Volume 50 Issue 1 - January 2012 : Polelo

Basadi ba Gatetse Pele

Author : Lindi Morwaeng

Motswana yo o rileng mosadi ke thari ya setshaba, o ne a opile kgomo lenaka. Go lebega basadi lefatshe ka bophara ba gatetse pele mo go namoleng malapa a bone lehuma. E a re go bona kgomo e tsentse tlhako kgamelong, motho wa mme a tlolaganye a bone gore ramatheka ga a  tsene mo gare ga lelwapa la gagwe. Mo dingwageng tse di mmalwa tse di fetileng, bomme ba ntse ba inaakantse le mananeo a go ipolokela madi ka ditsela tse di farologaneng. Mme mekgwa e e tumileng thata ke ya metshelo.

Le fa ntswa metshelo  e jaanong e na le borre e le maloko, basadi ba santse ba di goga kwa pele

mo jaanong ba tlang ka mefuta e mengwe ya metshelo. Go ntse go tlwaelegile metshelo ya go boloka madi ka tsela ya go a adimisa ka merokotso e e farologanyeng moono e le go a tsadisa. Mo malatsing ano, metshelo e e atologile go akaretsa metshelo ya go rekelana dilwana tsa mo tlung (kitchen top up, bedroom top up) le metshelo ya go rekelana dimpho tsa matsatsi a botsalo(birthdays.) E mengwe mefuta ya metshelo e e tlwaelesegileng ke ya go rekela monyadiwa dimpho fa a nyalwa (bridal shower) le ya go rekela mme yo oitsholofetseng dimpho tsa losea le le solofetsweng (baby shower).

Mofuta o mongwe o o magorogo masha ke wa go rekelana dijo ke bomme (grocery

party). O ne motho o ka re o magorogo  masha ka o sena dingwaga tse di ntsi o le mo tirisong fa go tshwantshangwa le mefuta e mengwe ya metshelo Motshelo o fela jaaka e mengwe o dirwa ke maloko ba ka tshwara palo nngwe le nngwe mme ba koleke madi kgwedi le kgwedi. Seelo se tswa mo go reng maloko one a dumalane gore ba koleke bokae. E a re kgwedi e fela go iwe ka bongwe ka bongwe go rekelwa mongwe wa maloko dijo. Se se diragalang ke gore batho ba a lalediwa go tla moletlo o, wa go neela yo o diretsweng modiro. Balalediwa go akaretsa le ba maloko, ba reka dijo ka mefuta go ya fela gore mong wa moletlo ene o batla go rekelwa dijo tsa

mothale mang.

O ka fitlhela motho a le mongwe a rekile letogo la boupi jwa mabele yo mongwe a rekile la sukiri, yo mongwe

fale a rekile sesepa se se tlhatswang. Tota mongwe le mongwe o reka fela ka fa boteng jwa kgetsi ya gagwe bo

letlang ka teng. Le fa go ntse jalo, go nna le selwana se mongwe le mongwe a se rekang e le pasa. Pasa yone e ka nna sesepa se se tlhatswang dijana kgotsa mogopo go ya fela ka mong wa tiro gore

ene o batla eng.

Ka letsatsi la moletlo wa kabelano dijo, mong wa moletlo o apaya dijo tse di jewang ke ba ba tlileng go mo etleetsa e le tsela ya go leboga ba ba mo tshologileng mokgosi. Ko phelelong boitumelo e nna jo bo kwa godimo dijo le nno e le ntletsentletse. Mo go ba ba setseng ba kile ba inaakanya le motshelo wa mofuta o, tlala ke selo sa

maloba.

Le fa go ntse jalo, kutlwano e ne ya tsaya loeto ya lebisa ditlhako ka fa Mokwena, kwa Mmopane Block 1 gocya go iponela ka matlho le go itseela ka ditsebe ka fa bomme ba kgaolo eo, ba dumalaneng ka bongwefela jwa pelo go lwantsha lehuma mo malwapeng a bone. Nyaa tlhe, ga bonala sentle fa bomme bakgaolo eo ba itlhomile ko pele ka go tsholetsa itsholelo ya malwapa a bone. Kwa kgaolong eo, bomme ba dirile mekgatlho e e bileng e na le maina ba inaakantse le mokgwa o wa go rekelana dijo. Go bo go nkga go sa bola kwa gaMmamokwena ka mafelo a kgwedi, ene e le monni wa mo Mmopane Block 1 a tshologilwe mokgosi ke ba mokgatlho wa gagwe wa Lefika go tla go mo abela dijo. Se se kgatlhisang ke gore o ne a sa tshologwa mokgosi ke ba mokgatlho wa gagwe fela mme le ba mekgatlho e mengwe ya mo Mmopane Block 1 ba bo ba tsile ka mmetela. Dikoma le metshameko ga mmogo le metlae, ke di ile magoletsa go natefisa letsatsi. Bomme ba ba Lefika motho o ka re ke basadi ba diithati ka ba ne ba apere paka ya mateisi a mmala wa loapi le megagolwane e mesweu le ditukwi tse di kgabisitsweng.

