka teng mo lesikeng la borraabone, a bolela fa bangwe mo go bone ba ba neng ba supile kgatlhego ya go fiwa setilo sa bogosi jwa motse a ne a ba lemotsha fa seo se se maleba ka ene a le mogoloabone fa go lejwa matsalo a batsadi ba bone.

Boitsholo jwa banana ba motse wa Diphuduhudu go ya ka kgosi ke jo bo sa jeseng di welang. A re banana ba motse oo ba tshela matshelo a a ngomolang pelo ka ba ineeletse ntshe fela. “Boitsholo jwa banana bo tlhakatlhakane. Sa bone ke bojalwa fela. Fa e le dipalo tsa go ima ga basetsanyana tsone di swabisa tota; ke  matlhabisaditlhong,” Mo ntlheng ya boimana Kgosi Dipina o tshwenngwa ke maitsholo a bana ba basetsana ba motse wa gagwe. “Se se gakgamatsang ke gore basetsana ke bone ba latelang basimane kwa  magabone. Nna mo go goleng ga me ga ke ise ke bone basetsana ba kukuna. Bogologolo go ne go latiwa setlhako sa mosimane e seng sa mosetsana,”a ngongorega. Kgosi a re sengwe gape se ba se lemogileng e le bagogi ba motse ke go nna matlhomatlho ga bana ba basetsana, mo e reng le fa ba imile ba bo ba sa itse gore ba imisitswe ke bomang. Selo se, kgosi a re se feletsa se rwesa batsadi mokgweleo wa go godisa bana ba go sa itseweng borraabo. Kgosi Dipina a re pele ga ba hudugela kwa motseng wa Diphuduhudu, ba ne ba sa itse sepe ka madi. Theko le thekiso go dirisiwa madi e ne e sa tlwaelesega mo bathong ba motse oo mme ba ne bontsi jwa nako ba reka le go rekisa ka go amogana dithoto tse ba nang le tsone. “Re ne re amogana dilo, o ne o ka tsaa letlalo la tshipa wa ya go kopa mabele mo mongweng. Madi re kopane nao re sena go hudugela kwano. Le gompieno go sa ntse go na le bagolo bangwe ba ba sa itseng mosola wa madi,” a sedimosa jalo. 

Mokhanselara wa kgaolwana ya Malwelwe, e motse wa Diphuduhudu o welang ka fa tlase ga yone, Lefty Ramotswai o kgotsofalela ka fa ditlhabololo di tlang ka teng mo motseng oo. Matshwenyego a gagwe a matona ke bokgoni jwa badirela-puso, go dira tiro ya bone ka ntlha ya tlhaelo ya didirisiwa. Rre Ramotswai o dumela gore fa badirela-puso ba ka fiwa ditsompelo tse ba di tlhokang ba bo ba bewa leitlho ke bagolwane ba bone tiro ya bone e ka tokafala mme ditirelo e nne tse di kgotsofatsang. Mokhanselara Ramotswai gape o eletsa gore badirela-puso ba ba hudusediwang kwa mafelong a mangwe ba emisediwe ka bofefo go itsa go dia go ntshiwa ga ditirelo. Keletso ya gagwe e nngwe ke gore tsela e e yang kwa motseng oo e tshelwe sekontere ka ya lekgarapana e e dirisiwang mo nakong eno e le mo seemong se se sa kgatlhiseng. O batla gape puso e ka fa motse oo dikoloi tse di ka thusang mo ditirong tse di farologaneng. Mo nakong eno a re lenaneo la go latela bana ba ba tshabileng sekole ga le bereke sentle ka batsamaisi ba lone ba tlhoka se ba ka latelang bana kwa merakeng le kwa masimo ka sone.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Mme Iponeng Ntehelang o itumelela kgolo ya motse wa bone. O itumelela segolo bogolo maiteko a puso a go nyeletsa lehuma. A re ka ntlha ya lenaneo le motse wa Diphuduhudu o kgonne go nna le maabeelo a borotho teng, selo se a reng se tlisitse pharologanyo e e seng kana ka sepe mo matshelong a batho ba motse oo. Le fa go ntse jalo, Mme Ntehelang o eletsa batho botlhe ba ba tlhokang dithuso tsa lenaneo le ba ka di fiwa, a tlhalosa fa banni bangwe ba batla go thusiwa go bula dimausu fa bangwe bone ba batla go tsena mo thuong ya dihutshane.  Fa a ama dikgwetlho tse komiti ya gagwe e nang natso, Mme Ntehelang o kaile fa tlhaelo ya madi e di goga kwa tlhogong, mo komiti e nnang gangwe le gape e iphitlhela e retelelwa ke go fetola ditoro tsa yone boammaaruri. Go leka go lwantsha mmaba yo, a re ba tlile ka leano la go bopa ditena mme ba di rekisetse banni ba motse oo go dira letseno le ka lone ba ka dirang ditiro tsa komiti. Mo nakong eno, komiti ya gagwe e tshwaragane le go sekaseka mogopolo wa go agela batlhoki matlo, mme sebe sa phiri ke gore madi ga a ise a nne teng a go dira jalo. Tsholofelo ke gore dipoelo tse ba di bonang ka thekiso ya ditena di tlaa ba atametsa kwa go kgoneng go atlegisa lenaneo leo. Ka lenaneo la Ipelegeng, Mme Ntehelang a re matshwenyego matona a bone ke go tlhaelelwa ke didirisiwa tse di tlhokwang. “Re hira batho mme re tlhoke tsone didirisiwa tse ba ka di dirisang jaaka dilepe.

