Volume 50 Issue 7 - July 2012 : Others
Dijo Tsa Rona re ja re itatswa Menwana!!
Author : Ludo Chube
Kgwedi e, re ipelela dijo tsa rona tsa Setswana tse re di jang fa re tlhabile dikgomo, re ipelela manyalo le mo medirong e mengwe e e faphegileng. Ana dijo tsa rona di nonofile ka dikotla jang ebile di gata kwa pele mo tatsong.
LELEME
Leleme ke nama e e monate ya kgomo. Ba ba itseng ba re ke lone mmang mmang mo mmeleng wa kgomo. Ga le motlhofo go bonwa mo marekisetsong fa e se go tlhabilwe mo motseng. Bangwe ba le apaya ba le kopantse le nama ya tlhogo. Fa bangwe bone ba bedisa metsi pele ga ba a loka leaswai, e be e re a sena go bela ba bo ba ka tsenya leleme le sa tlhakanngwa le sepe. Mme ka le tsaya sebakanyana go butswa, le batla di oura di ka nna tharo kgotsa tse nne le kgaba-kgaba mo metsing. Fa le sena go butswa, le inolwa mo morong le bo le obolwa, e bo e le gone le ka segelelwang bosesanyane.
TSWII
Re le bantsi re ipotsa gore tota tswii ke phologolo yooramang! Ba ba tswang kwa dikgaolong tsa Ngami, Chobe le mabapi ba ipela thata ka segwere se sa tswii. Bontsi jwa rona ga re e itse, re e utlwalela fela ka bone. Tswii e tshwana fela le tapole, modi wa yone ke one dijo. E rata thata fa go nang le maphashaphasha a metsi, e ikale sentle mo letshitshing la noka. Go e apaya, e tsenngwa mo nameng bogolo jang ya seswaa, go se fa tatso e e monate. Mme e bile tswii e kgona go apewa e le nosi. Fela jaaka kwa Bokalaka ba a tle ba nwe tee ka dipotata, le yone fela jalo e kgona go fetisiwa ka tee. Ga e diege go butswa, oura e le nngwe le sephato di e lekane.
MOKOTO
Mo dingwaong tse dintsi tsa Botswana, mokoto ke nama e e jewang ke banna. E jelwa mo kgotleng. Bangwaketse le merafe e mengwe e e mo borwa jwa Botswana ba e apaya ba dirisa nama ya mokwatla. Ba e apeela kwa kgotleng fa go le mo medirong ya manyalo le dintsho. Mo dingwaong di tshwana le tsa Baga Mmabesi-a-Kgama, ba kopanya nama e le ntshothwane. Mabutswapele ba tlhalosa gore nama e, e jewa ke banna ka gore ga se nama e ntsi e e ka lekanang morafe otlhe, ka jalo e fiwa banna gore ba ikgore menwana ba iteboga ka yone ka e a bo e le bone botshosoerweleng kwa dipitseng tsa nama. Mme legale mo malatsing a sesha a re tshelang mo go one, basadi ba setse ba letlelelwa go e ja. ENDS


