Volume 51 Issue 4 - April 2013 : Polelo
Rre wa logong? Nnyaa!
Author : Keabetswe Dintwe
MmaMotona a tsogela kwa mmarakeng go ya go bula nako e sa le teng, go re ba ba fetelang ka fa diofising tsa khansele ba reke borotho go ya go fitlhola, bangwe e le go nwa one moro go gotlha legano. A bitsa ka lentswe le lesesanyane, “Tonatona, a re ye nako e a re sia, kana borre ba khansele ba a bo ba setse ba gadimaka kwa, ba batla go reka borotho le moronyana. A wena ga o ye go tsena morago ruri?”
Motona a tla a kalapa, a sikere kgetsena ya dibuka, a feta a kukisa mmaagwe emere e e neng e tletse borotho. O ne a le mo lekwalong la borataro kwa sekoleng se sebotlana sa Maokeng. Ba sa le ba tlogetswe ke rraabo fa Bathusi a gogoba. Ka ba se ke ba a tlhoka maano, motho wa monna ke go laela mmaagwe bana ba gagwe ba babedi ka matsetseleko gore kompone ya bone e bone tiro nngwe kwa Kasane ya bo e le gone jaaka a tsene ka ga re itse. A motho o meditswe ke dikwena tsa noka ya Chobe kana jang, go itse ene Gomolemo, rraagwe Motona le Bathusi.
Kedisaletse a sala a okeditse phatla ka seatla. E a re fa kgwedi e fela, a nne a tlhoile tsebe. Motho wa Modimo a bolaisa bana go ya go tlhola poso, a solofela fa a tlaa bona pampitshana e e botlhoshwana, e e felelang mo seatleng, e supa fa a romeletswe madi a bana. Kae? Tsela ya nna tshetlha, a utlwa o ka re tlhogo e lela ditshipi. Ya nna gone jaaka leina la gagwe le nna lebe jaaka seromo, a di salela tota, Gomolemo a ile le phefo o ka re tsie. Kana jaanong o ne a lebagana le nko tsa pitse e edimola, go godisa bana a le esi. Ke fa a tlelwa ke leano la motia, la go simolola kgwebonyana go re a obe letsogo. Setswana sa re tlala se je bongwanake ke godile.
A simolola go rekisa dijonyana, a bona madi a a nametsang, a bo a mo lebatsa tshokolo ele, ya go shaba ka moro wa phiri, ba robala ba gatlhile mala. Ya re a le gone kwa mmarakeng, a itsalanya le mme mongwe wa moroki mme a mo ruta go momaganya diphatsa fa a roka. A nna a ela tlhoko gore go dirwa jang, go fitlhelela le ene a bona sebaka sa go ya go rutwa go roka. A bona go tsenya diatla mo kgwebong, botshelo jwa tokafala, a bo patagantse le temo.
A nna a tswelela jalo, a ntse a gadima, a gadima tota go gaisa le one morubisi. Ya re nako nngwe a ntse a a ja marapo a tlhogo kwa marekisetsong, ke fa go goroga segatamarokgwana sengwe foo se tla go rekela ngwana paka ya sekole. Madume a a tla ka go latelana, mme a patilwe ke lo tsogile jang. Madume tota, segatamarokgwana sa budusa tsela ya fa marekisetsong a ga Kedisaletse, sa tloga sa ya nae kwa lwapeng fa a golola. A feta a apeelwa mae, kae, kgabagare ga a simolola go phirimelelwa koo, ga tloga ga lela ngwana wa mosetsana. Kedisaletse a bona yoo tlaa mo tshololelang pau, Morwadi.
Ka batho ke ba o ka re ba alelwa magala ba, a nna dingwaga di le pedi fela a bo a setse a fisega, a fetela pele. Kedisaletse a bona fela gore golo fa o tlaa nna a itsholela baboloki, a lebala ka kgang ya dikuku di monate. Morwadi a aloga mme a latelwa ke Motshwarateu, tota motho wa Modimo o ne a bona mongwe fela go mo sokela phaletshe, go tloge go nne mafoko mhikwana. Gone mme o ne a tlaa reng? A ene o tlaa tlhoka le yo o mmotsang gore o tlhotse jang?
Ke fa e tlaa re a itlhobogile jalo, ga tla yo o bolawang ke mangole, Rakgole. Motho yo Rakgole a bo a kgarametsa kolatsana e e mo tlhobosang, kante montle pelo. O ne a tsisitse borokgwe go tla go bewa dibata, gore a bo dirise kwa morakeng mme ka letsatsi leo, a bo a apere jo bo lebegang. A se ka a mo diegela, a bitsa batsadi pele go ise go ye kae. Kedisaletse a ipona le ene a tshwana le basadi ba bangwe, a kgobokanelwa ke batsadi, go aperwe dikojwana. Ya re morago ga moletlo ga tsholwa Kgotla, mong wa thota.
