Volume 51 Issue 3 -March 2013 : Mosasankegi

Ke fitlhetse ba seba Radithupa

Author : Mothusi Soloko

Monnamogolo a thubega ka setshego a sena go tlhoma phafana fa fatshe.

 
Moroko wa dintshe wa sala o kokobetse mo ditedung tse di putswa, o ka re magogodi a noka.
 
Ka selo se setshego o ka re bolwetse jwa lekgwaphe, se a tshelanwa, yo mongwe fale le ene a se tseeletsa a ba a rata go wa ka sekota mo setilong sa dikgole.

Ba ya ka mogoro batho ba maloba,  ba ngannganyega, dinonyane tsa ba tsa unyologa mo setlhareng sa mosetlha se ba neng ba ntse moriti wa sone, tsa tshabela kgakgala.

Tota ke ne ke sa tsaya loeto, ke ne ke kgabotse fela ke re ke tlhole gore ba ga rona fa Moshupa fale ba tsoga jang. Ka fitlhela go jewa kemo. A nna maratadilo, tota ke ka boa fela ke sa ema teng! A e ka re go jewa go latlhwa, go fiwa le ntsa e feta, nna ka sala?

Nnyaa! Hee! ka fitlhela matlhogoputswa a a ja ngwana wa motho direthe.

Ya re fa MmaOdireleng a tla ntlheng ya bone, dikgang ya ne e kete di a kokobela.

A se ka a rata ka fa banna ba ba tshegang ka teng fa ba mmona. Kana podi go ingwaya e e sekgwakgwa. O  ne a itse sentle gore motse o wa Moshupa o mo ja setshego ka ba ne ba re ke moloi.

Jaanong fa banna ba ngannganyega jaana, a gopola gore ke gore ba a bo ba ba bua ka fa a tlodisang bana ba batho dipota ka teng, a ba tsenya mo dikgong tse ditona. Dilo tse!

Ya re fa a ya a ba lebile, a kgwa lenga, Rankhibidu a feleletsa mogatla wa setshego. Batho kana fa ba tshwere kgang e e tlhapisang pelo, ga ba tsewetsewe ke phefo, ba nnela ditsiabadimo tsa boMmaOdireleng.

Tota gone betsho, seboko se tsene fa kae mo ntheng ya nama? Kgang ya gore MmaOdireleng o a loa e simolotse maloba jale ka mariga. Bosigogare joo, mosadimogolo wa batho o ne a tsosiwa gore a ye go belegisa ngwana wa ngwana.

Ya re fa tiro e sena go wela, ka makuku a naka tsa kgomo, a gopola momela wa gagwe o o mo segotlong.

 “Ijoo nna wee! Momela wa me wee! ruri fa dikoko tsele di ka fologa ke ise ke goroge, di ya go o ja di bo di o latola.” A bua jalo a tshwere tukwi, a se ka a tlhola a re ka moso, a ralala masigo ka tlhogo.

Ba gana go bona mosadimogolo mo masigong a a kalo Bakgatla, ba tsaya tshwetso fela gore o a tshwaratshwara.

Dikgang ka di tsamaya le phefo, tsa anama go gaisa le bolwetse jwa mmokwane. Ya re fa a ya a ba atamela, a utlwa gore nnyaa, gompieno kgang ga se ene ka o ne a setse a fetogile pina ya tshwene.

A  boela maikaelelo a gagwe a go ba kgwela botlhoko, ka tota motho wa Modimo erile go bona a hupile tedu, a ikaeletse go ba bobelela tse ba di jeleng ka motlha wa tlala. Tota se se neng se mo tsieditse ke gore motho yo Rrankhibidu, ke ene a ratang go nna moruti ka ene, go seba! 

Motho e tlaa re letsatsi lengwe a lore a seba, a makale a anegetse bosaane phefong, a iphitlhele a badilwe ke batho meno, a tla a bakela go seba.

Nnyaa mme gompieno ba ne ba le mo go di sele Bakgatla ba ga Mmanaana, ba segetlha mogwe wa bone Radithupa. Hee! Ka re ba mo seba, ka bo ka gopola Mmarre golo a go letseng. Kana o ne a tle a re le ba ba marokgwe ba, o ba bone, ba tshwana fela le ba mesese ka go seba. Ija ke iponetse gompieno.

Golo fa kana go  ne go tsewa setlogolo sa ga Rrankhibidu mme go a bonala Radithupa a bo a sedimositse gore pula e ya go na ka  masubelele, melapo le melatswana e suma go feta le yone ya morwalela wa ga Noah tota.

