Volume 50 Issue 1 - January 2012 : Polelo
Matlo go sha Mabapi
Author : Poloko Kgopa-Sethono
O ne a itlhonegile s e f a t l h e g o se thontse e kare sa motho a lwetse ka lobaka. Mogopolo o kgarakgatshega, kakanyo ele gore o ya go tlhola a jele eng. Dikgapetlana tsa matlho di wetse e kare o dira ka bomo.Ya re a sa ntse a etile mogopolo jalo ga utlwala go phatlakana ga dijana ka ko segotlong, ntebo ntsa e ithusa ka magogo a maloba mo pitseng e e neng e apeile ka phitlho ya ga Pule. Kana motho yo Pule e ne ele lekolwane la maratagolejwa, motho moleele fa marumo a tla re thiba ka ene.
A le nko e letsina, motho yo a ka dikang a re tsholetse kgosi. Sebe sa phiri moeka o ne a sa lemoge gore ere ntswa a le ditebogo di kgatlhang leitlho, seo sene se sa mo fe tetla ya go huhumela lepai le mongwe le mongwe. Go bisa goitse seo ga mo jesetsa kgobedung. E ne etle e re a na le thaka tsa gagwe a ipelafatshe ka gore ga go ope mosetsana mo motseng wa Letswai yo o ka mo ganang le fa o ka utlwa gotweng. Ka jalo thaka tsa gagwe di ne di mmoifa lebaibai ka ebile moeka a ne a na le koloi ele yone eneng e mmuelela.
Ka fa puong, owaii! e le motho fela yo a neng a retelelwa ke go feleletsa seele fa a fiwa tshono ya go ipala mabala a kgaka. Ka jalo dipopego le koloi di ne di mo direla tiro bonolonolo. Ya re a re o tabogela ko segotlong go leleka ntsa, Kedinnetse a wela fa fatshe ke sedidi a sena go tsaya dikgato tse nne go tswa fa a neng a ntse teng. A wa jaaka kgomo ya mokoduwe ka nako ya go le leshekere. Ya re a santse a rapaletse fa fatshe, moagisanye wa gagwe, Tlhoriso, yo a sa bolong go mo tlhoma matlho ka sebaka a tla a tabogile.
“Kedi! Kedi! Go rileng? A botsa antse a mo thusa go tsoga. “Motho wa Modimo, kana fa o mpona ke le fa jaana ke tshwenngwa ke sedidi fa e sale kgwedi tse tharo tse di fetileng. Ke a ne ke belaela gape gore ramatheka le ene o na le seabe ka ke sale ke oba letsogo maabane motshegare.`` Kedi a bua ka lentswe le le ko tlase tlase okare la motho a patikwa go bua.
‘`Ao! A o kile wa itekodisa ba bongaka ne mma? Kana malatsi a ga go Tshwane le maloba, fa o utlwa mmele o le botlhoko o tshwanetse go ikgolaganya le bone go netefatsa gore bothata bo fa kae. A ke kope Rra-Leiso go go tabogisetsa ko sepatela?`` ‘`Nnyaa rra, ke tla a siama. Ke belaela loso la ga Pule lo ne lwa ntsena thata ka ke ne ke sa solofela gore kgaitsadiake o ka re tlogela ka bofefo jwa logadima jaana.”
Kana motho yo Pule, o ne a tlhokometse lolwapa lwa gaabo morago ga gore mmemmaagwe a ikele badimong ngwagatlola. Fa ba di bolela mo motsaneng wa Letswai bo-maratahelele, ba kaya fa Mma Pule a ne a lwala ka lobaka lo lo khutshwane morago ga gore a oke morwadie-Lesego, yo o dikileng a kora ke bolwetse. Go utlwala fa Lesego fela jaaka kgaitsadie e ne ele ngwanyana waseithati sebe sa phiri ele gore one a sa itse go gana motho wa rre-a le pelotshweu. Kana bana ba ba ne ba hutsegile kana jang! Go a lebega o ne a na le kakanyo ya gore go gana rre ke sebe se segolo mo a feletseng a bitswa maina-ina ka go farologana, bo-Lucky 7, Kgorosa baeng, Opelo, Namola leuba le a mangwe a tshotlako. O ne a a nwa bojalwa jaaka ekete botshelo jwa gagwe bo remeletse mo go jone. Waitse Lesego o ne a fedile, a le mosesasesanyane jaaka seporo. E re a le mo dikobong o ka ne o tshokane o re ga gona motho mo go tsone. Di mo phatlalletse ditsala go setse Thuso yo a neng a sa mofelele pelo ka tsholofelo ya gore o tla a fola.
