Volume 65 December 2026-January 2026 : Polelo
Poifo mmaba wa tumelo
Author : Keonee Kealeboga
Ba itse ba puo ba kaya poifo e le selo se se mashetla thata. Ba tlhalosa gore fa o ka e bulela pelo ya gago, kana wa e letla go ipha maatla mo botshelong jwa gago, o tlaa fetoga legolegwa le le tsamaya-tsamayang ka tshosologo. Pharologanyo e tlaa nna fela mo go reng tshosologo eo ya gago e tlaa bo e sa felela kana e sa nona. Ba re poifo le tumelo ga se di ya thoteng di bapile. Fa poifo e leng teng, tumelo e sia e bo e phaphathega, le phatlha e e tseneng ka yone go se ke go nne bonolo go e bona. Go ntse fela jalo ka tumelo, fa e itshetletse golo, poifo e itseta mogatla mme e katoge, e emele fale.
Go tlhalosega fa go na le ntwa ya go ya go ile fa gare ga dithata tse pedi tse; nngwe le nngwe ya tsone e batla go ntsha marota, go fenya e nngwe mme e nne yone e itlhomang ka mabela mo teroneng ya pelo ya motho. Bosheng jaana fa lekoko la babegadikgang ba bukana ya Kutlwano le etetse kwa kgaolong ya Tswapong Bokone, ke ne ka lemoga sentle fa tota mo ntweng e, go se na peo marumo fatshe. Go bonala sentle fa e tlaa fela motsing sika loo motho le nyelela mo lefatsheng.
Kgaolo ya Tswapong e itsege thata ka tumelo ya sedimo. Dipolelo tsa badimo ba Tswapong di mafaratlhatlha, ke belaela di ka feta le tsone thapo tsa leselo tota. Fa o le motho yo o poifo e tsereng maemo a segosana mo pelong ya gago, ga go ka ke ga nna bonolo gore o beye lenao kwa kgaolong ya Tswapong.
Dingwe tsa dipolelo tseo tsa re o kgona gore e re o le mo ntlong, o utlwe modumo o o ka reng motlhaba o thelesegela mo godimo ga disanke tsa ntlo, kana o utlwe medumo e e kareng go ngaola ga dikatse tse dintsintsi. Go na le dikgang tsa go nyelela ga batho fa ba ka tshokane ba tlodile meila mengwe ya ngwao. Fa o eletsa go etela kwa kgaolong eo, mme e bile go itsiwe fa o dumela mo Sekereseteng, o tlaa di utlwa tsotlhe; ka fa o tshwanetseng wa rapela wa ba wa itima dijo ka teng e sere gongwe wa feta wa fekeediwa ke mewa e e maswe e. Mo Bakereseteng, mewa ya badimo ke matimone kana mewa e e bosula e e tshwanetseng ya lwantshiwa ya ba ya fenngwa ke motho fa a le ngwana wa Modimo.
Pele ga leeto la rona, nna le mokapa ditshwantsho, Gontle Merafhe, re ne ra fiwa dikgakololo tsotlhe ka mefuta, tse tota tshoboko ya tsone tsotlhe motho a ka reng e ne e le gore ‘disang mme le rapele`, taelo e Morena Jesu a neng a e fa barutwana ba gagwe fa a sa ile go rapela.
Le fa e rile go boeng koo, a fitlhela ba tserwe ke kgofenyana, botlhokwa jwa go sa letle se go re diragalela jwa gatelelwa thata! Re gorogile kwa Palapye ka tshokologo ya letsatsi la Laboraro. Mo mosong wa Labone ra tsena mo kgaolong mme ra tlhola re lekotse ba motse wa Mokokwana jaaka ke tlhalositse mo kgweding e e fetileng.
Mo mosong wa Labotlhano re ne ra tsena tiro ya go tlhongwa ga tautona wa pele Rre Festus Mogae go nna moeteledipele wa yunibesithi e e kwa Palapye ya BIUST mme ka jalo ra se ke ra etela ope wa metse ya Tswapong yo o bokone. Ya re go lemoga fa tiro ya kwa BIUST e wetse go sa ntse go nale nako ya go ka tswela kwa ntle ga motse wa Palapye, ra dumalana go etela kwa matlotleng a Palatswe yo mogologolo kana Old Palapye jaaka bangwe ba itse a bidiwa.
