Volume 65 December 2026-January 2026 : Politics

Se sugele ngwana thari mpeng

Author : Boitshepo Reginah Keitheile

Keletlhokile ke mosetsana yo o tswang kwa kgaolong ya Kweneng, Molepolole motse-mogolo wa Bakwena. O  tlhatlogile monyo, a bo a nna mosesane, motwane one e le wa sesadi tota. Jaaka leina le bolela, o ne a sa itewa letsogo jaaka bontsi mme a kile okomela sekole, sebe sa phiri e le gore o ne a sa abelwa.

O ne a kopana le lekawana lengwe kwa toropokgolo Gaborone, ka a ne a bona fa a ka ikopelang paletshe teng, barutabana ba sena go leka go fatlholola fa ba kgonneng teng le fa e se ga sepe. Le gale go isa kwa ganong le go itswesa gone o ne go kgona. A kopana le lekawana le bidiwa Phemelo, la ipala mabala a kgaka mme la atlega ka Keletlhokile a ne a akanya fa le tlhwaafaletse go aga motse, le feditse mantlwane.

Nko e re e rwele fela, ga e  dupelele, lerato e ne ya nna la o ka swa nka go ja, Phemelo a itsese bangwe ba ga bone le ditsala tsa ga Keletlhokile fa e le ene mosadi, a batla go mo gorosa. Dingwaga tse tharo di ne tsa kgabaganya go ntse go jewa monate wa kobolela. Phemelo o ne a tlwaeditse Keletlhokile go nna a kgabola kwa a berekelang teng, ka dinako tse dingwe a tle ka dijo tsa motshegare gore ba tle go ja mmogo.

Mosetsana a nna kwa ga mothakga, a thakgasela go se na tsapa le mo fisang pelo, a itse gore Phemelo ke wa gagwe le mo sefofu se neng se bona gore motse o setse o thaegile, a lebala ka digodi. Phemelo o ne a kopa Keletlhokile gore a fuduge kwa a nnang teng, ba e go nna mmogo. Mosetsana ka e ne e le ngwana wa Setswana, a gana, a re batsadi ga ba na go rata ka o tlaa bo a inyadisitse.

Botshelo jwa tswelela jalo go sena makgwere ape.Ya re go ntse go ya, mosimane a kopa wa mmenyana gore ba tshole ngwana gore e re ba nyalana ba bo ba setse na le se se ba golaganyang. Kgarebe ya ikopela go fiwa sebakanyana e sa ntse e sekaseka mafoko a moeka. Owaii! wa hapoga marago motseto, Phemelo a bona tshetlhana ya Morolong gone mo Gaborone. Keletlhokile a se ka a lemoga phetogo epe mo go Phemelo, ba a ja relele fela jaaka gale.  E ne e re fa tshetlhana e ya Morolong e etela Phemelo, e tsamae le mogoloayone. Kana morabaraba o o tshamekwa jang, ga re itse, dilo tse ke maranyane, maitsewe ke beng. Fa Keletlhojkile a tla go thanya,  ke fa jaanong Phemelo a golagane le mogoloa tshetlhana, botubi ruri, tshetlhana ele e phuilwe jaaka molora wa leiso kwa thotobolong o latlhiwa ke setswerere mo mosong.

