Volume 50 Issue 8 - August 2012 : Polelo
Goaletsa o tlhokile mogakolodi ruri...
Author : Keabetswe Idoh Dintwe
Mmaagwe Kesetse o ne a leba kwa tseleng, a bona Kesetse a tla le tsela a na le ditsala tsa gagwe, ba feta ba thibelela fa pele ga maemelo a dipalamo. Mosadimogolo a fela pelo, a tshwanelwa ke go ba tlhaeletsa ka lentswe le le bogale. “Kesetse! A na wena ga o ke o re letsatsi le phirimile? Lo bua eng se se sa feleng o ka re lo rera tlhogo ya ngwana wa motho jaana? A ditsala tseo tsa gago, ga di rongwe kwa malwapeng? Tiro ya sekole yone lwa reng ka yone?” Ba bo ba setse ba utlwile ka bonako gore MmaKesetse o kgopisegile. Kesetse a raya Maria le Salome a re, “Ditsala, mme o ya go mpolaya, lo a utlwa gore o goa jang? Ke sule."
Fa a tsena, a tsenngwa ke motho mo ntlwaneng ya borobalo, “O simolotse ditsela tsa boitaolo a kere, lo bua eng se se kanakana?” Kesetse a diga tlhogo, a tlhoka le se a ka se buang. Mmaagwe a tswelela ka gore, “Nna ga ke batle go tseta ngwanyana a le kana ka wena. Bona gore ngwana wa ga Ditsile ke yole o balelwa malatsi, go setse go beilwe kobo fela, wena o tsoma bolwetse. Ke a itse kana gore fa o bona lo riana, lo rera go lala lo fofa ka matlhabaphefo lo ya kwa go itseng lona fela. Lona ruri, lo tlaa felela kwa go ileng tsie teng.
Goaletsa Morula o na le dingwaga di le lesome le bone. O nna le nkukuagwe, MmaDitsile kwa motseng wa Lehututu, fa e sale mmaagwe Goaletsa, Ditsile a tlhokafala. E rile morago ga loso lwa ga Ditsile, MmaDitsile a lesa go lema, a bona go tshwanela gore a tlhokomele bana ba ngwana wa gagwe e bong Goaletsa, Kemmonye le Dineo. MmaDitsile a leka ka bojotlhe go lebatsa bana ba ngwana wa gagwe ka loso lwa ga mmaabo mme ga se ka ga nna motlhofo. Fa gongwe ba ne ba a tle ba nne mo ntlong ya borobasogo ba mmotse gore tota ke eng fa go ne go diragala jaana, gore ba tlhokafalelwe ke mmaabo ba sa le bannye. Kemmonye ene o ne a a tle a botse nkukuagwe gore ke eng fa mmaagwe a ne a sa ye kwa kokelwaneng go tsaya dipilisi tsa go thibela go anama ga mogare wa HIV. Gantsi fa go nna le dipotso tse di mafaratlhatlha tse, MmaDitsile o ne a leka ka bojotlhe go tlhalosa fa a ka kgonang teng. Ka malatsi a mangwe ba felela ba rothisa keledi. MmaDitsile a leke go ba fapa ka kobo ya botsadi, a ba kope gore ba rapele. Dineo ene ka e bile a ne a sa ntse a le monnye thata, o ne a botsa gore ke eng ba rapela mme mmaabo a sa boe, a sa itse gore go molato. Ka malatsi a a tshwanang le one ao, ba tlaa ya go robala ba sulafaletswe botlhe. Goaletsa wa Modimo o tlaa lala a gotlhola bosigo jotlhe. O ne a nna a bua gore o tlhoafaletse go utlwa mmaagwe a opela mo kerekeng. Goaletsa le ene o ne a tshotswe a o na le mogare wa HIV ka ntlha ya go tlhoka go tlamelwa a ise a tsholwe.
E rile fa dikgakologo di simologa, o ne a nna le letshololo. O ne a tloga a tsenwa ke sehuba se se sa feleng, o gotlhola thata fa go le bosigo. MmaDitsile o ne a hutsafala thata fa a gopola gore ngwana wa ngwana wa gagwe o ka ya go robadiwa kokelong. O ne a feditse madi a gagwe a dikamogelo tsa bagodi go duela dingaka tsa setso, a solofela gore ba tlaa thusa Goaletsa. O ne a kile a leka le go mo isa kwa ngakeng nngwe ya Sekgoa kwa Lobatse..leina la gagwe le nkgakelang ne, gatwe ngaka Patela. Ngaka Patela o ne a boleletse MmaDitsile gore ngwana yo o tshwanetse go ya kwa kokelwaneng kwa Hukuntsi, go ikwadisetsa go tsaya dipilisi tse di ritibatsang mogare tsa Anti Retro Viral (ARV). MmaDitsile o ne a sa tlhaloganye sepe ka tse a di boleletsweng, e bile a sa dumele go isa ngwana, ka a ne a tsaya gore ngwana o na le diso tse dintsi ka jalo di ka kgonwa ke boreaitse ka methuso. Le ene o ne a ne a mo leka ka serokolo, go se nko e tswang lemina. Ba boitekanelo ba longwa ke mongwe tsebe, ba itshwenya ba mo etela, a feta a ba garaswanya jaaka lekgasa la kobo. “Lo utlwile mang o re ngwanake o a lwala? Kana fa lo riana loa bo lo ka tloga kwa re o na le AIDS mme lo ntse lo bona gore o tshwerwe ke diso, a ga lo bone gore di tswela kwa ntle? Kana lona lo rata dikgang tsa batho mme tsa lona di lo palela. Lo tlhoka tiro ke a lo bona.” Ka nako e, go ne go utlwisa botlhoko ka gore ba boitekanelo ba ne ba lekile go bua le ngwana le nkukuagwe gore a tle go bona thuso mme mosadimogolo a gana. Ka nako e go ne go setse go beilwe kobo fela. Mmaboitekanelo a nna a mo tlhola kwa lelwapeng, mme go ne go setse go se na gore o ka reng motho wa batho. Letsatsi lengwe a tla a tsholetse MmaDitsile diatlana gore a nne a tshware molwetse ka tsone, a di latlhela kwa ntle. Ruri fa a ka bo a ne a reetsa, Goaletsa o ka bo a bone thuso, a bo a tshela lebaka le leleele jaaka bontsi bo dirile.
