Volume 50 Issue 4 - April 2012 : Polelo
Go tsamaya ke go bona
Author : Lucrecia Chima
Motho wa maloba o ne a opile kgomo lenaka fa ane a re go tsamaya ke go bona. Le fa go ne ke ne e kare ke tlhaloganya kgang e, ke ne ke is eke tlhaloganye thata go fitlhelela loeto lame go ya kwa Nigeria bosheng.
Lefatshe le, ke ne ke ntse ke le itse felaka le tumile fela that aka bo 419 ditlhopha tse di itsegeng, ka go tsietsa batho mo maranyanengainthanete.
Kwantlegadisenyi tse, lefatshelaNigerialeitsegethatakaoleee satlhotlhiwang,gapeke lengwelamafatshea a itsegeng ka kgwele ya dinao mo Aferika ba ba kileng ba tuma thata ka dinako tsa bone jaaka boJJ Okocha, Taribo West.
Ba ba kileng ba le etela fa ba bua ka lone ga ba kgwe mathe, mme ebileke sonesesekagodiranggoreonnele keletsoyagoetelakwaNigeria,kanaNaijajaaka bengbalonebalebitsa.
Lefatshe la Nigeria le kwa bophirima jwa Aferika, le feta mafatshe a mangwe ka palo ya batho, mo bogompienong, le na le batho ba ba fetang 150 million. Ntswa le tsere boipuso jwa lone ka ngwagawa1960, basena go buswake puso ya mmamosadinyana,se gase supagale thatathata ka barata ngwao ya bone thata. Jaanong ka batsadi ba me ba jele dikgomo tsa batho, ke ne ka tshwanelwa ke go bona gore ke etela kwa bogogwadi.
Re gorogile ka dinako tsa setlhoboloko kwa maemelong a difofane a Murtala Mohammed International Airport kwa Lagos. Mme ka bangwe ba ne ba kile ba ntlhagisa gore fa ke tsena koo, ke bofe sefatlhego gore badiri ba teng ba tshabe go nkopa, selo se se sa tlwaelesegang mono gae bogolo jang o lemodirelapuso, ka dira fela jalo. Kae? Fa o tswa Botswana ga o itse sepe ka bogale, fa o sa ntse o dumedisa fela, o setse o garumelwa o bolelelwa gore o dire ka bofefo o sutele ba bangwe.
Fa e kare o tsenwa ke tsebetsebe, ba lemoga gore o moeng e bile gone foo ba setse ba go soka letsogo, gore o ntshe sengwenyana, bogolo jang ka baitse gorebatho babatswang kwa ntlega lefatsheleo, batla ka didolara lediponto. Felafa re fetsa ka tsa mosepele, ke fa jaanong ke lemoga gore re ile go sele. Selo se ba sa se rekiseng fela ke dumela.
Fa o tshwara kolotsana e e pegang dibeke ke madi, fa o sa ntse o lebaleba yo o tshwanetseng go tla go go gorosa, boradithekise ba kopakopane le wena ba batla go go isa. Fa o sa tshware dibeke tsa gago sentle, beke e a phamolwa gore o ineele go pagama mo go yo o e tshotseng.
Fela fa o tswa ka kgoro ya lebala la difofane, jaanongotsayatsela eelebangntlhenge nngweyaLagos,ke gone jaaka o kgaogana le go iketla. Ijoo! ke fa re lopa gore re goroge kwa re yang teng pele re latlhegelwa ke matshelo re ise re goroge kwa re go yang, bogolo ka tota re ne re etela kwa motseng wa Ubomiri, go bapa le toropo ya Owerri kwa kgaolong ya Imo. Imo emo borwa botlhaba jwalefatshe leo.Nigeriao naledikgaolodile35.LoetolagotswaMurtala lene la ntemotsha gore mo Gaborone gagona batho, le tsone dikoloi ga di yo, ditsela tsa kwano di bulegile. Kwaa! ke semphete-ke-go-fete. Batho ba nyeula gongwe le gongwe. Lonaka lwa koloi lo lelela boatleng mo e ka reng ditsebe di tlaa kibana,faosalebegoreyooletsanglonakao letsa a le fa kae, o tlaa utlwa koloi e thulwa fela.