Kana ruri tlhotsa pele ga se eswa pele ebile tsholofetso ga e tlhabise kgala. Owaii! Lesego e ne ele senonnori fela, ya re a sena go bona thuso ya bongaka mogoma a itebala ka tsholofelo ya gore o fodile fodi-fodi. Mmele o buile, a ntse sephonkga, a le borethe ekete o ka bokiwa ke lekawana a re o tlhapa ka mashi a boa iphotlha ka lobebe la one ngwana wa mmala wa sebilo. A forega, ngwana wamosetsana. Ba boletse batsoga pele ba re phokoje ga a ke a latlha mosesele. A boela mo botshelong jo bo makgwakgwa jo a neng a tumile ka jone. A simolola go nwa phetelela mo a neng a lebala gore o dirile kgolagano ya sennela ruri le kalafi ya gagwe gore le fa pula e kana ya matlakadibe ga a ne a tlodisa go tsaya kalafi.
A raelesega, a tlodisa beke yotlhe a itontela majalwa. Ga tlola e nngwe gape a ntse a tshwere ka mokgwa o le mongwe fela a etla a dirisa bojalwa mo boemong jwa metsi go tsaya kalafi fa a ka tshokane a gakologetswe gore ga a a e tsaya.
Kae! Jo boletswe ga se koi tlhe! Ga go tlolwe tlolwe mo go jone. Ya re a tla govitlharabologelwa ga bo go le thari. Wa tlao shenne meno mogare o sena pelo ya tshameko. Monna wa motswakwa Ngaka Karimba a leka ka tsotlhe tse a neng a ka di kgona, wa mo rotolela matlho mogare, wa mo latolela tsatsi le penne. Lesego a fetoga popego ka ponyo ya leitlho. O ne o ka seke wa tlhaloganya mmala wa letlalo la gagwe, matlho one a le masweusweu twaa! Go ne go sena sejo sepe se se neng se tsena ka legano la gagwe se sa bowe jaaka se tsene.
Go sita kang le metsi tota a ne a sa kgone go nna le bonno mo go ene. “Mmaagwe Lesego, ngaka o kopa go go bona ka fa phaposeng ya gagwe,” ga bua mooki yo a neng a apere mosese o mokhutshwanyane o le mosweu-sweu. ‘`Ke a leboga ngwanaka, a nka tla le malomaagwe?``
“Ee mma, lo ka tla mmogo.” Mooki a ba etelela pele ka ele ene a neng a ya go ba ranolela se ngaka a se ba bolelelang. A tlhalosetsa batsadi fa ba dirile tsotlhe tse ba neng ba tshwanelwa ke go di dira go boloka botshelo jwa ga Lesego mme ka go tlhoka lesego ba retelelwa ke go tswelela le ntwa e. O ne a kaya fa go se bonolo gore diritibatse tse dingwe di ka kgona go lwantsha mogare oo mo go Lesego ka jaana o setse o tsere sebopego se sele ebile mmele wa gagwe o sa tlhole o amogela diritibatsi dipe fela.
Ngaka a tlhalosa gape gore fa seemo se setse se ntse jalo, go maleba gore kokelo e tseye tshwetso ya go mo golola go ya go lebelelwa kwa lwapeng ka gongwe ba masika ba
ka thusa segautshwane go mo oka le go mmeela dithapelo. Owaii! Kana mo e a bo ele go ya go letela motlha wa moriti wa selehatshe go rutlologa fela… Mma-Lesego tlhogo ya ema tsii! A saitse tota gore o senyeditseng Modimo. A batho ba motse wa Letswai ba setlhogo mo go kalo mo ba lowang bana ba gagwe gore le ko kokelong ba kojwe? A ipotsa.
