Volume 65 December 2026-January 2026 : Polelo
Gare go tseneng?
Author : Ndingililo Gaoswediwe
Ao! Ga-Mmangwato go tseneng fa dikgotlhang tsa bogosi di kekela jaaka molelo wa mariga o o ja naga jaana? Motse le motsana ba fetotse dikgotlhang tse mokgabo, ka ke one e reng o bona moagisani wa gago a kgabile le wena o tsene fa go bo Tshasa go phamola se o ka ikgabisang ka sone. Fa dikgotlhang tse, e ka bo e le mogare metse ka bontsi go ralala kgaolo ya GaMmangwato e ka bo e amegile. Fa o leba kgaolo ya Letswapo, metse e tshwana le Lerala le Majwaneng e kile ya angwa ke bolwetse jo, fa kwa Mhalapitsa seemo se bifela pele.
Dipatlisiso tsa Kutlwano di supa fa ngwaga tse pedi tse di fetileng kwa Majwaneng go ne go tsogile kgaruru gareng ga ga Kgosi Gomolemo Molebatsi le George Moeng yo o neng a tlhalosa fa bogosi bo lebane ene ntswa Kgosi Molebatsi a ne a tsaya setilo morago ga go tlhokafala ga ga rraagwe. Kwa Lerala, sekgala se sekhutswane go tswa Majwaneng, morafe o ne o sa batle Kgosi Sello Moroka ka o ne o sa itumedisiwe ke tsamaiso ya gagwe. Kwa Tswapong fa ba ne ba le pelotlhomogi ba ka bo ba ne ba itshwarela morwa Siele ka fa go dirafala jaana o kgaogelwa ke mpeetshane a le mo lebelong la go tlisa kagiso.
Kagiso e e opetsweng ke moswi K.T. Motsete mo pineng ya setshaba e Batswana ba ipelafatsang ka yone jaaka sekao sa lefatshe la bone. E le ruri fa mafoko a moswi a ka bo a agelwa mosako, kgotlhang ya kwa Mhalapitsa e e tsweletseng ka go potologa le makgotla a Setswana e e magareng ga ga Tuelo Matsowa le Bompoetse Gotshwanetse e ka bo e sa nna teng.
Matsowa yo e leng mongongoregi o batla Gotshwanetse yo e leng Kgosi ya Mhalapitsa mo nakong ya gompieno a intshe mo tirong ya bogosi ka jaana bo sa mo lebana. Fa o re o tshabela kwa Shoshong o e go fokwa ke phefo, o ya go fitlhela Kgosi Sejakgomo Ntsaga le Kgosi Felix Kgamane ba itaana ka noga e utlwa. Morafe wa Lesoso o kgatlhanong le tshwetso e e tserweng ke motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato Kgosi Sediegeng Kgamane ya go ntsha Kgosi Ntsaga mo maemong a Senior Sub Tribal Authority go nna Sub Tribal Authority, maemo a a neng a tshwerwe ke Kgosi Felix Kgamane yo mo nakong ya gompieno a neetsweng maemo a ga Kgosi Ntsaga.
Metse mengwe e e amilweng ke setsuatsue se sa dikgotlhang tsa bogosi e akaretsa Bonwapitse, Poloka, Dibete, Bobonong le Mogorosi. Semphete ke go fete e ya dintwa tsa bogosi e o ka reng ya batho ba le mo lebelong la khumo e ne ya gwetlha Kutlwano go latedisa kgang e gore matsapa di ka tswa di a tsaya kae. Kgosi Duncan Segotsi wa Mahalapye o ne a tlhalosa gore mo dingwageng tsa maloba fa a ntse a tlhalefa, o ne a tlhaloganya fa bogosi e le selo se se tsalelwang.
Bogosi bo ne bo rerwa ke ba ntlo ya bogosi, bangwe le bangwe ba itse gore ba tlhomagana jang ka ditso tsa bone kgotsa ka fa ba tsalwang ka teng. Tlhatlologano e, ka fa tlhalosong ya ga Kgosi Segotsi e ne e le yone molemo wa dintwa tsa setilo sa bogosi mo merafeng ka go farologana. Ka nako eo, thulaganyo e e ne e agile merafe ya Ga-Mmangwato, tsotlhe di itsamaisa sesole, dikgotlhang tsa bogosi ba di utlwalela kwa merafeng e mengwe. Mme fela jaaka kgwele ya dinao e e kgonang go kgokologela gongwe le gongwe, Kgosi Segotsi o tlhalosa fa Mmangwato a ne a kgokologelwa ke seemo sa go tshwarelelwa ga bogosi.
Kgosi Segotsi a re bangwe ba batshwareledi ba, e ne e le bo esemang ka ba ne ba sa tswe mo malapeng a bogosi mme e ne ya nna gone jaaka dilo di dule tseleng. Sepolotiki le sone se bo se tsena mo dikgotleng go simololwa go tlhophiwa dikgosi mme ga tsala matshwenyego ka bogosi bo ne bo phamolwa ke mongwe le mongwe ekete dilwana tsa palabalo. Kgosi Segotsi a re bone ba e seng ba matlo a bogosi ba simolola go kgarameletsa ntle ba ba lebanweng ke ditilo tsa magosi. “…batho ba lebile madi jaanong, pele a ne a se mantsi jaaka gompieno, e sale go nna le madi mongwe le mongwe o a itshenka gore go tsene ene…re loswa ke madi,” a tlhalosa ka bonolo Kgosi Segotsi.
Fela jaaka buka e e boitshepo e bua gore madi ke modi wa tse di bosula, Kgosi Segotsi o ne a tlhalosa gore ba ba neng ba kgarameleditswe ntle ga bogosi ntswa bo ne bo ba lebane ba batla ditilo tsa bone gore le bone ba bone lemmenyana. A re madi a dikatso a tsetse tlhakatlhakano ka jaanong go lela le tse di senang dinamane mme molemo wa kgang e ke go busetsa dilo kwa ditsong tsa tsone. ENDS



