Volume 50 Issue 7 - July 2012 : Polelo

Ba atla mokgosi wa nyeletso Lehuma

Author : Keonee Kealeboga

Le pele ga letsholo la nyeletso lehuma le bolodiwa ka maatlametlo, Batswana bangwe ba ne ba setse ba gatetse pele ka maiteko a go tokafatsa matshelo a bone le ba malwapa a bone.  Le ntswa mo mabakeng a mantsi maiteko a bone a ne a sa ba busetse mo go kalo, boammaaruri jwa kgang ke gore ba kgona go tshetsa malwapa a bone, mme ba se ke ba ikaege fela ka puso go oba letsogo. Kwa pitsong ya mokatakata ya bosheng ya ntwa kgatlhanong le lehuma kwa Diphuduhudu mo kgaolong ya Kweneng, bukana ya Kutlwano e ne ya itshwaraganya le bomme bangwe ba motse wa Tshokwe kwa kgaolong potlana ya Bobirwa go utlwa ka fa ba tsibogetseng ka teng mokgosi wa puso wa go tlhabantsha lehuma.

Bomme bao, e leng  Kelebaketse Garebone le Boapotse Kemhilwe ba amogetse ka tsoopedi maiteko a puso ka ba dumela a tlaa ba tlodisa melatswana e tletse segolo bogolo ka maano a bone a itshetso a ntse a lebanwe ke dikgwetlho tse di farologaneng.  Kelebaketse le Boapotse, ba kwa motseng wa bone go tumileng tiro ya go loga ditlatlana, ba re e ne ya re ba ntse tsweletse ka go loga ditlatlana go kgabisa mo matlong a bone le go dirisa mo lwapeng, ba lemoga fa go gweba ka tsone e ka nna tsela nngwe ya go tlisa madi mo lwapeng. Ba ne  ba se ka ba ipona tsapa, ba tswa ka maano a go fetola ditoro tsa bone boammaaruri.

Selo sa ntlha se ba neng ba se dira e ne ya nna go tlhomamisa gore ba tokafatsa boleng jwa ditlatlana tsa bone gore di kgone go kgatlha leitlho, go dira jalo e le go raya gore go nne bonolo go di rekisa. Se sengwe e ne ya nna maikaelelo, go tsepama mo torong ya bone gore le fa diemo di ka nna jang, ga ba kitla ba ineela. Se, e nnile seikokotlelo sa motia fa e sale ba simolola ka dingwaga tsa bo1994. Fela jaaka mo kgwebong nngwe le nngwe, dikgwetlho di teng mo kgwebong ya go loga ditlatlana, mme tshosoerweleng ya tsone ke ya go tlhoka mmaraka. Ba tlhalosa gore seemo sa letlhoko la mmaraka se etegediwa ke go bo bajanala ba ise ba simolole go bonala mo motseng wa bone. “Re beile fela mo bareking ba ba mo motseng wa rona. Bajanala bone mma, ga ba yo gotlhelele, mme se se re patika gore re nne re rwalela dilwana tsa rona kwa Selebi Phikwe go lata mmaraka”, ga tshwaela Boapotse.

Ka maano a sa site, go sita a loso, bomme ba ba dirisa sebaka sengwe le sengwe se ba se bonang go ipapatsa, mme go supagetse fa go rekisa ka nako ya ditshupo tsa metse e e farologaneng ya kgaolo potlana ya Bobirwa go ba nolofaletsa botshelo fela thata. Ba setse ba kile ba rekisa kwa metseng e tshwana le ya Bobonong le Robelela mme dipoelo ya nna tse di nametsang. Ba re fa e sale ba lemoga ka one motsi oo, ga ba sa tlhole ba dumela go tlolwa ke ditshupo dipe fela. Le fa bomme Kelebaketse le Boapotse ba ise ba ikopanye le makalana kana makgotla ape go batla maano a go tokafatsa le go godisa dikgwebo-potlana tsa bone, ba na le keletso ya go itlhamela lekgotla le le tlaa okamelang balogi ba ditlatlana ba motse wa Tshokwe.