Kgang e ya gore bana ba gagwe ba a loiwa ya mosira tlhaloganyo, a lebala ditaelo tsa ba bongaka tsa gore a nne a dirisa diatlana nako tsotlhe fa a amana le molwetsi wa gagwe. Kana selo se mogare se makgakga bogolo jang fa se ka fitlhela tikologo e letlagore o tsene bonolo. Ka jalo mosadimogolo a tsaya bolwetsi mo go morwadie mme a ya golo kwa go iwang ke batho ba seke ba bowe, ga maotwana hunyela.
Rra-Leiso a utlwa mokgosi wa ga Tlhoriso mme a tla ka koloi ya gagwe ya ditonki. Ba thusana go pega Kedinnetse mo go yone go leba ko kokelong. Ya re ba lebile mojako wa kokelwana\mooki a ba kgatlhantsha ka kolotsana ya bolao. Kana mooki ene e le mosetsana wa ko ga rra-Kgosi kwa ga Ranaka go tswa mo kgotleng ya Kgosing. Ngwana wa Setswana, a le botho le bopelotlhomogi jaaka tiro ya gagwe e ne e mo letla. Bagolo mo motseng wa Letswai ba ne ba mo tshwantsha le mooki-mogolo Forence Nightingale. A ipaya thothi ngwana wa mosetsana le yone e ngaparela mo letlalong le la gagwe le o neng o kare la losea.
A thusana le Tlhoriso le Rra-Leiso go folosa Kedinnetse mokoloing ya ditonki go mo pega mo kolotsaneng ya bolao go motsenya mo kokelong. “Bagolo lo intshwarele, re na le molwetsi yo o tlhokangthuso ya potlako,” ga bua mooki. Mooki a mekamekana le Kedinnetse a batla ditshika molebogong di sa bonale. O a ne a pota ka fa letsogong le lengwe a sa tswa go pota ka kwa go le lengwe. Ya re fa a neng a setse atlelwa ke boitlhobogo a bo a e bona, mme a leboga Modimo antse a tsweletse. A tsaya nnale a mo tlhaba mo tshikeng mmea hapa go se gonene go tshegetsa fa a tlhabileng teng. A tsayakgetsana ya metsi a a tswakantsweng a e thulamisa fa tshipinge e neng e le fa thoko ga bolao jwa molwetsi wa gagwe a e somelafa mokentong. Ka monyenyo wa phenyo a tshikinya molwetsiwa gagwe a mmitsa ka leina mme a mo tlhomamisetsa fa a tla a siama morago ga diouranyana.
“Ke a leboga nnese,” Kedinnetse a bua ka lentswe le le ko tlase. “Metsi a, ke molemo gape ke dijo, ka jalo a tla a go fa maatla. Ke tla a go tsisetsa se se jewang kgantejana. Itheetse mama,” mooki a bua a tswa go ya go tlamela balwetsi ba bangwe.
“Bana ba rona ba na le go itiegela ka bolwetsi le mororo lefatshe le wetswe ke seru jaana. Kedinnetse o tlhaloganya sentle bodiba jo bo jeleng barwarraagwe le mmaagwe mme o reteletswe ke go bo kakoba,`` ga bua mongwe wa balwetsi yo a neng a phimogile molomo o ntse mohibidu o kare marago a tshwene e le ka ntlha ya majalwa a masesane.
‘`Nnyaa, lona kana batho ba motse o lo na lo go akanyetsa batho mo go maswe. Lo itirile dingaka tse di sa yang go bo ithutela. Nna motho fa a ka bua ka nna ke tla a mo roba molala,`` ga akgela mongwe wa balwetsi ka kwa ditilong tse di ko morago. Mooki a solofetsa Tlhoriso le Rra-Leiso fa Kedinnetse a le mo diatleng tse dintle ka jalo ba ka boela gae ka o tla a tlhoka go mo lebelela mo selekanyong sa diouranyana. Baagisanye ba ga Kedinnetse ba nametsega ka ebile ba ne ba na le tshepo le tumelo e kgolo mo mooking wa bone. Ba laelana le mooki mme ba boela gae.