Dilo tsa fetoga, ga tlhakatlhakana magareng ga ga Keletlhokile le Phemelo. Keletlhokile ka e le motho yo o lerato gape a le pelotelele, o ne a leka go tlhotlhomisa mme a pala go hupologa ngwana wa mosimane ntswa go twe fa a roga mogolo ga a gake. Mosetsana a itshoka mme ga felela a lelediwa ke bommenyana le go mo romelele melaetsa ba mo tlhapatsa le go mmolelela fa Phemelo e le wa bone. Keletlhokile fa a re o lebisa Phemelo molomo mabapi le megala ga mmogo le melaetsa e a e amogelang ya nna ntwa. A nna a itshoka ngwanyana wa Mokwena, a re o rurifatsa gore lerato le pelotelele le gore banna ba a tlhaela o ya go bona ofe kae a mo ithuta leng ka Phemelo o ne a setse a mo tlhaloganya. Go ise go e kgakala, mogoloa tshetlhana ya Borolong a leletsa Keletlhokile a mmotsa gore a Phemelo ke monna wa gagwe, Kwena ya rona yone e ne e itse motho e le monna fa a begilwe semolao. Fa a gakgamala, tholo e tona ya re “Fa e se monna wa gago go siame mme wena le ene le a ratana a kere? Ke utlwalela dikgangkgang mo”. A botsa Phemelo, Mokwena jaanong a kgobegile marapo, ke fa mosimane a re ene ga a di tsene fa e le gore ba kgona go buisana ka mogala. Phemelo a fetoga, a busa maoto ka bonya ka bonya mo go Keletlhokile, a utlwa botlhoko ngwana wa batho. Ya  re boitlhobogo bo setse bo tsile, megala le melaetsa e e tswang kwa go bommenyana ba ba reng ke ba ga Phemelo ya tsena ka mmetela.

A nnela selelo bosigo le motshegare, e re fa a leletsa Phemelo a mmolelela ka le go mmona ka matlho a se ke a mmona, a fetole ka bogale jwa tau ya motsetse. A lela selelo se se botlhoko, go se na ope yo o mo gomotsang, a ota ngwana wa batho. Ya re tsatsi lengwe, tshetlhana le mogoloayone, kgatlhathuu! kwa ga Phemelo. Ya nna tshwarangtshwarang, makgarebe ba ngapana ka dinala, lekau la kopa thuso mo tsaleng nngwe ya lone go tla go le namola. Tsala ya tsaya Phemelo, ba tlogela bana ba motho mo ntlong kooteng gore fa ba bolaana ba bolaane, ka jaanong e ne e le maraganelateng a bana ba mpa, ga a tsenwe ke ope. Beke e ise e fele, mongwe wa Barolong ke fa a leletsa Keletlhokile, a mmolelela fa Phemelo e le monna wa gagwe, a sa ntse a tlile go mo lwela. Keletlhokile a a tshela ka tsebe tsa ga Phemelo, ka ditlhong a mo raya a re “Kante batho ba ba go saletseng morago, a fa ba ntwela ba tshwanetse go go tsenya mo teng?”

Kwena ya rona ka boingotlo ya re, “Ke tsone tse ke di utlwang tseo, e a re ke re ke ba bolelele gore o sale o mphuile go setse bone, ba tlogele go ntshotlakaka ka mafoko, o bo o tlala ka makgasa”. Keletlhokile a amogela seemo ka iketlo, a tsenya mmelenyana ole wa gagwe. Morolong yo motona a fuduga a ya go nna le Phemelo, botshelo jwa fetoga mo lekaung, la simolola go kgokgontshiwa ke motho. Keletlhokile a tlhokomologa, a tswelela le botshelo jwa gagwe mme go se monate mo go ene ka Phemelo go ne go lebega e le motho wa mosese mongwe lo mongwe o o fetang mme ba botlhe go sena yo o ka fetang a sa mo kgotlha mo leitlhong. Potso e a neng a e ipotsa ke go re go fetile dingwaga tse dintsi a kgaogane le phemelo, ba basha bone ba mo saletse eng morago? 

Keletlhokile wa mmonadilo a nna a leka go lebisa Phemelo molomo ka dilo tse mme a ntse a itaya lentswe ka le le lengwe. Morago ga dingwaga tse pedi kwa tirong ya boPhemelo ga thapiwa mosetsana yo motshwana, wa ka fa ga Mmangwato. E ne e le ngwana wa mmala wa sebilo, moAferika ka sebele, a na le mmele o e reng monna fa a se na boitshwaro a se ke a itshoke. A mo tsena ka tsoopedi le ene, a  gore Phemelo le Keletlhokile ba kile ba bo ba jela mo mogopong o mosweu, ngwana wa batho a simolola go jela mo kgobedung gape. Mongwato o ne a sa lebe Keletlhokile sentle, a nna a mo leba ka modilo le go bua mafoko a tshotlo a sa a mo lebaganye mme a raya ene.

