Volume 51 Issue 2 - February 2013 : Mosasankegi

A Jutase ke Moleofi?

Author : Ka Mothusi Soloko

Nna mosimane wa motsamai, mosimane wa segatlhamela masisi, nna mmina kgabo, setlogolo sa ga Mmapodi wa boroko, ke a bo ke ne ke etetse babina tshipi fa Kumakwane ka mafelo a beke. Betsho go tsamaya ke go bona! Fa e le tse ke di boneng, le ntsa ga e ka ke ya di bogola. Hee banna! Fa ke ne ke le mokwadi, ke ne ke ka kwala ka dilo tse. Ke ne ke etetse tsala ya me kwa Kumakwane, fela mo mosong wa la Tshipi ka ikutlwa ke nyorile lefoko la Modimo.

Owaai! fa ke sa robetse, ka utlwa sefela se tsena ka letlhabaphefo, se le monate se tshwere ke setswerere sa mosadi. “Ga ke batle mang kapa mang ke batla Jesu fela. Ke eme ke eme fela, ga ke tshikhinyege ke batla Jesu fela,” Lentswe la mosadi le ne le le monate la ba la nkgopotsa la ga  nkuku e sa ntse e le ene sentle. Ya re fa ke tswa, ka tlhamalela kwa mokgosi o tswang teng. Ka fitlhela segongwana sa bakereki.

Ba bina! Fa e le moruti ene, a dira diaba. Ya re fa re ntse jalo mme mongwe a tenkana a bo a ragaraga, ba mo gogela mo tanteng. Pina ya tswelela, ba e shobotla moruti a a ja mmamadikwana, jase ya  gagwe e phukalala, e bo e shapa badumedi mo matlhong. Ya re fa e sa ntse e loeletse jalo, mme mongwe a galaotega, phuthego ya ne e kete e tlaa mo itlhokomolosa, a tloga a ikgagolaka diaparo, ba bona gore e ka re go tlaa ya masweng. Ba omoga ba mo tshwara, moretheto wa pina wa fokotsega.

Hee! mosadi a ipolela dibe, ka ba ka sala ke akabetse! A di bua tsotlhe, ka re tsotlhe. Ngwana wa gagwe wa mosetsana a re koo o mo thiba molomo, mosadi wa Modimo a kgophola a tswelela le maithukutho a gagwe. Kana ke raya a bua masaikategang a magodimo. “Mma tlhe didimala o re tshegisa batho,” kopo ya ngwana ya itaa se fololetse.  Kgabagare a kokobela, a ya go nna fa moragonyana, a setlhafetse e bile a jewa ke kgala. “Golo fa ke fa kae ne bathong, go riling?” a botsa.

 “Jesu o rile tlang kwano lo se ka lwa boifa sepe, atumela Mma Kedisang, gompieno saatane yo o go dirileng lekgoba yoo, re tsile go mmolaya. Saatane ke mmaba bakaulengwe,” moruti a tlhalosa. Phuthego e ne e didimetse mo go sisimosang mmele. Moruti a ema fa pele ga phuthego, a tsaya thamaga ya Sesotho, a e tsholeletsa kwa godimo. “A le bona buka e bakaulengwe, e bidiwa baebele, jaaka lo bona mokwalo o kwadile, fa re tlhalosa lefoko le ke gore la re ba-a-e-bela, ke gore ba ebela fela ba sa itlhaloganye.”

Ka jewa ke kgakge. A ke tletse gone go utlwa go twe lefoko la sejatlhapi le le reng bible, le raya gore ba a ebela? A mme tota moruti yo o nonofetse go ema phuthego ka lefoko? Fa ke sa akabetse jalo, mongwe a thunya ka sefela, mosadi mongwe fa thoko a sebetsa tsala a re, “Moruti o a itse, a o utlwa gore o e tlhalosa jang! Lentswe la moruti le ne la tsena thapelo ganong, go bonala matlhagatlhaga a gagwe a oketsegile. Tota kgang e ne e le ka Jutase! Ga ke ise ke utlwe motho a kgobiwa jaaka moruti a ne a dira Jutase. 