“Kana re tlhotse re tabogiseditse Kedi fa kokelong le Rra-Leiso morago ga gore a wele fa fatshe ke sedidi. Mosetsana yo otlhoka tlhokomelo mogatsaka. Ke akanya gore ka o setse fela ka esi re ka mo tsaya a tla go nama a le fa tlase ga rona go fitlhelela a fola,” Tlhoriso a rolela mogatse mafoko.
“Le nna ke ntse ke tshwenyegile thata mo moweng ka mosetsanyana yo. Ke etse tlhoko gore fa e sale morago ga loso la ga Pule o tlhontse. Kana nna le mmaagwe re ne re le ditsala tse di ntshanang seinong mme o ne o sa rate botsalano jwa rona ka jalo ka tshaba go go raya ke re re tseye ngwana wa gagwe go mo tlhokomela. Mme ke leboga thata fa o ntsha mogopolo wa go mo tlamela.”
“Matlo go sha mabapi mogatsaka, a re mo thuse. Nna ke ne ke gana fela metsamao ya gago le mmaagwe e e neng e belaetsa. Tseo di fetile jaanong a kere ne mmaabo,” a bua a ntse a tshegatshegela ko tlase.
Kwa kokelong mooki a bona go lebane gore ere a sena go golola Kedi a kope mokgweetsi wa koloi ya kokelo go mo isa lwapeng. O ne a filwe mophuthelo wa dijo le merogonyana gore a ne a ikapeela mme a fiwa karata gore a tle a bone ba lephata la boipelego go mo fa dijo tse di fiwang balwetsi. Ya re koloi ere kgo! mo lwapeng, Rra-Leiso le mosadi wa gagwe ba tabogela teng go ya go mo tsaya. Ba mo itsise fa ba dumalane go nna nae go fitlhelela a tokafala mme le ene a supa boitumelo mo thulaganyong eo. Nnyaa tlhe ba boipelego le bone ba mo fa dijo morago ga ditshekatsheko tsa bone. A thuthuga mme a simolola go ne a ya kerekeng ka a ne a e rata bobe. Tumelo ya gagwe ene ele gore ga gona jaaka o ka jesa mmele dijo tsa one mme o tima mowa tsa one, ka jalo go ne go lebane go di fepa ka tekatekano.
Ka ba di rata bobe dikgang batho ba motse wa Letswai ba simolola go buela mo magwafeng ka fa diritibatse di ntshitseng Kedi mo lebitleng ka teng, dingaka tsa mo mebileng! Ditlhatlhobo tsa mooki tsa senola fa Kedi a sena bokoa bope ko ntle fela ga gore o ne a gatelelwa ke kutlo botlhoko e ntsi morago ga dintshontsho\ tsa kwa ga gabo mme a seka a bona tshidilo maikutlo. Ke ka moo a neng a latlhegelwa ke mmele le go tlhonya. O ne a tsenelela tshidilo maikutlo e e mo gogileng dikgwedi tse thataro mme aamogela diemo tse di mo tletseng. A simolola go leba botshelo ka leitlho la tsholofelo.
Kedi e ne e le mmoki, e le setswerere sa go dirisa puo ya Setswana. A utlwalela ka tsala ya gagwe Neo fa motlotlegi tautona a tla a lekola batho ba motse wa Letswai. A ithokotsa, a bopa mafoko ngwanyana wa goorra-Metlhaeno. Ka a ne a le kgeleke ya puo, ga bo go le bonolo go rulaganya mafoko a gagwe, kapari yabo e le ya letlalo la tshephe, mma-Leiso a mo tloditse letsoku a ntse mosetlhana ngwana wa mosetsana. A gata lefatshe go utlwala. Ya re a wetsa a ikopela sebala makgolo mo go tautona gore a kgone go ne a kwala maboko a gagwe ka tsholofelo ya gore o tla a kgona go bona dikompone tse di tla a a gatisang. Ga a ise a tlhole a leba kwa morago, a semelela le botshelo. A didimatsa bo-tsaa-oa- ise ba motse wa Letswai.