Ka Gontle a ne a setse a kile a etela lefelo leo, ya bo e le ene lesedi la dinao tsa rona; mme a bo e rile fa re emelela kwa Palapye a bolela fa go na le lefelo lengwe kwa Palatswe yo mogologolo fa badimo ba obamelelwang teng. Keletso ya nna go ya go bona lefelo le, la leina la Motetane, le Gontle a neng a bolela le na le dilo tse di farologaneng di akaretsa madi le tse dingwe tse batho ba di bayang foo fa ba ile go obama teng.
Fa re sena go goroga fa tsela ya koloi e felelang teng, ra tlhomagana go ya kwa Motetane; Gontle a re goga kwa tlhogong. Mokgweetsi Rre Buti Mosweu o ne a goga dinao, go bonala a sa batle go tloga a sala mo gare ga mantswe a kgaolo ya Letswapo ka go tshokane a sa dira sengwe sentle. Bontsi jwa mosepele e ne e le go huhumela ditlhare, go eta go nna sepitlaganyane se e neng e ka re se tlaa re busetsa kwa bongwaneng se re tlama go abula.
Fa re ntse re nonoela le sekgwa maikutlo le one a ne a palamela; tota ke ka re a tlhakatlhakana. Potso e ne e nna gore go gorogeng ga rona re ya go dira jang; a re tlaa kgona go itshetlela mo tumelong ya rona kana dithata tsa mewa ya badimo ba Tswapong di tlaa re tsubutletsa jaaka phefo ya kgwanyape mme re iphitlhele re setse re obame! Mosepele fa o ntse o tsweletse, ga simolola go utlwala medumo ya botshwene, ntwa e le ya poifo le tumelo ya goletsega.
Ra inama, ra sela dikgong gore e re botshwene ba bolotsa tlhaselo re iphemele! Rre Mosweu o ne jaanong a ntse a re atamela ka bonya ka bonya. Gongwe le ene o ne a simolola go tlhaselwa ke boboi…! Fa e kete letsapa le tlaa simolola go itelekela mme re sa goroge, Gontle a tlhalosa fa a belaela a timeletswe ke tsela mme ra tshwanelwa ke go thedimogela ka fa molemeng go katoga mhapha wa lentswe. Ga re a ka ra tsamaya sekgala se seleele fa sekgwa se simololola go kitlana thata. Fa re ntse re leka go sutlha sekgwa se ra tsena gongwe fa go neng go saila dintsi di se kana ka sepe.
“Tota jaanong ga twe dintsi ke tsa eng! Kana nna e bile di ntsena le mo ditsebeng. A mme ne bathong le itse gore ga twe fa o bona dintsi di le dintsi golo go a bo go na le noga e tona gautshwane?,” fa a rialo a ema Gontle.
“Nnyaa bathong, a re ipoeleng re ise re longwe ke dilo.” Ra se ka ra re ka moso, ra tlhomagana go boela kwa koloing jaanong di gogwa kwa tlhogong ke Rre Mosweu. Gongwe e ne e le gone a lemogang mafoko a le a motlapele a a reng ga di ke di etelelwa ke manamagadi pele! Fa re neng re tlogetse koloi teng go ne go na le boto (board) e e nang le mekwalo mengwe e e tlhalosang ka logaga longwe lo lo bidiwang Dimomo. Ka Motetane a ne a padile go bonala, ra itlhophela go ikela kwa Dimomo. Ra bala ka kelelelo mme ra bothologa go ya go batla Dimomo.
Rre Mosweu o ne jaanong a supa kgatlhego, a gata a gatoga, a lebega a tletse matlhagatlhaga. Re ise re tsamaele kgakala ra bona botalanyana; mme ka Gontle a ne a rile kwa go obamelelwang teng go elela metsi ra nna le tsholofelo ya gore mme jaanong ke gone re leng mo tseleng e e yang Motetane. Go itse mang, gongwe molaetsa wa boto o ne o kwadilwe Dimomo ka phoso! Re ne ra tlala matlhagatlhaga, matlhasedi a poifo a ntse a le teng.