E ne e rile fa mahube a budusa, maru a bo a befile, fa boosa ya ketimetsa ntlha ya godimo, moshanshanyana wa foforega, Rrankhibidu a ntsha mhalatsamaru, a o tshotlha, a ya ka kwa segotlong a o kgwela kwa, a retologla a ya kwa banneng.

Owaii! metsotso e le mebedi fela,  maru ale a mantle a phatlalala, banna ba boela kwa kgotleng. “Monna, motho yo Radithupa ke mogwe wa me tota, re dikile re e ja kemo ya gagwe.

O tsere ngwana wa ga mmangwane, tota, e seng wa nkemela foo” ga bua Ramasego. Matlhogoputswa a gakgamala.

“Hee! mme mogwe o wa gagwe kalatshane fela monna, ntsaana he, ene pula e o e bona jang? Bonkaenesa waitse ke mathata. Motho o a ne a bona a kalela bagolo fela a bapile le nnete? Le boboi ga a boi” ga botsa mongwe fale.

Ba thubega ka ditshego ba ise ba mo arabe. MmaOdireleng a ema fa thoko ga bone, a itshwere dinoka. “ Ntsaana hee lo tsikitlwa ke eng lo re tlhodia jaana?” a ba botsa a a sinaletse. Rankhibidu a araba.

“Owai! re a bo re gopotse Radithupa, mosimane wa pula,”. MmaOdireleng a wela tsela go tsena ka fa lwapeng.

“Owaai a lo a tle lo mo tseye tsia tota motho ya Radithupa? Nna kana ga nke ke itiya ka ene.”

Ramoubane a emelela, a tlatsa phafana, lehulo la bojwalwa la bo la sala le elela le phafana.

Ya re fa a ise a nne fa fatshe, le ene a ntsha la gagwe, “Heela, o se ka wa rialo, gare ke dikile ke lemile ka pula tsa ntlha, ene mogwe yo wa gago a ne a rile pula e tlaa nna matsorotsoro.

Kae? Mabele a me a jewa ke letsatsi, ka tswa fela ke iphotlhere jaaka motho a ne a re o ya go fagola kolobe.

Gompieno jaana re ratile go  tlosolosa lenyalo la motlogolo wa me,”  ba thubega ka ditshego!

Fa ba sa le foo, maru a kitlana gape, ya gosomana, fa ba re ba siela kwa ntlong, motswaiso wa tshwara borokgwe jwa ga Rrankhibidu, a wa ka mpa ya sebete phafana ya phatlakana. 

O tsogile foo a betilwe ke pelo, a tlhamalela kwa ditlhomesong, a ntsha pheko e nngwe, leina la yone le nkgakela eng ne?

A e tshotlha, a kgwela kwa le kwa. Pula ya didimala, letsatsi la tsosa senyetse, banna ba boela kwa kgotleng gape.

“Kana tota motho yo Radithupa, ene pula o a e bona, jaanong e kganelwa ke lona boRankhibidu.

Gompieno jaana dingaka di tletse ka lefatshe, ke tsone e reng fa pula e re e a na, ba bo ba e kganela. Bomatlhogojane bangwe bone ba tshela letswai mo leisong. Radithupa ene o a e bona,” ga bua Mosotho.

Ya re fa ba sa ntse ba le foo, ga tsena selailai, se tsamaya o ka re se tshaba lefatshe. Fa ba re thaa! ba fitlhela e le ene Radithupa ka sebele. Ba tsenya ditlhogo jaaka motsetse wa segologolo.

A feta a nna le bone moriti fa a sena go hupa phafana.  Rankhibidu a se ka a itshwara, a kgwa molalatlhageng.

“E kae pula ya gago monna?” ba thubega ka ditshego. O rile e tsile go gosomana, re sale re letile, re lapile melala ke go lelala legodimo”

Mosotho a sekamela ka fa go Radithupa ba sebaseba ba tloga ba tshega.

“Pula e ntsi malome, fela ke gore lona dingaka ke lona lo e itsang go na,” Ba ngannganyega ka setshego Radithupa a itlhakanya le bone. Ba a ne ba se tseeletsa, fa o re ba feditse, mongwe o se simolola fale ba bangwe ba se mo amoge. “Heelang borra, lo a tlhodia monyadi o tsile.

A ko lo yeng go tlhola gore bana ba lona ba swaile kwa lo lese go tshega jaaka batho ba lomilwe ke mmamagwatagwata kwa!” ga bua MmaOdireleng. Bokhutlo

 

Buy Online Now!