 

Motho o ne a ka ithaya a re ke bomme ba ya go batla ngwetsi ka fa ba neng ba le bantle

ka teng. MmeTaboka Goodwill yo e neng e le mong wa moletlo e bile gape e le moeteledipele wa mokgatlho wa Lefika o ne a tlhalosa gore maikaelelo a bone ke gore ngwaga o o tlang ntle le go rekelana dijo, ba tsene mo kgwebong ya go adimisa ditente tsa mediro le didirisiwa tsa tsone jaaka ditilo ditafole le dilwana. Godimo ga moo, o tlhalositse gape gore ba tlaa bo ba tsena mo kgwebong e e sa tlwaelesegang ya go nyadisa. Fa a tlhalosa, a re e rile go lemoga gore go na le batho ba e a reng go tsena mo morerong wa lenyalo ba bo ba sena

 batsadi ba ba ka ba emelang le bao ba ba nyalanang le batswakwa.

Gangwe le gape, o fitlhela ba se na batsadi ba ba ka ba rerang.“Maikaelelo ka e bile re lemogile gore go na le lefufa mo masikeng mme ba tlhoke botsadi jo bo tlhokafalang mo tirong ya bone,” ga bua jalo Goodwill.

 

Ka jalo, kgwebo ya bone e tlaa bo e itebagantse le batho ba go nna jalo. Se ba tla a bong ba se dira ke go tsena

mo tsamaisong ya morero wa lenyalo  boemong jwa banyalani kgotsa ba emela botsadi jwa mmatota ka dituelo

tse ba tla a bong ba di beile.

 

Godimo ga moo, ba tla a bo ba na le ditirelo tsa go ka dira tiro yotlhe ya lenyalo le tsa

kapei. Maloko a Lefika a masome a mabedi le bobedi, mme gompieno ba setse ba na le dilwana di le mmalwa

tse ba di kgobokantseng go simolola kgwebo ya bone ngwaga oo tlang. Goodwill a re e rile ba lemoga

gore borre ba bone ba saletse kwa morago, ba ba rotloetsa go ikitaya ka thupana mme le bone ba simolodisa

mokgatlho o o bidiwang Dikala tsa Mopipi, e le gone go supa ka fa ba ka sekeng ba tshikinngwa ke sepe ka teng mo mokgatlhong wa bone fela jaaka dikala tsa mopipi tse di  sa robegeng.“Bone ba tshedisanya dithulusu e ka tswa e le didirisiwa tsa mo lwapeng kgotsa dikarolo tsa koloi.

 

Onalenna Maokisi yo o dingwaga dimasome mabedi le botlhano e bile e le ene a leng mmotlana mo mokgatlhong

wa bone a re se se mo gwetlhileng go tsena mo mokgatlhong o, e ne e le letlhoko la tiro. Mme o ne a simolola le

one fa o simolola ka 2008 e le tsela ya go fetisa nako.

 

“Ga ke bua jaana, ga ke na selwana se ke senang sone le balekane ba me ga ba kake ba tsaya sepe mo go nna.”

Kabo Lekgoanyana ene a re mokgatlho o, o mo diretse dilo tse dintsi. A re o na le ditilo le dikotlele e bile o supile gape gore, jaaka ba tshedisanya mmogo jaana ba rwadisanya merwalo.

 

“Ga o eme o le nosi o sa itse gore o ka thusiwa ke bo mang, ga re itse tlala,” a gatelela. Ontlametse Ranku o supile fa ba sena dikgwetlho dipe tse di kalokalo kwa ntle ga go tlhoka madi a go rekadidirisiwa mme se ga se ba kgoreletse

thata ka madi a tlhokwa gongwe le gongwe. Le fa bomme ba gatetse pele ka maiteko a go tshwana le a, a go itsenya

dijo mo ganong, borre le bone ke nako ya gore le bone ba ititeye ka thupana.