Le fa go thulwa jaana, ga go na yo o emang go re a bone tshenyo e a e dirileng, fa e le sengwe yo o thutsweng o ka ituela ka letlhapa go ikgotsofatsa. Fa gare le ka fa tlhoko ga ditsela tsa teng, go ba ba rekisang. Kwa go bone sekuta se se tlwaelesegilengkaleinalaokhada,sekgonago pega batho ba bararo go fokotsa tlhwatlhwa.
Fa o sa batle seo o kgona go pagama sa maotwana a mararo, se se khurumeditsweng ka le sone se le dituelo tse di botoka. Seo ba se bitsa keke.
Mo ditseleng bana ba rwele mo ditlhogong, dinotsididi, metsi le marotho a go hupa nama. O tlaa utlwa ka “Pure water! Pure water!” mogantsiregobonanggosupiwamo ditshwantshong tsa bone tsa motshikhinyego. Bontsi jwa bone ba sa ntse ba a nwa metsi a a tswang mo didibeng. Le fa re tsamaya jaana, ke fa re rototse matlho ka tsholofelo, e le go bona matlo a manobonobo a re tlholang re a bona mo metshamekong ya bone, le go bona mebolo ya bone. Owaii! Ra tswa fela, se se neng se itshupa thata e ne le matlo fela a a tlwaelesegileng mme e bile kwa go bone, marekisetso a fa pele ga matlo a teng. E bile ke ne ka simolola go bona botlhokwa jwa dikhansele tsa rona, go rotloetsa Batswana go direla dikgwebo fa go diretsweng dikgwebo, e seng gongwe le gongwe.
Selo se se neng sa mphatlha le go feta ke metsi a a kgophiwang go tswa mo mantlwaneng a boithomelo, mahuti a teng a sa khurumelwa fela fa pele ga malwapa. Le fa seemo se tsitsibanya mmele jalo, bangwe ba rekisa dijo tse di apeilweng fa thoko ga mesele e, selo se ke dumelang gore se ka tlogela ba le bantsi ba lwala, mme e seng bale. Diotele di teng ka maemo a tsone mme ka go farologana, sebe sa phiri ke gore motlakase wa teng ga o ikanyege.
Ntswa lefatshe le le rekisetsa mafatshe a mangwe, motlakase malatsi a kgona go feta a le mararo o seo, mme letsatsi le o tlang, selekanyo sa teng e bo ele sephatlo sa se se tlwaetsweng. Faontse jalo, ga o ka ke wa gatisa diaparo kana wa tsenya motlakase mo mogaleng wa letheka. Banni ba teng ba lebega ba tlwaetse seemo se, ka ba nna ba eme malalaalaotswe ka difetlhamotlakase. Se se ne sa re lemotsha gore keeng toropo ya Lagos e nna e duma e bile o ka re motshitshi wa dinotshe le looto, kgang ke mosi wa difetlhamotlakase le magala a ba a dirisang go apaya. Fa o tswa mo Botswana, o gotlhola gore o bo o lape dikgopo, fa le phirima o bo o tshwerwe ke mohikela. Re ne re gorogetse kwa Royal Hotel kwa Igbeda, lefelo le banni ba lone e leng ba morafe wa Yoruba. Go dumelwa gore batho ba morafe wa Yoruba ke bone beng ba toropo ya Lagos, mo e bileng beng gaebababitsaLagosians. MaYoruba,Igbo,le ma Hausa ke merafe e metona kwa Nigeria.
