Volume 51 Issue 4 - April 2013 : Mosasankegi

Ke di bone tsotlhe kwa ga Moruti Zondo

Author : KUTLWANO

 

Mosadi a wa ka sekota, yo mongwe a phatlakana ka mpa ya sebete, mosese wa ka kwa teng wa bo wa tlola mangole, ija! Ka di bona ruri, gone go sasankega mo! Re tlaa foufala. Banna ba mo rwalarwala ba ya go mo pharela kwa tanteng. A galaotega e ka re o fatwa motlhagare. Ijoo...! ke di bone tsa tumelo. Ke dule fa ga Thamaga fa, ka malatlha ntshwana. Ke a bo ke di latlhetse, di ntshwanela diaparo o ka re di segetswe mo go nna. Ka palo re ne re le bane, Thomas, Mosa le mosetsana yo mongwe wa ga Mosopa ga twe One.

Selailai re ne re tsamaya ka sa me, se phatsima, ka e bile se sa tswa go kapiwa ka thothi, ke le motlotlo. Re fetile fa marekisetsong a dijo a KFC. Thomas a e rafa nonyane e e lelang maphakela, e tsosa morobadi, ya tlala emetshane. Ke bao! ra leba kwa Fairgrounds, kwa re neng re utlwaletse gore Moruti Zondo o rera teng. Go ne go tsogile Kgaruru, Thomas a gana re ya koo, yo Mosa ene a re o ene o batla matlhogonolo, kana batho ba dumela gore fa o ya teng, o ka bona lesego la nyalo, nna moeka ke se na bothata le sepe fela, mme ke ne ke batla go iponela ka matlho go re a dimakatso tse ke tlholang ke di bona mo ditshwantshong tsa motshikhinyego ke tsone.

Fa e le One, e bo e ka re ga a yo, a le kwa morago, ngwanyana wa ga Mmanaana, a phura koko ya maAmerika, a e swaa le marapo, go utlwala nxwakga nxwakga fela. Re goroga, ra fitlhela go le majabajaba, dipone o ka re tsa Johane, boidiidi bo omogile jotlhe. Ka tswa pelo, ka gopola gore fa e ne e le maitiso a mmino, motho o ne a tlaa bo a bolaile madi. Ya re fa re lebile mojako, Thomas a herekana.

 “Tota banna ga twe re ya go dira eng kwa? Nna lo tlaa mphitlhela mo koloing,” a bua ka bogale. Ya re fa a retologa, ka mo tshwara ka letsogo, Mosa a mo nthusa, ra mo tswatswaila, a re o a  ikepela, setlhako sa rolega, badumedi ba omoga ba re ke gore o dirwa ke matimone, ba mo tswatswaila. Ka motho wa teng a le pelo khutshwane, fa a omana, bone ba bo ba re ke gore letimone la gagwe le bogale, o kile a re o a ikgophola. Hee...badumedi ba thata!

Fa re lebile tante, ka ba ema pele, ka sedimosa ka go re,

“Nnyaa betsho, motho yo ga a a re sepe, mo tlogeleng, ke gone ba mo lesa, a iphofora, a kopela hempe ya gagwe, dikonopo tse tharo di kgaogile mme mongwe a mo fa setlhako, a kgwa lenxa, a re tlogela gone foo. E mmetile e e sa ileng mmotlana. Fa e le One  ene, a phura serope, a tloge a ngannganyege ka ditshego. Ra noelela le boidiidi jaaka noga mo bojannye, ra bo ra goroga kwa tanteng. Moruti Zondo ene o ne a le mo holong mme badumedi ba bangwe ba ne ba le mo ditanteng.

Hee! batho ba tlaa golofala! Go tenkana mo ba go tenkanang mo, ga se gone gotlhelele. Go ne go tabogilwe lepaapaa o ka re go tshabiwa pula ya matlakadibe e tla e rwaleletse. Mongwe a we fale fa yo mongwe a sena go wa. Go re batho ba ba digwa ke eng, motho a ka se ke a itse! A gone mme, motho yo Jesu e kile ya re a alafa batho ba tenkana? Ke tseo wetsho.