Moruti o ne a goa Jutase go ka nna ga raro, phuthego e mo rotoletse matlho. Ya re fa lentswe la gagwe le wela tlase, ka bonya a fetsa ka gore, “o rekisitse Morena Jesu!” Mosetsanyana mongwe a lela sa mma ijoo, a lelela Jeso. Ba mo kumakuma, ba mmaya fa morago, a se kgera gana wa batho. Moruti a tswelela jalo, lentswe la gagwe le utlwiwa ke motho a se fano e bile o ka re o le oketsa ka go tla a gatelela mafoko ka tlhogo. “Selo, ka re selo se go tweng Jutase, selo seo ga se motho, a rekisang Jesu. Gompieno jaana re ka bo re tshela le Morena Jesu go se na malwetse, go se na dintwa, go se na tlala!” Monnamogolo mongwe a gopola masufu a podi ya gagwe e e bolailweng ke leuba, a ba a gopola gore kana fa e ne e se ka Jutase, go ka bo go se na leuba, le podi ya gagwe e ka bo e sa swa. Kgarebe nngwe yone ya gopola gore kana e ka bo e bereka fa Jutase a ne a sa rekisa Jesu.  A ikgomotsa ka gore fa a ka inaya thapelo, tiro o tlaa e bona.

 “A mo rekisetsa Majuta ka sheleng. Madi betsho ke mmaba, madi ke one a rekisitseng Morena Jesu, madi ke o ne a tladitseng dibe ka lefatshe.” Ya re fa a rialo, mosadimogolo a gopola masheleng a a neng a a phuthetse ka tukwi, a tomoga a nanabelela ka fa morago ga tante, a olela masheleng ka motlhoboloko, a tloga o bowa a inamisitse tlhogo. Pina ya tswa nna ka se ka ka e bina! Sebe sa phiri ke ne ke le mo tsietsing gore a tota Jutase o molato.

“A Jutase o ne a sa dire thulaganyo ya Modimo,” ka ipotsa. Kana Modimo o ne a batla go golola setshaba sa gagwe mme a ntsha ngwana wa gagwe gore a tle go swela melato ya rona gore re inwe mo mading a gagwe, re tle re gololesege.  Mme ka jalo Modimo o ne tlhopha batho ba a tlaa ba dirisang mo thulaganyong ya gagwe fela jaaka a tlhophile Marea go nna Mma Jesu! Ga ke re ke na le kitso, ka re ke ka fa ke tlhaloganyang ka teng.

Kana Modimo o ne a sa dira gore Jesu a lwale a bo a swa, o ne o dirile thulaganyo ya gore a bolawe, a thologe madi mme ka jalo Jutase e ne e le mongwe wa ba ba dirileng gore thulaganyo ya Modimo e wele, fela jaaka e ne ya re Jeso a a swa a kua ka lentswe le letona a re, “Go weditswe!” Fa e ne e se ka go rata ga Modimo, Bajuta ba ka bo ba sa bolaya Jesu. Fa ke sa akabetse, moruti a bona gore ga ke na le bone. “Heela rra!...tla kwano o ipolele dibe o tle o bone bogosi jwa legodimo,” moruti a nkopa.

Ka fitlhela phuthego e nthotoletse matlho, o bona gore ba nyorile go utlwa dibe tse di sa tshwaneng le tsa bone, e seng tse ba tlholang ba di bua. Tsa tla di le dintsi. Ka gakologelwa letsatsi le ke neng ka keteka batho kwa Kasane, ka gokologelwa bojalwa jwa bosigo, ka gakologelwa motokwane o re neng re o jela mo tshimong ya merogo kwa sekoleng, tsa tla di le dintsi ka ba ka se ka ka itse gore ke ka simolola fa kae. Ka bona botshabelo mo sefeleng, ya re ba se amogana le nna jalo, ka  inonoetsa, ka tsena ka lenga la seloko. “Ke ipolele dibe, nna? Le go leka!”  BOKHUTLO

Buy Online Now!