Volume 65 December 2026-January 2026 : Art & Culture
Mohumanegi O Sa Sweng
Author : Lucretia Chima
Go na le dipina di le mmalwa tse e reng di lela kgotsa di opelwa, o bo o ka nna fa fatshe, fa gongwe e le dilo tsa gore ga se tsa pelo ya gago, kgotsa tsa segompieno. Mme fela selo se le sengwe se se papametseng ke gore dipina tsa maloba jaaka tse di opelwang ke Taka Baponi ,yo o tumileng ka la Kotaeshele, tse di tshwanang le Kotaeshele o dira mathaithai, le bo Ke mahipihipi di sa ntse di gapa ba le bantsi maikutlo.
Fa o batla go rurifatsa se, letsa dipina tse mo meletlong ya banana o tle o bone gore pina e sakasiwa jang! Role le bete kolobe, batho ba lebale le gore ba apere diaparo tse di turang tsa boLevis kgotsa gore ba rwele ditlhako tsa mokwanyo. E re le fa dipina tsa bone di sa tswapoge, bontsi jwa baopedi ba maloba ga ba na sepe se ba ka se supang se se lerilweng ke talente ya bone. E re le mororo dipina tsa bone di sa ntse di utlwala mo diromamoweng, ba le bantsi ga ba kgathale go itse gore baopedi ba, ba kae kgotsa ba dira eng. Ka go lemoga seo, morulaganyi wa tsa mmino Zenzele Hirschfield wa kompone ya Zen Promotions, o ne a tsaya matsapa go bona gore tota Mokwena wa ga bone Kotaeshele o kae. Ka go lemoga fa Kotaeshele, yo go dumelwang e le wa dingwaga tsa bo 1950 a ne a tshelela mo lehumeng e bile bonno jwa gagwe e se jo bo itumedisang. Zenzele a bona go le matshwanedi gore go dirwe sengwe go tokafatsa botshelo jwa gagwe.
A simolola ka go mo rekela katara ka e le sengwe sa dilo tse a dumelang di ka oketsa malatsi a botshelo jwa gagwe, ka jaana motho yo Kotaeshele a rata go letsa katara bobe. Fela Zenzele a bona moo go sa lekana. Kana Kotaeshele o itumedisa Batswana ka moopelo le katara, mme o tshwanelwa ke go fiwa tlotla e e mo lebaneng. Zenzele a lemoga fa go agela Kotaeshele bonno jo bo lolameng e le sengwe sa dilo tse di ka nayang Kotaeshele seriti. Ka jalo a kua mokgosi gore Batswana, go simolola fela ka one morafe wa Bakwena, bagwebi le diopedi, ba thuse. O ne a tla ka mananeo a le mmalwa jaaka mogwanto o o duelelwang , o o neng wa tshwarwa kwa Molepolole bosheng.
Mogwanto o, o ne o tsenwe ke diopedi, le bagolwane go tswa mo Kweneng. Mo maitseboeng go ne ga nna le moletlo wa dijo o o neng wa tshologelwa ke bontsi, bangwe ba tswa mo Gaborone fa ba bangwe ba ne ba tswa Mokwena. Mongwe le mongwe o ne a bonala a ikemiseditse go lere pharologanyo mo botshelong jwa ga Kotaeshele.
Zenzele a bolela fa bonno e le sengwe sa dilo tse di fang motho seriti, bogolo jang e le seopedi sa seemo a ga Kotaeshele. A re, e le ba merero ya tsa mmino, ga ba sa tlhole ba batla go bona bagaka ba mmino ba fitlhwa ka kobo. “Bontlha bongwe jwa tiro e re e dirang ke go tokafatsa matshelo a diopedi tsa mo gae, ba elediwe ke balatedi ba bone, e seng ba tlhomogelwa pelo, ba se nang ba se nang, mme mmino wa bone o lediwa gongwe le gongwe. Go a ama tota,” ga bua Zenzele.
Zenzele a re le mororo diopedi tsa mafatshe a sele e le tsone di tsenyang madi mo mafatsheng a tsone e bile di tshela matshelo a magasigasi, seo e sa ntse e le toro fela mo gae. A re keletso ya gagwe ke go bona batho ba reka mmino wa diopedi tsa mo gae mme e bile diopedi tse mmino wa tsone o sa ntseng o tshamekwa mo diromamoweng o ntshediwa dikatso (royalties). O ne a re mmino ke tiro e e tshwanetseng go tsewa ka tlhoafalo, mme a galaleletsa Bakwena go supa maikemisetso mo moonong wa go agela Kotaeshele, selo se a reng se tlaa lelefatsa botshelo jwa gagwe.
