Volume 50 Issue 8 - August 2012 : Social
Bogole ga se go tlhoka bokgoni
Author : Lucretia Chima
Ke batho ba se kae fela ba o tlaa fitlhelang ba le motlotlo ka bana ba bone ba ba nang le bogole, ebile ba kgona go nna le katlhego le thotloetso go bona gore bana ba ba felela ba le sekao mo setshabeng. Ke ka seo bontsi jwa ba-na-lebogole bo sa rutegang ka gore ga ba a fiwa sebaka jaaka bana ba ba se nang bogole.Selo se ntswa puso e tswa kgakala e itaya letlapa ka le lengwe ka go fa ba-na-le-bogole thuto jaaka botlhe, batsadi ba bangwe ba ntse ba saletse kwa morago, ba beile bana ba kwa mahure, ga ba ke ba tswa ka kgoro ya lelwapa.
Gantsi bana ba, ba ne ba sa tlhokomelesege e bile bana ba ba itekanetseng ba rata go ba tshamekisa fa gongwe e bile ba ba kgerisa, e ka re ke bompopi, ga bana maikutlo, mme go se ope yo o kgalemang. Le fa go ntse jalo, bangwe ba na le go supa ba bangwe ka menwana go rotloetsa kgethololo ya go nna jaana. Mme bontsi bo tlaa leboga letsatsi le puso e neng ya tsaya tshwetso ya gore go nne le ofisi fela e e itebagantseng le ba-na-le-bogole, ka go lebega se, se tsisitse pharolaganyo e ntsi e bile e ntshitse batho kwa morago. Pele ba-na-le-bogole ba ne ba itse gore lefelo le ba ka bonang lerato kwa go lone ke kwa kerekeng, selo se se lebegang se tlaa fetoga gotlhelele ka makgotla a ba-na-le-bogole puso, setshaba ka kakaretso se emetse kgang e ka dinao. Mo bosheng, Tautona Lt Gen Seretse khama Ian Khama, palamente, badiri ba lephata la merero ya ga Tautona, le badirelapuso ba ne ba tsaya kgato go lema tshingwana ya merogo kwa setsheng se se siketsweng ba-na-lebogole kwa Block 8.
E ne e le semphete ke go fete fa matona le beng ba tiro ba ne ba tlhanasetse go bona gore toro e, e fetoga nnete. Go ne go lemotshega gore le bone fela jaaka Motswana mongwe le mongwe, ba ntse ba emetse sebaka se go supa gore bogole ga se go tlhoka bokgoni. Tshingwana e, ga se e re e tlwaetseng, ka ya one e agelwa mo godimo ka dikota go leta gore ba kgone go direla mo go yone ba le mo dikolotsaneng tsa bone. Go setse go tlwaelesegile gore letsatsi la badirela puso la go direla setshaba ke letsatsi la moroba mo go bangwe. Mo letsatsing le, ba ne ba iteka thata go bona bonatla le thata e ba-na-le bogole ba neng ba lomile molomo wa tlase ka teng. “Ke batla go tlogela motlhala wa me fa, ke lema tselana ya me ke le nosi,” ga tlhalosa modirelapuso mongwe yo o neng a lebega a le maikaelelo a mantle. Tiro e ne e amoganwa sentle, go supagala gore kgetse ya tsie, e kgonwa ke go tshwaraganelwa. Ntswa go ne go le serame se se masheta, bontsi bo ne bo sa se reetsa, sa bone e le go bona phelelo ya tshingwana e.
Mme e bile go ne ga supagala fa maikaelelo a, a gapile ba le bantsi maikutlo ka ditsala tsa lefatshe la rona le bone ba ne ba supa fa ba eme tiro e nokeng. Sekgantshwane sa Botswana, Mma Botswana wa pele Emma Wareus, a supa fa a se montle fela, le pelo ya gagwe e ntse jalo ka go itlama go abela lekgotlana le dikolotsana tse di masome matlhano, fa ba Loins Club ba ntshitse tse di lesome. Godimo ga moo, National Prayer Team e ne ya segofatsa lekgotla le ka dikharabane tse di tlaa dirisiwang e le diofisi. Kompone ya Excavator le yone e ne ya bona gore lefelo le, le a gopiwa pele ga baeng ba le etela. Mme International Islam Relief go tswa kwa Saudi Arabia e netefaditse fa e tlaa tlhabolola lefelo le. Ya re a ntsha la gagwe, motshwarelela tona wa ofisi ya ga Tautona Rre Phandu Skelemani, a re maikaelelo magolo a lekgotla le ke go bona ba-na-le-bogole ba itirela go itshetsa. O ne a re puso e tshwenngwa ke go salela kwa morago ga ba-na-le-bogole mo go diriseng mananeo ka bontsi. O ne a re e le ba ofisi ya ga Tautona, ba eme ka dinao go bona gore ba-na-le bogole ga ba kgethololwe mo go sepe.
Tona Skelemani o ne a re lefelo le, le tshwanetse go tsamaisiwa ka kelelo ka le ka solegela ba-na-le-bogole molemo. Bontsi jwa ba-na-le bogole le setshaba ba dumela fa lefelo le le tlaa dirisiwa go lemoga bokgoni le go utlwa lentswe la batho ba, ba ba saleng ba bewa ka fa mosing ke dipopego tsa bone. ENDS