Jaaka fa go ntse go twe atang lo ntsifale, Motona le ene a bo a ntse a tlhatloga le mephato. Ka nako ya fa mmaagwe a tsewa ke Rakgole, ene ke fa a letile dikgwedi go feta, amogetswe kwa Mmadikole go ya go rupisetswa bobueledi. A feta jalo a tlhaba dingwaga di le pedi, mme a amogela lekwalo le le mo itsiseng fa a amogetswe kwa Yunibesithing nngwe kwa ga Mmamosadinyana, go ya go dira ngwaga wa boraro le wa bone. Mme ya re fa a sa ntse a emetse go ya ka kwa ga mawatle, a nna fatshe le mmaagwe ka fa tlase ga setlhare sa mopipi se se moriti o montsho, kwa tlhofing ya tshimo a ile go mo lekola. O ne a lepile nako e Rakgole a tlaabong ile go tlhola dinamanyane ka yone, moeka a sa rate go kgobera metsi a itshekile.
Ya re ba ntse ba a nwa legapu, Motona a botsa motlhanka wa potso, gore jaaka fa a sale a utlwa gore rraagwe o gatilwe ke terena, a masalela a gagwe ga a a bolokwa golo gongwe, kwa a ka yang go mo tlhoboga teng? Ba sala ba inamisitse ditlhogo foo o ka re ditholo di bothile,
“Tota gone mma, rre ene ke mang? A ko a leng teng o a tshela? Kana gone le fa ke le ngwana, ke a lemoga gore nna le Bathusi re bana ba motho a le mongwe. Setshwano sa rona se ema se le nosi?”
“Tota gone mma, rre ke mang?”
Mmaagwe a iphimola kgodu ya legapu, a anapa toisi ya motsoko, a e kgokgotha, a tloga a e swaetsa gore a sale o ka re o tlaa omelelela mo go yone. A gakologelwa dingwe tsa dipuo tse Gomolemo a kileng di mo tshela ka ditsebe. A tloga a bula molomo, ka lentswe le le bokoa.
“Ruri, dilo tse dingwe ngwanaka di botlhoko jwa ntho, di siame fela di tlogelwa jaaka di ntse. Ga ke batle go kgomorolola ntho legogo.”
Motona a didimala sebakanyana, a ipotsa go re a tota rraagwe ga se mongwe wa ba losika, ka jalo mmaagwe a palelwa ke go mmolelela nnete, gongwe kana ke digana-go- bolelwa. Ya nna phitlhela, kgomo ya serotswana. A gone o teng ngwana yo o oleng mo setlhareng sa motlopi, o ka re tsetsanyana nkgabe?
Nako ya go re ba emelele ya tla, Motona a direlwa dijonyana tsa go laela batsadi. Ya re mo go le le latelang, a ya go tsena mo maleng a sefofane, a na le baithuti ba bangwe ba le barataro. A feta ja monakaladi wa kobolela kwa sekoleng, go se tsapa le mo fisang pelo.
A tlhatswiwa pelo ke go bona mafelo a masha, a bo a iponela mongwe wa basetsana ba baneng ba ile dithutong koo. Botsala jwa mo fodisa matswalo. Fa ba sena go wetsa ngwaga wa bone, ba boela gae go tla go dira ngwaga wa botlhano mo gae. Ba fetsa jalo, Motona le ba bangwe ba aloga, ba ya go nna ba babueledi.
Ditsebe kana ke magodu, di ja moletlo di sa o lalediwa. Ya re ka letsatsi la moletlo wa gagwe wa kaloso, Motona a utlwa go re ke ngwana wa ga Gomolemo Nkutlwang, Motalaote kwa Mmadinare, mminapelo. Batsadi kana fa gongwe fa ba itumetse, ba bua dikgang dingwe ba sa rekegele ditsebe tsa bana.
Ya re nako nngwe a le mo maitisong le molekane wa gagwe Mbatshi, a thuba segwana sa botlhoko jo bo mo jang. Mbatshi a mo araba ka mafoko a a nyemisang moko. A mmotsa gore tota o dira eng ka go epa dilo tse di kgakala go feta le jone boteng jwa mosima wa mooka. A mmolelela gore ene o a itse go re ke Mbatshi wa goora Tabona kwa Mapoka mme ga go na se a ka se supang sa go re ke mminapitse, Dube.
“Tota monna o dira eng ka leina, leina fela? Kana rre yoo jaaka o mmona a sa itlhagise jaana, kwa a leng teng o jewa ke letswalo, ga itse gore o tlaa go raya a reng. Gongwe o a itse le gore o mmueledi. Letsatsi lengwe o tlaa mmona a tsena kwa ofising ya gago, a tla ka mainane. Mme legale o tshaba gore o ka mo sekisa.” Mbatshi a bua jalo a tshegatshega, a lelala go kodumetsa thothi e neng e setse. Matlo kana a na otlhe.
