Volume 50 Issue 2 - February 2012 : Sports
Ka letsatsi leo, Thamaga a phirimelelwa
Author : Mothusi Soloko
Selo se botshelo se ka fetoga ka motsotso. Ka dinako tse dingwe bo phetsogela ka fa leseding, bo ntlafale, fa ka tse dingwe o se ke o itse gore go rileng, bo phetsogele ka ntlha ya fifing. Fa botshelo bo fetoga ka bofefo jwa logadima, bo tsisa phetogo e kgolo. E rile mo phirimaneng ya Labobedi, botshelo jwa me jwa fetoga ka bofefo, jwa ntshofala e le ruri.
Re simolotse jalo re le fa pele ga marekisetso a dino a Thamaga Riverside, re le setlhotshwana fela se se sa bonaleng, mme sa tloga sa oketsega. Ra tloga ra dira mmopelela wa dikoloi o o neng o eteletswe pele ke mapodisi a tsela. Go ne go lebega o ka re setlhopha seo, se ne se simologile se le kwa Thamaga sa tloga sa gola sa bo sa anamela kwa mafatsheng a mangwe a Aferika.
Go ne go se na pelaelo epe gore mongwe le mongwe yo o neng a na le rona, o ne a gwetlhilwe ke dikgaisano tsa sejana sa AFCON tsa ngwaga wa 2012 le go fitlhelela ga setlhopha sa Zebras kwa dikgaisanong tseo, go tla go leba motshameko le rona.
Go galaotega ga lonaka lwa Vuvusela, mo go kabanyang ditsebe, go ne go utlwala jaaka baletsi ba tsone ba ne ba di ntshitse ka matlhabaphefo a dikoloi. Go ne go opelwa, go binwa, go le monate. Balatedi ba setlhopha sa setshaba banne ba bonala o ka re ba a gaisana ka go itshupa gore le bone ba ntse le seabe sa go rotloetsa dikgaisano tsa AFCON.
Re ne ra tsamaya jalo le ditsela tse di tsokelang mo gare ga motse wa Thamaga, ra feta fa pele ga marekisetso a Choppies fa re neng ra kopantshiwa ke bagolo ka meduduetso. Ya re go tswa foo ra leba kwa bophirimatsatsi jwa motse wa Thamaga.
Fa nako e atamela, ra boela kwa marekisetsong a rona, kwa motshameko o neng o gasiwa teng mo kapetleng e tona. Mafatshe a Zambia le Angola a ne a setse a itlhomile kwa pele ka metshameko ya one ya ntlha, ka jalo ra solofela gore le setlhopha sa Zebras se tlaa diga mokabola o go tweng Ghana mo phirimaneng ele.
Kapetla e tona e e supang ditshwantsho ya re swabisa, ya se ka ya di supa jaaka re ne re itsholofeditse, ra tloga ra katagana mo marekisetsong. Balatedi bangwe ba ne ba okometse ka matlhabaphefo, bangwe ba emaema foo, go fitlhelela mme mongwe yo o gaufi le marekisetso a tla ka thelebishine ya gagwe go thusa go fokotsa mosuke.
Motshameko wa simologa wa gapa maikutlo a balatedi, ba ya kwa godimo le kwa tlase le seemo sa one, motho o ka tloga wa re go tsaletse thaga mo marekisetsong. Fa bangwe ba ntse ba budulela divuvusela, bangwe ba letsa melodi fa ba bangwe ba ne ba goa, ba supa go ngongoregela ditshwetso tsa balaola metshameko. E rile fa maikutlo a sa ntse a goletsegile jalo, John Mensah a nosa nno go didimatsa modumo ole jaaka o ka re go phatlaletswe.
Mongwe a letsa molodi o mosesane go tswa kwa morago, a re rotloetsa go tswelela re thantse mowa. Ra batla go bolawa ke boitumelo fa re bona JJ a wetse fatshe, Mensah a tshematshemela kwa ntle ga lebala fa a se na go fiwa karata e khibidu, ra batla le gone go latlhegelwa ke ditlhaloganyo.
Rona re ne re itse fela gore ke ‘penalty,` kante ga re a ela tlhoko gore phoso eo, e diragetse ka kwa ntle ga lebokoso la dino. Ga bonala sentle gore motshameko oo ke wa ga Tafite a leka go lwantsha mokaloba. Ra nna ka tsholofelo, ya go re mekaloba e tlaa obega… kae?
Metsotso ya nna ya feta, go fitlhelela re bona batshameki ba rona ba digile ditlhogo, ba sa dumela se ba se boneng, setlhopha sa Ghana fela se ba tswa diatleng, ka nno e nngwe go lefela la dipitse tsa Botswana.