Baruti ba ya le bone jalo, e re fa moruti a baya motho letsogo mo sefatlhegong a wele kwa! O ka re ditlhare di tsewa ke setsuatsue. Ka se ka ka dumela, go ne go na le sengwe se ke sa se boneng sentle, magogwe a belaela lomepe. Ka ja marapo a tlhogo…batho ba o ka re ba itiga ba, ba a reng? Mosadi mongwe a kua gaufi le nna. Ka ema ka matsetseleko nna mosimane wa phetakejana, ka mo leba mo sefatlhegong. Ya re fa a bona sutu e ke neng ke e apere, ka fa e ntshwanelang ka teng, a belaela gore ke ene Jesu ka sebele, ka bo ke tlhaetse tsone ditedu fela, motho a di bona kae a di ikgomaretsa! Kana ke ne le tlhaela ka tsone ditlhako tse di lebileng kwa godimo fela, ke ne ke tshwana le bangwe ba baruti ba go felela, kana ba rata letsela batho bao.

Ka mmaya lebogo mo sehubeng, ya ne e kete o tshwerwe ke motlakase, a kua a re, “Mma ijoo...!” Ka le mmaya mo tlhogong, a menagana jaaka seboko se latlhetswe mo isong, basimane ba balebeledi ba mo tshwara, ba mo tlisa fa go nna, ka fetisa letsogo fa pele ga gagwe, a wela kwa morago a bo a re tuu! Hee! Ka bo ke kgomile motshitshi wa semane, ba omoga badumedi, mosetsana mongwe a tabogela fa go nna, ya re fa ke mo kgapha, ke a bona a tsaya gore ke fa kalafi e simolotse, le ene fela jalo, a menagana, a inyanyarela, “ijoo..!” dipuo tsa gagwe di ka se ke di buiwe, kana Motswana a re phokokgolo ga e tswe ka ngwana wa motho. Ya re fa a boela kwa go nna la bobedi, ka mmaya seatla mo gare ga sehuba, le ene fela jalo, a rapalala fa fatshe ka lobaka. Ka bona sentle gore batho ba ba tsaya gore ke moruti, ka leba Mosa, ene a jele kgakge, o ka re motho a bone noga ya majwe. Ka senka kgoro ya  botswasekgweng, ka se ka ka e bona.  Heela, badumedi ba tenkana, ba bangwe ba wa sekgala sa masome a matlhano a di kgato.

Badumedi ba bangwe ba tswelela ka go ba gogela mo tanteng, ya re fa go nkga go sa bola jalo, Moruti Zondo kwa holong a ntsha sefela. Go a bonala Bakeresete ba se rata thata, ya re ba se amogela ba phatlhalatsa matsogo jalo, ka tsena ka ga re itse. Mosimane mongwe wa Kumakwane a tla a ntshetse morago. “Ao, monna, a ntseana le wena o a fodisa,” ka tlhoka le go mo araba, ka inaya naga. Le mo go la gompieno, ga ke itse go re maatla a baruti one ke ne ke a tsaya kae, kana ga twe ga go itsiwe se se budusitseng talane.

Ke gakologelwa gore ke bone mongwe wa baruti ba kereke e ke e tsenang kwa Thamaga, e e seng ya mofuta o, le ene a baya batho diatla, ba ntse ba tenkana jalo. Ka ipotsa gore ka gore kwa kerekeng ya rona ga re tenkanye batho, ene le ene o ne a tsaya kae thata e e ke teng ya ga Samesone fa a diga dikago tse di thata tsa dikereke tsa Bafilisita. Ene o kopane kae le moruti Zondo le dithata tsa gagwe,  kgotsa le ene o ne a leka ditlhare bothitho jaaka wa ga Mmanaana? A mpheletse a le tlhaeng wetsho, fela tumelo o e tshabe!

Buy Online Now!