Motswana yo o rileng mosadi ke thari ya setshaba, o ne a opile kgomo lenaka. Go lebega basadi lefatshe ka bophara ba gatetse pele mo go namoleng malapa a bone lehuma. E a re go bona kgomo e tsentse tlhako kgamelong, motho wa mme a tlolaganye a bone gore ramatheka ga a  tsene mo gare ga lelwapa la gagwe. Mo dingwageng tse di mmalwa tse di fetileng, bomme ba ntse ba inaakantse le mananeo a go ipolokela madi ka ditsela tse di farologaneng. Mme mekgwa e e tumileng thata ke ya metshelo.

 

Le fa ntswa metshelo  e jaanong e na le borre e le maloko, basadi ba santse ba di goga kwa pele

mo jaanong ba tlang ka mefuta e mengwe ya metshelo. Go ntse go tlwaelegile metshelo ya go boloka madi ka tsela ya go a adimisa ka merokotso e e farologanyeng moono e le go a tsadisa. Mo malatsing ano, metshelo e e atologile go akaretsa metshelo ya go rekelana dilwana tsa mo tlung (kitchen top up, bedroom top up) le metshelo ya go rekelana dimpho tsa matsatsi a botsalo(birthdays.) E mengwe mefuta ya metshelo e e tlwaelesegileng ke ya go rekela monyadiwa dimpho fa a nyalwa (bridal shower) le ya go rekela mme yo oitsholofetseng dimpho tsa losea le le solofetsweng (baby shower).

 

Mofuta o mongwe o o magorogo masha ke wa go rekelana dijo ke bomme (grocery

party). O ne motho o ka re o magorogo  masha ka o sena dingwaga tse di ntsi o le mo tirisong fa go tshwantshangwa le mefuta e mengwe ya metshelo Motshelo o fela jaaka e mengwe o dirwa ke maloko ba ka tshwara palo nngwe le nngwe mme ba koleke madi kgwedi le kgwedi. Seelo se tswa mo go reng maloko one a dumalane gore ba koleke bokae. E a re kgwedi e fela go iwe ka bongwe ka bongwe go rekelwa mongwe wa maloko dijo. Se se diragalang ke gore batho ba a lalediwa go tla moletlo o, wa go neela yo o diretsweng modiro. Balalediwa go akaretsa le ba maloko, ba reka dijo ka mefuta go ya fela gore mong wa moletlo ene o batla go rekelwa dijo tsa mothale mang.

O ka fitlhela motho a le mongwe a rekile letogo la boupi jwa mabele yo mongwe a rekile la sukiri, yo mongwe

fale a rekile sesepa se se tlhatswang. Tota mongwe le mongwe o reka fela ka fa boteng jwa kgetsi ya gagwe bo

letlang ka teng. Le fa go ntse jalo, go nna le selwana se mongwe le mongwe a se rekang e le pasa. Pasa yone e ka nna sesepa se se tlhatswang dijana kgotsa mogopo go ya fela ka mong wa tiro gore ene o batla eng.

Ka letsatsi la moletlo wa kabelano dijo, mong wa moletlo o apaya dijo tse di jewang ke ba ba tlileng go mo etleetsa e le tsela ya go leboga ba ba mo tshologileng mokgosi. Ko phelelong boitumelo e nna jo bo kwa godimo dijo le nno e le ntletsentletse. Mo go ba ba setseng ba kile ba inaakanya le motshelo wa mofuta o, tlala ke selo sa maloba.

Le fa go ntse jalo, kutlwano e ne ya tsaya loeto ya lebisa ditlhako ka fa Mokwena, kwa Mmopane Block 1 gocya go iponela ka matlho le go itseela ka ditsebe ka fa bomme ba kgaolo eo, ba dumalaneng ka bongwefela jwa pelo go lwantsha lehuma mo malwapeng a bone.

Nyaa tlhe, ga bonala sentle fa bomme bakgaolo eo ba itlhomile ko pele ka go tsholetsa itsholelo ya malwapa a bone. Kwa kgaolong eo, bomme ba dirile mekgatlho e e bileng e na le maina ba inaakantse le mokgwa o wa go rekelana dijo. Go bo go nkga go sa bola kwa gaMmamokwena ka mafelo a kgwedi, ene e le monni wa mo Mmopane Block 1 a tshologilwe mokgosi ke ba mokgatlho wa gagwe wa Lefika go tla go mo abela dijo.