Ba supa fa ba lemoga botlhokwa jwa lekgotla la go nna jalo, jaaka go bua ka lentswe le le lengwe, go kgaratlhela ditshwanelo le dikeletso tsa balogi ba ditlatlana le gone ntlha ya konokono e le go ba batlela mebaraka. “Lekgotla le le ka re belega re le balogi, la re thusa le go bona mmaraka. Kana tota mo nakong eno, selelo sa rona se segolo ke tlhaelo ya gone kwa re ka rekisang teng, jaaka Motswana a re moroto wa o esi ga o ele”, e ke tsholofelo ya ga Kelebaketse.

Fela jaaka mogwebi mongwe le mongwe a na le toro ya go ipona a godile, Boapotse le ene fela jalo o eletsa go atolosa kgwebo ya gagwe. “Tota nna ke dumela gore tswelelopele e ka supagala ka go gola ga yone kgwebo. Kgwebo e tshwana le ngwana, e a gola, mme maikaelelo a me ke go godisa ya me ka go dira didirisiwa tse dingwe jaaka tshwana le disigo le dinkgwana. Ke lemogile fa Batswana ka bontsi ba di kgatlhegela,” a tlhalosa jalo.

Boapotse o dumela thata fa balemi ba tlaa rata disigo bobe ka e le mabeelo a a botlhokwa a thobo go tswa goo-Lowe. O supa fa go na le ikgakologelo le kgatlhego e e golelang pele ya Batswana mo didirisiweng tsa setso. A re kgatlhego e e mo tiisa moko mo a se nang pelaelo ya gore dilwana tsa gagwe di ka rekwa fela thata fa a ka ipapatsa mo go tseneletseng. Bomme ba, ba ditlatlana tsa bone di lopang go simolola ka masome a mane a dipula go fitlha kwa makgolong a mabedi, ba dirisa ditswanageng di akaretsa mokolwane, bojang le ditodi tsa moretlwa go di dira. Fa ba sena go kgetla mokolwane, ba a o apaya go o fetola mmala gore o nne mosweu, mme o mongwe ba o fetole mmala ba dirisa medi ya setlhare se se bidiwang monye. Ditodi tsa moretlwa le tsone ba di dirisetsa go tswakanya mebala ya ditlatlana tsa bone.

Go logiwa ga ditlatlana ga go a ikganelela fela kwa kgaolong ya Bobirwa. Mme Maemi Die, ke Mombukushu wa kwa Etsha 5, kwa kgaolong ya Okavango le ene o itshetsa ka go loga le go rekisa ditlatlana. Maemi ke moeteledipele wa setlhopha sa Kavura, se mo nakong eno se nang le maloko a le masome mabedi le motso. A re o ne a ikaelela go tlhama setlhopha ka a ne a sa kgone go dirisa madi a gagwe ka kelelelo, mme a lemoga gore fa a ka itshwaraganya le bangwe, tiriso ya madi e ka laolesega ka go tlaa bo go na le motshwaramadi.

Go ya ka Maemi, setlhopha sa Kavura se kwadisitswe ka fa molaong, mme go dira jalo go ba thusa go batla dithuso mo makalaneng a a maleba, go balelwa ofisi ya boipelego. Ka kgaolo ya Okavango e etelwa thata ke bajanala, theko ya ditlatlana koo ke e e nametsang. “Theko e botoka thata mma. Ka kgwedi ke kgona go dira madi a a kana ka P2 000, le fa gone nako nngwe ke kgona go tlhomaganya dikgwedi ke sa rekelwa sepe”, Maemi a tlhalosa.

