Volume 50 Issue 7 - July 2012 : Polelo
Mme o itshetsa ka go suga matlalo
Author : Lorato Gaofise
Fela fa o tsena ka kgorwana ya lelapa la gagwe kwa motseng wa Kaudwane, o kgona go iponela le wena gore o tsena ka lelapa la sethakga sa mosadi. O tlaa mo fitlhela a adile phate ya letlalo e a e sugileng ka fa tlase ga setlhare a roka diaparo tsa matlalo ka go farologana kgotsa a dira manyena, maseka le dibaga ka dikgapetlana tsa mae a bontshe le dikgapha tsa bokhudu.
Ka mmapatsi e le phokwana a tsamaya a ntshitse, mantlentle a, fa a sena go a fetsa o a kgwagetsa sentle mo ntlong ya gagwe e a rekisetsang mo go yone go a supegetsa mongwe le mongwe yo o mo etelang gore a reke kgotsa a mmapatse. Mo go yone ntlo e, go diaparo tsa matlalo tsa mmino wa Setswana tse a reng di rekwa thata ke dikole le ditlhopha dingwe tsa mmino wa Setswana. Kapari e ya mmino wa Setswana, ke yone e e bogadi bo gaofi, ka le fa e rekilwe gangwe fela mo ngwageng, o kgona go itshetsa lebaka ka madi a teng.
Mme Asa Segootsane, yo o dingwaga di masome mane le bone, ke mongwe wa Batswana ba ba semeletseng ka go tokafatsa matshelo a bone ka mowa wa boipelego. Mme yo wa letso la Sesarwa, a re e ne ya re ka 2004, a sena go bona a babalelwa ke lehuma a inaakanya le kgwebo ya go suga le go roka dilwana tsa matlalo ka go farologana. Go supa fa tota e le sethakga sa mosadi, mme Segootsane, yo o itshelelang fela a le nosi le bana ba gagwe ba bararo ba basimane, a re e kile ya re pele a bo a ne a itshetsa ka go loga mebese ya ulu a bo a e rekisa mo motseng. Mme kgwebo e, a re o ne a e fetogela a bona e se na dipoelo tse di nametsang.
Tota fela, a re kgwetlho e tona e a neng a nna le yone mo kgwebong ya gagwe ya mebese, ke gore e ne e rekwa thata mariga, mme e re selemo e be e rekwa ka boutsana. Ka jalo, a re o ne a bona a tshwanelwa ke go simolola kgwebo ya matlalo e le yone a reng ga e bonolo mme e na le dipoelo tse di nametsang fa motho a e dira ka botlhaga. Le ntswa a re ga a ise a ithutele go suga kgotsa go roka matlalo gope, Mme Segootsane o ititeile sehuba gore botshelong jwa gagwe ga a kitla a iteseletsa go sotlega a na le diatla, maoto ga mmogo le tlhaloganyo. A re ke ka moo a neng a bona go le botlhokwa gore a lwantshe lehuma mo botshelong ba gagwe ka go dira dibeke, diphate, mabante le diaparo tsa matlalo.
Kitso e, a re o e anyile mo batsading ba gagwe ba mo nakong ya gompieno ba setseng ba tlhokafetse. Botsipa jwa go dira manyena, maseka, ditalama ka dikgapetlana tsa mae a bontshe le dikgapha tsa bokhudu jone a re o ne a bo anya mo dithutong dingwe tse a neng a di tsenelela kwa Ghanzi tsa ditiro tsa diatla. Mme kana motho o ka ipotsa dipotso di le mmalwa tsa gore; ka go suga matlalo go lebega e le tiro fela e e bokete, mme Segootsane ene o e kgona jang?
Mme Segootsane o tlhalosa fa a reka matlalo a diphologolo ka go farologana jaaka a dipodi, dikgomo, diphuduhudu, bophage le bophokoje mo bathong mo motseng. Bontsi jwa one matlalo a, a re o a reka a bapotswe, mme fa a sa bapolwa o a a ipapolela. ENDS