Se se raa gore babereki ba kgona go felela ba ntse fela ba sa dire sepe,” a tlhalosa Nngwe ya ditlhabololo tsa motse wa Diphuduhudu ke sekole se sebotlana. Sekole seo se na .le baithuti ba le 238, mo  palong e basetsana ba le 112 fa basimane bone ba le 126. Se se tlhalositswe ke mothusa mogokgo, Mme Julian Monnane. Mme Monnane a re maduo a bana ba sekole seo ga a itumedise ka a le kwa tlase ga seemo se se eletsegang. A re le fa barutabana ba leka ka bojotlhe go fa bana boswa jwa thuto, ga go thuso kana kemonokeng epe go tswa kwa batsading le batlhokomedi ba bana.Ba lebanwe gape ke kgwetlho ya go tlogela sekole ga baithuti ba sekole seo, mme a re se se gakadiwa ke gore fa batsadi ba bona ditiro mo dipolaseng tse di dikologileng motse oo ba tsamaya le bana ba bone go ya go nna le bone koo. Mme Monnane a re ba ne ba simolodisa lenaneo la Circles of Support le ka lone ba itlamileng go thusana le batsadi go latela bana ba go nna jalo kwa dipolaseng go ba busetsa mo sekoleng. Le fa maiteko a lenaneo le a le mantle, letlhoko la dipalamo le a busetsa kwa morago, ka bontsi jwa nako batsamaisi ba lone ba iphitlhela ba tlhoka yone koloi e ba ka e dirisang go latela bana kwa merakeng.

Go ya ka Mme Monnane, fa e sale ngwaga o simologa, go setse go dule mo sekoleng bana ba le lesome le borataro, mo go bone a le mongwe a dule ka ntlha ya boimana. Bagogi ba sekole seo gape ba itumelela kemonokeng ya komiti ya batsadi le barutabana, le ba reng modulasetilo wa yone o tlhaga thata mo ditirong tsa sekole. Sekole sa Diphuduhudu gape se na le tirisano le dikompone tse di farologaneng di akaretsa BOTEC, polokelo ya Standard Chartered, le Barloworld. Ba BOTEC ba setse ba kile ba abela sekole seo dikhompiutara di le tharo fa ba Barloworld ba ne ba agela baithuti bangwe ba sekole seo ba ba tlhokafaletsweng ke batsadi matlo. Kereke ya Baptist le yone e eme sekole seo nokeng, mo e rileng bosheng ba abela sekole seo dipensele tse di lekaneng go dirisiwa ke baithuti botlhe. ENDS

Buy Online Now!