Volume 65 December 2026-January 2026 : Polelo
Magaga a Tsodilo
Author : Rebecca Katjimune
Le fa Tsodilo a itsege ka mafika a a takilweng ka boitseanape le kelelelo, dipatlisiso tsa ba kepo ya ditso di supa gore bogologolo tlhapi e ne e le sejo segolo mo Tsodilo. Go ya ka mokwalo wa ditso tsa lefelo la Tsodilo, batho ba ntlha go nna mo Tsodilo e ne e le ba nako ya tiriso-mantswe, dingwaga tse di fetang dikete tse di lekgolo tse di fetileng. Ke bone ba simolotseng go tshwara ditlhapi mo letsheng la Tsodilo le le neng le le teng bogologolo.
Letsha leo le ne le le kwa Bophirima jwa dithaba tsa Tsodilo mme batho ba paka ya bofelo ya tiriso mantswe ba ne ba tshwara ditlhapi ka dikgwagetsi tsa marapo a go dumelwang ene ele a diphologolo.
Pego e tswelela ka go tlhalosa gore go lebega fa batho ba ne ba dirisa Tsodilo jaaka bothibelelo ka sebaka se se khutshwane pele fa ba fetela kwa pele.
Dipatlisiso di supa gape gore, mafika a Tsodilo a takilwe ke morafe wa Ncaekhoe o o neng o nna mo Tsodilo go fitlhelela ka dingwaga tsa bo 1850 fa ba ne ba fudugela kwa makgobokgobong a Okavango.
Merafe e e nnang mo Tsodilo gompieno ya Ba-Kung le Ba-Hambukushu ba agile mo Tsodilo ka magare a dingwaga tsa bo 1800. Go ya ka ditso tsa morafe wa Kung, Tsodilo e ne e le lolwapa eleng; monna, mosadi le bana ba ba bedi. Mosadi o ne a tlhala monna a tsamaya le bana, morago ngwana yo monnye o ne a boela ko go rraagwe fa yo motona a ne a sala le mmaagwe. Ke sone se gompieno dithaba tse di bidiwang thaba ya monna, ya mosadi le ya ngwana.
Sefikantswe sa Tsodilo, bangwe ba se tsaya jaaka ntlo ya thapelo, bangwe ba se tsaya jaaka leobo le ba ka bonang kagiso mo go lone, bangwe ba lebelela Tsodilo jaaka lefelo la go iphokisa phefo, lefelo la go itimola lenyora le go tshwara legaba. Ka jalo, mongwe le mongwe yo etelang Tsodilo o a bo a okilwe ke mabaka a a itseweng ke ene ka jaana mabaka a batho a farologana fela jaaka beng ba one.
Ka gore bangwe ba tsalanya Tsodilo le badimo ka jalo ba ya teng go ikatumetsa badimo ba bone, bangwe ba ya go itlotsa ka metsi a didiba tsa mannelaruri tse di fitlhelwang mo thabeng e e namagadi.
E le ruri Tsodilo o a kgathisa, ebile o na le botshelo ka go bo banni ba teng ebong merafe ya baKung le ba Hambukushu ba santse ba itshetsa ka go kokoanya meamuso ya tlholego mo tikologong ya Tsodilo. ENDS