Ka e ne e le nako ya malatsi a Botsalo jwa Morena, ra di bona tsotlhe. Mo mafelong a mangwe ke fa ba itshasitse bontsho ba tlhobotse basimane ba MaYoruba, ba emisa dikoloi ba re go ntshiwe diNaira pele ga koloi e ka feta, ntswa se, se ne sa re kgaola dipelo, beng gae ba ne ba se na sepe le dirwabi tse makau a ba neng ba di tshotse. Ba ba itlhokomolosa go fitlhelelabafeta. Fareyagorobalakefaeka re re na le kgwedi. Ga se batho ba mabenkele a matonatonaareatlwaetsengjaakaboChoppies, nnyaa ke bammmakete. Mo re go bitsang
dimausu kwano ke tsone disupermarket tsa bone, o reka sengwe le sengwe koo. Mme le fa go ntse jalo, morafe o, o rata Modimo thata. Dikereketsatenggadiemelele,didintsi
e bile di agilwe ka meago ya se gompieno. Se se nkgatlhileng thata ke ka fa ba boifang Modimo ka teng, mo dipalamong tsa bone tsa mesepele e meleele go na le baruti, ba ba tshwarang tirelo e efe le le tsang ka moneelo, le mo di taxing go a opelwa e be go rapelwa ka tlhoafalo. Lagos ke toropo e go sa robalweng e bile madi a dirwa gongwe le gongwe, ba itse gore ga e yo kgomo ya boroko.
E bile go a itsiwe gore morafe mongwe le mongwe o dira eng jaaka MaHausa a tlwaelesegile ka go ananya madi, fa o na le diDollar o batla diNaira o ba fitlhela mo mebileng, bosigo le motshegare.
Sengwe se se neng sa re gakgamatsa ke ka fa ba ruang ka teng,dikgomoledipoditsatengdiruelwakwa mahure, di bo di nna di latlhelelwa matlhare a dipanana.
Dipodi tsa teng di farologane le tsa rona, di kana ka dipotsane tsa rona. Selo se fela ka bosone, se ka go paledisa go ja nama. Mme e bile ga ba buwe diphologolo tsa bone, ba karapa podi jaaka rona re dira ka kolobe. Letlalo ke nngwe ya dijo tse di ratwang thata e bile le a apewa le bo re rekiswa le mo dibaseng jaaka kwano go dirwa ka dijo tse ditshesanyane boleswabilemoretlwajalojalo.
Ke ne ka lemoga gore botshelo jwa kwa gasejwa bomarorongwane.Kwanogonale ditlhwatlhwa tsa gore fa o ya Serowe o duela okae, tseo ke tsa kwano, kwa Naija beng ba dipalamo ba fetola ditlhwatlhwa go rata le go kgona.
Fa o sa kgone o bolelelwa gore o ye go makala kwa pele, mme e bile ga go na kwa o ka ngongoregang teng. Mongwe le mongwe o itirela molao wa gagwe. Mo marekisetsong ga go beiwe ditlhwatlhwa selo ke dipuisanyo, selo se e leng gore fa o sa se tlwaela o ka fitlhela o tsieditswe. Fa o reka, morekisi o tlaa go khurumetsa ka modumo a tsatsanka tse a di rekisang.
Mme le fa go ntse jalo, go na le bontlha bongwe jwa Lagos kwa go bidiwang Victoria Island le kwa Ikoyi, koo go nna ba ba iphang. Matlo a teng e ka re diotele, dikoloi tsa manobonobo le tse re iseng re nne le tsone mo gae, koo ke ntletsentletse. Go ne kwa lefelong leo, ke gone kwa go nang le kwa lobopong jaaka Bar Beach le Lekki Beach.
O ka di bona tsotlhe bogolojangkwaLekki. Kegonekwareneng ra wela KFC e e neng e sa tswa go bulwa, mme le ba ba neng ba le foo go ja, ba ne ba supagala gore ba tshela mo lefatsheng le le humileng ole, ba farologana thata le ba re neng re ntse re ba bona. Gape botshelo jwa kwa legaeng ga bo na pharologanyo le ja kwa toropong, go tshwana fela. Mme go ne ga supagala fa toropo kgolo ya bone Abuja, e iketlile go na le toropo ya Lagos. O kgona go bona dikago tse disha, e bile di kgathisa.



