Volume 65 December 2026-January 2026 : Polelo

Re ka tswa re fositse fa kae

Author : Emmanuel Rapowa

 

Kana mogologolo a re “tlhako ya morago e gata fa yapele e gatileng teng”, fela gompieno re duba thankgaka re rile go a ila o sule.

Bana ba gompieno  ba ja mae mme maloba ba ne ba sa letlelelwe.

Tlhakanelo dikobo gompieno ke tshupa mhatelo fa bogologolo e ne e le phitlhela kgomo ya serotswana.

Go belega gompieno le gone go itsholofela go na le dikgwetlho gompienole fa ntswa go na le maranyane a segompieno a go tweng a a thusa mme bogologolo a ne a seyo ebile go sena mathataa a teng gompieno.

Dijo tsa maloba e ne e se tse ditshwanang le tsa gompieno.

A e seng goretota mathata a tswa mo dijong tse re di jang?

Bogologolo leruo le ne le sielwa ditlhare tsa tlholego jaaka mokgwapha mme gompieno mokento o lelela boatleng.

Koko gore e jewe e tsaya beke tse thatarofa maloba jale e ne e lesiwa fela gore e lekanego ka jewa e godile morago ga dikgwedi.

A ditsela tsa botshelo tsa segompieno ketsone di dirileng gore re ithale thipa mpeng.

Modimo motlhodi wa rona ene a re re tshele jang re je jang?

A mme re setse taoloeo morago kana re itshelela ka go kgona le go rata.

Ke eng a re file ditaelo tsa botshelo mme fa re sadi sale morago go ka diragala eng?

Mothusa Kgosi-kgolo wa Balete, Kgosi Tsimane Mokgosi, a re go itlhokomolosa segarona kgotsa ngwao, go adima dingwao tsa merafe e mengwe tse re sa ditlhaloganyeng ke gone go  tsetseng gore refitlhele re ithala ka thipa mpeng.

A re fa re ka ikgakologelwa re le Batswana mme ra boela segarona ke gonere ka baakanyang dilo tse dintsi tse di fapogileng mo dipakeng tsa segompieno.

“Ditlhabololo tse dingwe di re tsentse mo mathateng mme Batswana fa re ka gakologelwa kwa re tswang teng, le medi ya rona re ka kgona go fenya dikgwetlho tse dintsi tse di aparetseng lefatshe leno tse bagologolo ba neng ba di kgona”.

O tlhalositse gore dipaka di fetogile bana ga ba tlotle batsadi ba bone, mme gone go sa diragale bogologolo ka molao wa Setswana o ne o tlotlwa batho ba ise ba o itlhokomolose.

O tsweletse ka go gatelela gore molao wa Setswana e re ntswa o ntse o sa kwalwa gope mme o ka thusa  motho go ikitse lego itlhaloganya mme a tshele ka fa go eletsegang mo setshabeng ka maikarabelole botho jo bo tsepameng.

Motho wa maloba Mme MmaboyLucas a re dilo tsa bogologolo di ne di siamethata ko ntle ga dingwe tse di sa kakeng tsa bewa sebete  jaaka go bolaya motho go dira dipheko e ka nna go ithatafatsa ga magosi, dikhumo le go nesa pula jaaka merafhe mengwe e ne e dira.

“Badimo le Modimo gone go sena pharologanyore tsaya gore ke selo se setshwanang mme jaanong, go pharologanyo gore Modimo tota o tlhoka eng mo mothong”.

Tumelo mo Badimong e ne e  bereka bogologolo ka thuto ya Modimo e ne e ise e tsene mo bathong mme gompieno batho ba a tlhaloganya gore Modimo ke ene mmangmang.

A re “re tshwanetse go sala melao ya Modimo e e some morago ka ke yone eka fenyang bosetlhogo jo bo aparetseng lefatshe ka bophara”.

O tlhalositse gore dikereke tse dintsi di a ipapalela ga di rere lefoko la Modimo di batla madi fela mme fa di ne di ka sala nnete morago Modimo o ne a tla a re utlwela botlhoko.

“Madi le go eletsa khumo ya bonako dibaka mathata a mantsi jaaka baebele e builemme tota o ke motlha wa bofelo ka ditiro di supa”.

Mme Lucas a re dijo di na le seabe thata mo botsogong jwa rona mme tsa segompieno di tshelwa melemo, leruo lea kentwa mme bogologolo go ne go sanna jalo.

O tsweletse a tlhalosa gore tsa gompieno di dira bana gore ba phorosele batshabelelwe ke go tlhakanela dikobo e sale masea.

A re dijo tsa gompieno di na le mathataga di tshwane le tsa bogologolo tsa tlholegotse di neng di sena metswako e mentsi mmee bile e ne e le moila gore bana ba je mae kale one a na le seabe mo dikarolong dingwe mme a ne a tshwanetswe ke go jewa ke bagolo fela.

Buy Online Now!