A nna a leka go bua le Phemelo ngwanyana wa Mokwena, a itaya se fololetse mme a sa itlhoboge. Kgabagare a bona go le botoka g leka go bua le mongwe mogolwane wa kwa tirong ya boPhemelo, mme a mo tlhobetsa gore ga go na se b aka mo thusang ka sone. E re fa mosetsana yo bona Keletlhokile a feta gaufi le fa a teng a nna a re, “Nna ga nke ke kopanela monna, monna e nna wa me ke le nosi e bile monna o a ipaakanyediwa.” E ne e setse e le ngwaga wa bosupa Phemelo a ntse a tlogetse Keletlhokile, mosetsana wa Mongwato ene a ntse a mo setse morago ka ene.

Nako nngwe Keletlhokile kgatlhathuu! le mosetsana wa Mongwato a na le ditsala tsa gagwe a simolola a dira jaaka gale. Mongwe wa ditsala tsa gagwe a buela kwa godimo le ene  a re “Fa motho a go tseela monna ke eng o sa mo itee, kana o a mo tshaba?” A itlhaba ngololo mosetsana wa Mokwena, a fapaana le bone a ikela kwa a neng a ya teng. Keletlhokile ka a ne a itse fa molemo wa kgang e le go buiwa, a leka go buisana le mosetsana wa Mongwato ka setho. A bo a itshetse moko wa talane, motho a mo gobolola, maikaelelo e le go kgotsofatsa ditsala. Molato wa ga Keletlhokile e le go feta a re, “ke kopa go bua le wena, ga ke itumelele ka fa o nnang o dira ka teng le go bua ka Phemelo,  o sale a ntlogela ngwaga tse supa tse di fetileng. A mme le motho yo o kopanang le ene ka ngwaga e, o tshwanetse go itse fa ke kile ka ratana le Phemelo?” Fa mosetsana yow a Mongwato a ntse a ipetola jaana, Phemelo ene o ne a ntse a nna le Morolong, e bile ba baakanyetsa lenyalo.

Ka e sa ile khutsana, Keletlhokile a mo raya a re, “le gone o ntshetse morago ka motho, a ga o ise o utlwe gore o nyala ngwanyana yo a nnang le ene mo ntlong, ke eng o sa e go bua le ene yoo wa tswa mo go nna?” E rile fa Keletlhokile a tlaa ithola thura ya mosetsana wa Mongwato mo tlhogong, a ikgogela kwa go ba molao, ramapodisi a feta a kgalema. A botsa Mongwato gore fa monna yoo e le wa gagwe mo basading ba bangwe o batla eng, a mmontsha lebogo la molema gore ne o nyetse, fa a na le mathata ba buela mo ntlong, kgang e bo e fela. Fa mosadi wa gagwe a fatlhiwa ke sengwe, o bua le ene e seng go tsamaya mo a tsuulola ditshwanelo tsa basadi ba bangwe. A laela gore fa mosetsana yo a ka tswelela a mo sala morago a boele kwa go bone ba tle go mo tlhatlhela ba mo tsenye mo tseleng. Ka one ngwaga oo wa go lwelwa, Phemelo a ntsha magadi kwa Borolong, mo go o o latelang a bo a nyala. Keletlhokile le ene ke fa a ile go nna mongwe wa basupi kwa lenyalong la ga Phemelo ka bontsalae ba ne ba mo laleditse. Mongwato a sala mo lephereseng, lefela la mafela ka kooteng a ne a itsholofeditse gore palamonwana e tlaa rwalwa ke ene.

Fa go ntse go raganwa ka makwapa jaana, Mokwena ene o ntse o itshelela fela, a se na mathata a lenyalo, a tsaya botshelo jaaka bo ntse. O ne a itse fela sentle gore ngwana ga a sugelwe thari mpeng. O itse fela gore wa nnete ene monna o tlaa mmona, ga a a itlhoboga. BOKHUTLO

Buy Online Now!