Goaletsa a latlhegelwa ke mmele fela thata mo marapo a dikgetlana a neng a bonala, bogolo jang fa a hema ka bothata ka lebaka la go hupela le go gotlhola thata. O na le diso tse di nang le bosweu mo ganong, tse di neng di mo itsa go ja sentle. Nkukuagwe o mo fa motogo le mashi ka gore ga a kgone tse di thata le tse di letswai. Marinini gagwe a tswa madi ka dinako tse dingwe. Meno a gagwe e bile a somogile ka ntlha ya go bola. Letshololo le lone le a nne le itelekela, a setse a thusiwa ke go dirisa metseto. Ditsala le baagisani ba itshwenya ka go gakolola mme ba itaya ka kwa ntle jaaka tlhobolo ya bobojane. Ditsala tsa ga Goaletsa, Baitshepi le Kesegofetse, ba ne ba a tle ba akanye go ya go mo tlhola mme ba tshaba go tsena ka gore ba ne ba na le kakanyo ya gore le bone ba tlaa tsenwa ke bolwetse. Mmangwaneagwe Batshepi e bong Selebatso, o ne a mo reile a re fa ba ka bo ba tsena kwa lelwapeng lele, o tlaa tsenwa ke mogare wa HIV.
Kwa sekoleng le gone ba ne ba tlhogelelwa Goaletsa thata. Ba tlelase ya gagwe ba ne ba a tle ba lebe setilo sa gagwe ba bo ba ipotsa dipotso ba bo ba botsana, go sena ope yo o nang le karabo. Goaletsa o ne a tshameka motshameko wa bolotloa e bile a opela mo khwaereng ya sekole. Bomonnawe Goaletsa le bone ba ne ba eletsa go mmona a tshameka le bone a itekanetse. Sekoa se ba se bonang se omeleletse mo bolaong se, ga se mogoloabone, yo ba mo itseng ka ditshego, ka go tshameka le go binabina fa a le mo lwapeng. Goaletsa yo ba mo tlwaetseng o ne a nna a le matlhagatlhaga, a opela, e seng lapetse ruri, a kuakua ka botlhoko. MmaDitsile o ne a setse a latlhegetswe ke tshepo ka ngwana wa ngwana wa gagwe. Se a neng a se lopa ka nako e, e ne e le gore ngwana yo a se ka a boga ka lobaka jaaka mmaagwe, bogolo Modimo a mo itseele ka bonako.
Ka nako eo, o ne a setse a ipotsa gore tota o ya go boloka Goaletsa ka eng. Bomonnawe Goaletsa ba ne ba sa eletse gore mogoloabone a bogisiwe ke bolwetse mme gape ba sa eletse gore loso lo mo tseye. Goaletsa o ne a itse gore o a lwala, fa gongwe a goa, a bua a le mo maibing a re “Ke etla mama, ga ke na go diega le e seng, ke etla.” Fa ba utlwa a rialo, ba tlaa lela sa mahumapelo. Goaletsa o ne a sa itse le se a se buang, go lebega bolwetse bo ne bo setse bo mo ile kwa tlhogong. Ya re letsatsi lengwe ba tsoga, Goaletsa a ba botsa gore ke eng fa batho ba sa robala go le bosigo jo bo kana. Golaetsa wa Modimo o ne a dirwa ke gore o ne a sa bone, dintlho tse di nang le dipudula di ne di mo mamere mo mmeleng. Goaletsa o ne a bua gore ene o eletsa go ipona a na le mmaagwe, ba opela jaaka ba ne ba atle ba dire. Letsatsi lotlhe leo, o sale a tlhola a kgorotlha jaaka kolobe, a se na molomo. Bagolo ba tla go latlhela bofofu, ba bolela fa go setse lone letswalo fela. Ya re fa le ya go phirima, ngwana wa ga Ditsile a neela mowa, ….Goaletsa, ga se go itse go bofa…o tlhokile mogakolodi ruri. ENDS