Se se kgatlhisang ke gore o ne a sa tshologwa mokgosi ke ba mokgatlho wa gagwe fela mme le ba mekgatlho e mengwe ya mo Mmopane Block 1 ba bo ba tsile ka mmetela. Dikoma le metshameko ga mmogo le metlae, ke di ile magoletsa go natefisa letsatsi. Bomme ba ba Lefika motho o ka re ke basadi ba diithati ka ba ne ba apere paka ya mateisi a mmala wa loapi le megagolwane e mesweu le ditukwi tse di kgabisitsweng.

Motho o ne a ka ithaya a re ke bomme ba ya go batla ngwetsi ka fa ba neng ba le bantle

ka teng. MmeTaboka Goodwill yo e neng e le mong wa moletlo e bile gape e le moeteledipele wa mokgatlho wa Lefika o ne a tlhalosa gore maikaelelo a bone ke gore ngwaga o o tlang ntle le go rekelana dijo, ba tsene mo kgwebong ya go adimisa ditente tsa mediro le didirisiwa tsa tsone jaaka ditilo ditafole le dilwana.

Godimo ga moo, o tlhalositse gape gore ba tlaa bo ba tsena mo kgwebong e e sa tlwaelesegang ya go nyadisa. Fa a tlhalosa, a re e rile go lemoga gore go na le batho ba e a reng go tsena mo morerong wa lenyalo ba bo ba sena

 batsadi ba ba ka ba emelang le bao ba ba nyalanang le batswakwa.

Gangwe le gape, o fitlhela ba se na batsadi ba ba ka ba rerang.“Maikaelelo ka e bile re lemogile gore go na le lefufa mo masikeng mme ba tlhoke botsadi jo bo tlhokafalang mo tirong ya bone,” ga bua jalo Goodwill.

Ka jalo, kgwebo ya bone e tlaa bo e itebagantse le batho ba go nna jalo. Se ba tla a bong ba se dira ke go tsena

mo tsamaisong ya morero wa lenyalo  boemong jwa banyalani kgotsa ba emela botsadi jwa mmatota ka dituelo

tse ba tla a bong ba di beile.

Godimo ga moo, ba tla a bo ba na le ditirelo tsa go ka dira tiro yotlhe ya lenyalo le tsa

kapei. Maloko a Lefika a masome a mabedi le bobedi, mme gompieno ba setse ba na le dilwana di le mmalwa

tse ba di kgobokantseng go simolola kgwebo ya bone ngwaga oo tlang. Goodwill a re e rile ba lemoga

gore borre ba bone ba saletse kwa morago, ba ba rotloetsa go ikitaya ka thupana mme le bone ba simolodisa

mokgatlho o o bidiwang Dikala tsa Mopipi, e le gone go supa ka fa ba ka sekeng ba tshikinngwa ke sepe ka teng mo mokgatlhong wa bone fela jaaka dikala tsa mopipi tse di  sa robegeng.“Bone ba tshedisanya dithulusu e ka tswa e le didirisiwa tsa mo lwapeng kgotsa dikarolo tsa koloi.

Onalenna Maokisi yo o dingwaga dimasome mabedi le botlhano e bile e le ene a leng mmotlana mo mokgatlhong

wa bone a re se se mo gwetlhileng go tsena mo mokgatlhong o, e ne e le letlhoko la tiro. Mme o ne a simolola le

one fa o simolola ka 2008 e le tsela ya go fetisa nako.

“Ga ke bua jaana, ga ke na selwana se ke senang sone le balekane ba me ga ba kake ba tsaya sepe mo go nna.”

Kabo Lekgoanyana ene a re mokgatlho o, o mo diretse dilo tse dintsi. A re o na le ditilo le dikotlele e bile o supile gape gore, jaaka ba tshedisanya mmogo jaana ba rwadisanya merwalo.

“Ga o eme o le nosi o sa itse gore o ka thusiwa ke bo mang, ga re itse tlala,” a gatelela. Ontlametse Ranku o supile fa ba sena dikgwetlho dipe tse di kalokalo kwa ntle ga go tlhoka madi a go rekadidirisiwa mme se ga se ba kgoreletse

thata ka madi a tlhokwa gongwe le gongwe. Le fa bomme ba gatetse pele ka maiteko a go tshwana le a, a go itsenya dijo mo ganong, borre le bone ke nako ya gore le bone ba ititeye ka thupana.

Buy Online Now!