Motona a didimala ka go tenega, a akanya go re gongwe kana Mbatshi o buisiwa ke go re o itse rraagwe, ga a itse go re go botlhoko jang go iphitlhela o eme ka kwa ntle ka matlhaku a lelwapa la eno, ba gaeno ba le ka fa teng, o sa kgone go tsena.
A nna a kopanya dikakanyo jalo, go fitlhelela a tsaya tshwetso ya go re o batla go gorosa. O ne a bone kgarebe ya Mokgatla kwa kgotleng ya Madibana a tengteng, maleka ka ntshana, kwa Mochudi. Dithulaganyo tsa farakana jalo, go fitlhelela di wela. Kedisaletse le Rakgole ba tshwaragane jaaka ditlhokwa tsa lofeelo lwa motshikiri di bofilwe ke setswerere, ba naalana mafoko le batsadi go rulaganyetsa go ya go tsaya sego sa metsi.
Ya re ka letsatsi le le neng le beilwe, batsadi ba kwa Maokeng ba bo ba omogile go ya go tsaya ngwetsi. Ga bo go le moletlo o o neng o ka re wa ngwana wa kgosi. Ya re fela fa go rulaganyediwa go tsenya batsadi mo tenteng, batalaote ba goroga ba bopeletse jaaka ditshoswane tsa malelekatlou di lebile kwa mosimeng. Gomolemo a tlile le mohumagadi wa gagwe, le bomorwarraagwe, ka dikhumagadi, borakgadiagwe ba sa salela kwa morago. Kana ngwana le fa a godile a sa itse baabo, fa gola ba a itlhagisa.
Motsamaisa tiro a tshwanelwa ke go loga leano la gore o betla puo jang ka nako ka go itsise morafe lesika. Gone mme o ne a tshwanelwa go supa fa ba le teng. Bakgatla ba tsholetsa ditsebe, fa ba utlwa go re difane di a fapaana, a tshwanelwa ke go kopa moletsi go latlhela pinanyana fa a sa ntse a baakanya sengwe mo pampiring. A atamela fa bagolong, a botsa sentle gore mang ke mang, gore a se ka a tloga gata mo godimo ga phoso, a tloga a atlholwa. A didimatsa pinanyana ele, a tlhalosetsa batsadi gore ditsela tsa sekgwa sa manga di kgaogana fa kae, mme a baya mafoko ka bokgabane. Ka e le mokgwa le tsamaiso ya Setswana, Kedisaletse le Rakgole ba ne ba sa ya kwa Mochudi. Go ne go dirilwe thulaganyo ya go re ba tlaa ya kwa morago. Gone mme ba ne ba itse gore ke kwa kae ka ba kile ba ya go tlhodumela, thulaganyo e ntle ya Setswana, bompatshetlha bone ga ba e itse eo.
Tsa ba tsena ka ditsebe dikgang. Ya re go se na go feta dibeke tse pedi ngwetsi e gorogile, ba bitsa Motona go mmotsa ka kgang e e neng e lwatsa Kedisaletse. Se se neng se mo ferosa sebete le go feta, ya nna go re Gomolemo o ne a tlile le MmaNkutlwang.
Ija! Rakgole wa Modimo a lala a sa robala, a bereka go tshikhinya Kedisaletse a komakoma, a a ne a tswa dilo ka tlhaa a ntse a robetse. Batsadi ba nna disanyana le Motona, a rita ka marago, a ba bolelela gore o ne a dira se se mo tshwanetseng, se se wetsang pelo ya gagwe.
“A ke tshwanetse go nyadisiswa ke rre wa logong, rre a tshela? Nnyaa batsadi ba me, le fa tota lo tlaa re ke a lo nyatsa, nkakanyetseng. Ke godile ke sa ikitse, ke ngwana wa monna, ke tshwanetse go itse sereto same sa nnete. Ke tlaa raya bongwanake ke re ke mang?”
Batsadi ba wetsa ka gore kgang e tlogelwe, e ka tloga ya tsenya nyalo phefo. Kedisaletse wa batho a nna ka go ja moko wa tholo, a didimetse jaaka motho a bolawa ke makidiane. Rakgole le ene a tloga a babalelwa, a mmolelela gore fa e le go re o a ikotlhaya a bolele.
Botshelo jwa tloga jwa boela ka bonya ka bonya, kana gat we bo tsholwa bo le molelo, bo tsoge bo fodile. Kgalemo ya ga Rakgole e ne e utlwetse, mme tota Kedisaletse a nna ka lobadi mo pelong, fela a di gata motho wa mosadi, kana mosadi ke go rutubala, marutu! BOKHUTLO



