Volume 65 December 2026-January 2026 : Art & Culture

A re boeleng kwa tshimologong

Author : Mothusi Soloko

 

Dilo tse tota ke matlhabisa ditlhong. Re tshwanetse ra boela kwa tshimologong, gone fela kwa letsatsing le borraaronamogologolwane ba neng ba raya mafelo a lefatshe la Botswana maina. Kana jaanong rona re mo go di sele, re fetotse maina mo e leng gore fa mongwe wa bone a ka rula, o ka swaba nko go feta molomo. E seng fela go swaba, le go timela o ka timlea ka gore fa a ka itshwenya a re o botsa ralephile mongwe maina  a mafelo a ba a tlogetseng, owaii! Ke go ingwaa tlhogo fela, e nna ga re itse, ga re ise re utlwalele lefelo leo. Kana tota maina a e ne e se maina fela, a ne a na le bokao jo motlapele a neng a bo amanya le ditiragalo dingwe.

Ke mang yo o itseng gore leina la pele la motse wa Thamaga ke Tlhasokwane? Molotlegi wa kgang e, a re bogologolo tala, fa kgosi Gobuamang a gololwa kwa Lobatse, kwa a neng a tlhatlhetswe teng ka taelo ya ga Mmamosadinyana. Ya re fa goroga a tswa koo Mokgatla, ba mo ema ka lefoko gore kwa Moshupa gone a se ka a bo a le baya. Jalo Gobuamang a ya go nna kwa thabeng nngwe, mme lefelo leo la bitswa Tlhasokwane. Le la Thamaga le tla maabanebane fela jaana, fa Bakwena ba lwa le Maburu. Bagolo ba re Leburu le le neng le eteletse masole pele, le ne le tsamaya ka pitse e thamaga, ya re fa ntwa e hibitse jalo, Bakwena ba e tlhaba ka segai.

Maburu a mangwe a bona gore ga e ne e a komakoma, ba inaya naga, Bakwena ba mo kobakoba yole wa pitse ba pagame makaba mme ya re ba ntse ba tla jalo, ba fitlhela pitse e Thamaga e e swetse gone mo lefelong le. Ka jalo motse wa fetoga leina wa bitswa Thamaga. Bone Bakgatla ba ba Thamaga kana ba tswa ga-Mosopa. Tota sentlentle leina le, ke Mosope wa Nkwe. Monna yo o reeletsweng leina ka motse o, ka letso e ne e le Morotsi, e le ngaka ya matwetwe ya ga Kgosi Motswasele wa Bakwena, nka di ngala fa di sa mpolelele nnete.

Ga twe o ne a e itse tlhabana ya kgomo mme tota a loa ka legakabe. Fa Kgosi Kgatle wa Bakgatla a tshaba kwa Aferika borwa, a sena go omana le bomonnawe, e bong Kgafela le Mocha, ka nako ya fa go bofeletswe kgomo e naana mo setlhareng,  a gorogela mo go Kgosi Motswasele. Baboni ba re o tsene koo motseto o fapogile marago, Matebele a ganyaotse Bakwena e bile ba gapile mosadi wa ga Motswasele. Kgatle a tsoma Matebele ao, fa a sena go ba bona, a gapa dikgomo tsa ga Motswasele le mosadi wa gagwe a di busetsa kwa go ene.

Ke gone fa Kgosi Motswasele a tlaa neelang Mosope pitse ya gagwe e tshweu. Baitse ba tsone ba re o ne a mo raya a re “Tsaya pitse e, o ye go batlela motlogolo yo wa me metsi,” Mosope a tsamaya dikgwedi di ka nna pedi, a eta a ema mo tseleng a laola gore metsi a ka tswa a le kae, bola bo sa a tshware. Fa sa ile jaana, Bakgatla bone ba ya go leta kwa ga Kgatla. Lefelo le le teeletswe ka Kgosi Kgatle leina sentle ga se kwa ga Kgatla, ke kwa ga Kgatle, kgosi wa Bakgatla, mogolowe Kgafela le Mocha, kgaitsadia Mosetlha, botlhe ba, e le bana ba ga Tshwaane kwa Tshwane wa Mmamelodi, yo le ene ba mmitsang Pretoria. Golo fa seleme se sentsi, maina le ditso tsa mafelo di ile le mola wa noka.