Kgwetlho nngwe e balogi ba setlhopha se ba nang nayo ke go latelwa kgakala ga ditswanageng tse di tlhokwang go dira ditlatlana. Mokolwane, o bone ba o bitsang mokola, o bonwa mo ditlhakatlhakeng tse di mo gare ga makgobokgobo a Okavango mme ba kgona go tsamaya dikhilomithara tse di masome a mabedi go o latela. Fa gongwe ba patelesega go o reka mo bangweng, go tila go tsamaya mosepele o moleele kana fa mabaka a sa ba letle go o latela. Maemi o tlhalosa go re go latela mokolwane kgakala go baya matshelo a bone mo kotsing ka ba ralala naga e e sailang diphologolo, le gone gore teng kwa ba kgetlang mokolwane teng, ke dikgwa tse di kitlaneng, tse di tletseng diphologolo tse di borai di akaretsa ditau le ditlou.

Balogi ba Kavura bone ba fetola mokolwane mmala ka ditlhare tsa motlhakola le se sengwe se Maemi a reng se bidiwa mokokoshi, mme a tlhalosa fa sone se bonwa thata kwa motseng wa Shakawe. Mogolwane kwa khanseleng potlana ya Bobirwa, Mme Rachel Zibane a re khansele ya bone e dira gotlhe mo e ka go kgonang go bona gore dikgwebo-potlana  tse di mo kgaolong ya bone di a itshetlela. Tiro kgolo ya bone ke go ema dikgwebo tseo nokeng, ka go fa batsamaisi ba tsone dikitso tse ba di tlhokang go ka atlega mo go di tsamaiseng ka fa tshwanelong. Go ya ka Mme Zibane, khansele e dirisana le ba-na-le-seabe ba ba farologaneng ba akaretsa lephata la temothuo, lephata la merero ya bomme, dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse le makalana a a ikemetseng jaaka la CEDA. Se a re se ba thusa go menagane ka mo mabakeng a mangwe badiri ba khansele ba a bo ba tlhaela dikitso tse di rileng tse di tlhokwang ke bagwebi, mme ba rulaganye gore ba-na-le-seabe ba tle go tlhatlhelela bagwebi.  A re go nna bonolo thata mo go bone e le khansele, go thusa bagwebi ba le mo ditlhopheng; ka jalo ba nna ba ba gwetlha go ipopa ditlhopha jaaka Setswana se re kgetse ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa.

Mo maitekong a bone a go tlhatlosa seemo sa dikgwebo-potlana, ba kopana le dikgwetlho dingwe gangwe le gape. Nngwe ya tsone ke boitseme jwa bagwebi ba ba thusitsweng. O boletse gore mo mabakeng a mantsi, boitseme jo bo feletsa bo phutlhamisitse dikgwebo, madi a  khansele a felele a wetse ka motlhoboloko. Se sengwe sa dikgoreletsi tsa go gola ga ditlhopha bagwebi ke gore di a thubega.  Go bonala gore mo mabakeng a le mantsi, ditlhopha tsa bagwebi di thujwa ke go sa tsenyeng mashetla ka go lekana mo dikgwebong ga maloko ga mmogo le go tlhaelelwa ke dikitso tse di maleba go tsamaisa kgwebo. Mme ka jaana khansele potlana ya Bobirwa e ikiteile sehuba go fetola lewa fa go tla mo ntlheng ya go phutlhama ga dikwebo ka ntlha ya tlhaelo ya dikitso, go lebega se e tlaa nna selo sa maloba ka e tsweletse ka go godisa tshwaragano ya yone le ba-na-le-seabe ba ba farologaneng.

Go logwa ga ditlatlana, mo mme Zibane a reng go tumile thata kwa kgaolong ya Bobirwa, ke nngwe ya dikgwebo-potlana tse batho ba kgaolo ba itshetsang ka yone. Kgwetlho ya go latela mokolwane kgakala e e itemogelwang ke balogi ba ditlatlana ba Okavango yone ga e yo kwa kgaolong potlana ya Bobirwa, kwa mme Zibane a supileng fa setlhare seo se leng sentsi thata segolo bogolo kwa motseng wa Mathathane. ENDS

Buy Online Now!