Ga re a ka ra tsamaya thata, ra wela fa metsing a a elelang. A ne a se kalo mme e bile go lebega a sa tsamaele kgakala. Ra dumalana go latedisa kwa a tswa teng. Fa re ntse re latedisa jalo metsi a simolola go oketsega; boatlhamo jwa molatswana jwa gola, le bokete jwa one jwa oketsega.
Re tsamaile le one jalo ra bo ra wela fa metsi a go lebegang a tswa teng. Go ne go na le phatlha mo lefatsheng e metsi a a neng a a runya mo go yone. Ra ema foo nakonyana, tota ra bo ra nna fa fatshe go kgwa setshwe, re akola bontle jwa lefelo leo le le neng le apesitswe ke kojwana e ntle ya botala fa kwa re tswang teng go ne go rile setlhe! Fa re setse re ikgata motlhala mosimanyana a tla a tswa ntlheng e re neng re tlogetse koloi teng. Mo go amoganeng madume, mosimanyana yo, yo a reng o bidiwa Julius Lorato, a tlhalosa fa a le mo motlhaleng wa dikgomo tsa gaabo.
Go ya ka Julius, bone e le banni ba kgaolo ba itsamaela fela mo lentsweng la Tswapong go se tsapa le ba fisang pelo. Dikgang tsa badimo le ene o a di itse, ka go utlwa bagolo ba bua ka tsone; fela ga a ise a bone sepe se se sa tlwaelesegang. Le lone tota lefelo la Dimomo, o a le utlwalela le fa ntswa a ise a ye kwa go lone, e bile a sa itse le gore sentlentle le fa kae. A re bagolo ba tlhalosa fa metsi a re neng re sa tswa go a bona a tswa ka fa tlase ga lentswe.
Keletso ya go bona legaga la Dimomo e ne e ntse e le teng, mme fela re kotlomeditswe megopolo ke go bo mosimanyana a paletswe ke go re kaetsa kwa logaga lo leng teng. Ra bo re belaela gore gongwe Julius o tshaba go tlola melawana ya sedimo ka go re isa kwa Dimomo ka gongwe a se mo seemong sa go ka dira jalo. Gontle ene a bo a ne a etse sengwe tlhoko mo mokwalong o re neng re o badile mo botong.
Fa re sa ntse re e ja tlhogo gore tota re batlele Dimomo kae a re latlhela potso, “Naare a le lemogile gore ga twe human presence is forbidden golo kwa Dimomo?” A raya gore a re tlhalogantse gore batho ga ba letlelelwe go tsena kwa logageng lwa Dimomo! Go ne go bonala fa ntwa e phagetse mo tlhaloganyong ya gagwe; a ga se ntwa kgatlhanong le poifo le tumelo? Ya ne e kete e tlaa jwelelela le kwa go nna kgotlhang e ya maikutlo; gone mme mo botennye jwa pelo ke eletsa go bona Dimomo yo o bolelwang yo. “A Dimomo yo o na le kgogedi ne bathong! A o tlaa re phamola a re kometsa le fa re ka mo leba re le kgakajana?” ka botsa jalo, mme gone ke sa itse gore karabo ke batla ya mohuta mang.
A fa Rre Mosweu le Gontle ba ne ba rile re tswelele re batle logaga lo a ke ne ke tlaa dira jalo ke tiile moko?
Tota mme ka lemoga fa ke thatafaletswa tiro ke go tlhoka molomo ga ga Tswapong Hill kana lone lentswe le la Tswapong. O bona fa le ne le bua, ke ka bo ke tlile ka ema fela fa dinaong tsa lone ka le lelala mme la ntswela ka masaitseweng a a ka tswang a diragala mo mpeng ya logaga lwa Dimomo!
Ka lefitshwana le ne le itelekela ra dumalana go se ka re leka Modimo tumelo ka go phirimelelwa mo lentsweng la Tswapong, ra wela tsela ra le lebisa kwa Palapye. Mo go tsweng mo lefelong le ra ya go bona pele sediba sa ga Khama, kgolegelo, kereke ya Lontone le fa mmarakeng. Loeto lwa Tswapong Bokone la se ka la felela fa, re go laletsa go re tseisa tsela jaaka re lebisa lenao kwa motseng wa Maunatlala mo kgatisong ya kgwedi e e tlang. BOKHUTLO