Ka nnete! Fa Mosope a itlhobogileng teng, a re o boela gae, a kopana le metse, Motswasele a mmusa a re a ye go a kata ditshaba tse dingwe di tloga tsa a tsaya. Molaetsa wa goroga kwa go Kgatle. “Tsamaela kwa Bophirima kwa, o tlaa bona monna ga twe Mosope, o tlaa go bontsha lefatshe la gago,” Bakgatla ba fuduga kwa ga Kgatla, ba ya go aga kwa Mosope. Leina tota ke kwa ga Mosope e seng Moshupa. Dilo tse fa di diragala jaana, Bakwena bone ba ne ba le kwa Kolobeng, Kolobeng go tewa gore dikolobe tsa naga eo di ne di le dintsi teng. Mme kolobeng yo, go ne go nna fela go le mouwane, e bile mouwane wa teng o kare o nesa pula, lefelo leo ba le bitsa ba re Komakomane, ga se gone go re e tlhola e komakometse ruri, Setswana, segaaborona. Basha ka o ba itse ba le fetola ba re ke Kumakwane. Nnyaa betsho ga se Kumakwane, ke komakomane, boang koo, lo ko lo bitse maina a mafelo jaaka beng ba one ba a itse.

Ahee! A e re ke ise ke lebale, ke boele kgang ele. Kgatle sentle o tswa go kopana le Matebele a a neng a ganyaotse Bakwena kwa Dutlwe, a ba busa koo, a ba setla, ga sala go thuntse lorole lo lo betang kolobe ya mokoduwe. Mosadi wa ga Motswasele o tswa go mo tseela fa Gabane fa. A gapa gotlhe, dikgomo le sengwe le sengwe se ba neng ba se tshotse. Ya re fa a a fa pego kwa go Motswasele, a fitlha a re, ”Mong wa me, ke tsere sengwe le sengwe mo go bone, fa ba leng teng ga ba na le fa e le sepe. Ka nnete Matebele ba ne ba setse fela ba iphotlhere jaaka koko e faladitswe ke phakalane. Lefelo leo ba bitswa Gabana. Gompieno ke le, le bidiwa Gabane, e le gore Gabane o raya eng ene? Nnyaa betsho, ke Gabana.

 

Bangwaketse ka o ba itse, ba bo ba ya go rumola Matebele. Moso mongwe fa ba re thaa! ba kgatlhantshiwa ke lorole lwa Matebele, a tla a jele molato a o feditse. Go ne go bonala gore go tlaa swa motho wa baba le wa gae. Ba iphitlha ba ga maila go bobela. Fa Matebele a leba kwa ntsweng ba bona go phatsima, mosimane a supa ka segai a re “A bantu ba ya khanya,” ke gore batho ba a phatsima. Jalo Kanye a itsewe ka Khanya, leina ga se Kanye ke Khanya. 

 

Motlhokakitso mongwe o kile a re o ntlotlela ka ditso tsa toropo ya Lobatse. A re banna bangwe ba ne ba seka dikgomo, yo mongwe a raya yo mongwe a re lo-ba-tse, go re o ne a raya eng, ga ke a ka ka utlwa o gore totlego eo e feletse e reng, kana motho wa batho o ne a jele matute a marara, a thulamela a ntse a bua, ka felela ke eme jaaka motho a bone sepoko sa motshegare, ka wetsa ka go re ke naane fela kgang eo. Lefelo le le bidiwa Lebatsee.

Fa go simololwa go iwa Makgoeng, banna botlhe ba ne ba ikwadisa teng koo. Mme fa ba sena go phuthagana jalo, mokwadisi a iteela MaAferika Borwa mogala a re “Tlang le ba tsee,” lefelo la fetoga Lebatsee, Lebatsee a fetoga Lebatse, Lebatse a fetoga Lobatse.

Jaanong fa Mogoditshane fa gone, go teeletswe ka setlhare sa mogodiri se sennye. Bagolo ba re go ne go ratwa ke ditlhatshana tsa magodiri, ke gone ka moo ga bidiwa Mogoditshane.  Monate wa Setswana, rona bomatlhogojane re bitsa fela, ga re itse go re ga tweng, go simologile kae. A kere ke gone go tlhoka go rokela banneng, gore e re sedibo se tlala ba se re thuse? Re tlaa felela kwa go ileng tsie, re sa itse ditso tsa mafelo le maina, re a bitsa jaaka batswakwa. Tharabololo ke eng jaanong fa tsela ya rona e tsena ka sekgwa jaana? A se gone gone gore re boeleng kwa tshimologong, kgotsa kwa marakanelong a ditsela, re tle re itseye motlhala sentle, re ikitse? BOKHUTLO

Buy Online Now!