Mopalamente wa Molepolole Bokone Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri o ne a galaletsa ba Zen Promotions go bo ba tsere kgato ya go thusa Kotaeshele. O ne a re se ba se dirileng, se mo moonong wa lefatshe leno wa go nna tshaba e e kutlwelobotloko e bile e le pelotlhomogi ka ngwaga wa 2016. O ne a re gore lefatshe leno le kgone maitlamo a 2016, le tlhoka gore mongwe le mongwe a tsenye letsogo jaaka Zenzele a dirile jaana.
Kotaeshele, yo go buiwang ka ene yo, o tswa mo lelwapeng la mmino mo kgaolong ya Kweneng, e le ngwana wa ga Rre Baponi yo e neng e le moletsi yo mogolo wa segaba. O tsetswe le Setampore le Sebini le Matlho le ba bangwe ba le batlhano – botlhe ba robabongwe. Baponi o nnile le thotloetso e tona thata mo matshelong a bana ba gagwe e bong Kotaeshele le Setampore. O paletswe fela ke Sebini le Matlho ba ba iseng ba supe kgatlhego mo mminong. Ka ba ne ba sa tsene sekole, Kotaeshele le Setampore ba simolotse go opela ko madisong ko Maanegi. Sebini o ne a itse katara thata mme a fa monnawe boswa.
“Re ne re dira dikatara ka metontonyane, mme lethale la teng le jesa tsebe monate, ” ga rialo Kotaeshele. Sebini a ruta monnawe Setampore, yo gompieno e reng le tsere kgang ka mmino le se ke le wetse puo motho a ise a mo umake. Ka go lemoga fa ba na le talente, Kotaeshele le Setampore ba simolola go letsa mo marekisetsong a dino, ba atswiwa ka dithebenyana kgotsa sekale sa bojalwa. “Tota fa ke lemoga gore banana ba tshela ka mmino fela, ke lemoga gore mmino wa me ga o a ntsholegela molemo. Ke sone se ke lebogang go menagane bana ba ba tshwereng tiro e go nkagela,” Kotaeshele a bua jalo, a tletse monyeyo o o seng kana ka sepe. Go thata go itse gore tota motho yo Kotaeshele o tsetswe leng. E re le fa go akanngwa gore ke wa bo 1950 ene o bala dingwaga tse di kwa morago thata.
“E kare ba re ke wa 1970, mme ga ke itse. Gone ke na le Omang ga ke itse gore ba kwadile eng.” Kotaeshele ga a nyala, fela a re mo nakong ya fa a sa ntse a le lekau o ne a tshola bana le mme mongwe wa ko Metsimotlhabe bana ba basetsana ba le babedi, ba a reng ga a itse ko ba le gatang teng. Keletso ya gagwe ke go kopana le bone pele a ya ga-maotwana hunyela. Tiro ya go kgobokanyetsa kago ya ntlo ya ga Kotaeshele madi e tsweletse. Bosheng jaana barulaganyi ba ne ba tshwere maitiso ko Rocklane Lodge, mme ba kgona go kgobokanya madinyana a a bonalang. Ba ne gape ba fiwa dikgomo tse pedi, dipodi tse pedi, dikgetse tsa semente di supa, solar panel, gase ya 19kg, dilwana tsa ntlo kgotsa le tse dingwe, jaaka mongwe a ne a ithaopela go duela metsi dikgwedi tse tlhano. Ka a ne a setse a kwadisitswe mo thulaganyong ya batlhoki, khansele ya Kweneng e ne ya itlama go tshwantsha polane, go ntsha didirisiwa tsa kago le jone bodiredi go aga ntlo eo.
Keletso ya ga Zenzele le barulaganyi ka ene ke gore Batswana ba eme ka dinao go netefatsa gore bagaka ba maloba ba akola mofufutso wa phatla ya bone. Ba re ba ikaelela go thusa ba bangwe mo nakong e e tlang. Kana ga twe sejo sennye ga se fete molomo, mme tsholofelo ke gore bontsi bo tlaa tsenya letsogo go tokafatsa matshelo a batlhoki ba. Fa e le Kotaeshele ene o emetse go tsena mo ntlong ya gagwe, a tle a itse go rabala boroko kgothu! Kana mohumanegi o sa sweng, moleta khumo. ENDS


