Volume 65 December 2026-January 2026 : Polelo
Kwa Kgosupong...kwa Maunatlala
Author : Keonee Kealeboga
Polelo: Keonee Kealeboga
Ditshwantsho: Gontle Merafhe
Lentswe la Tswapong le pharologanyo thata le mantswe a mangwe a a mo lefatsheng leno. Boleele jwa lone jaaka le tswa ka motse o, le tsena ka o mongwe, ka jalo le itlhaola mo go a mangwe. Bontlenyane jwa lone le jone bo le tlhoma kwa pele. Mo mosepeleng wa lone jaaka le ralala kgaolo ya Letswapo, go eta go nna le metswedi e e runyang mo go lone. Metswedi e go lebega e le yone e e neng e oka batho ba kgaolo eo go tlhoma metse ya bone fa tlase ga lone.
Fa lekoko la Kutlwano le tlhotlhoma le kgaolo ya Tswapong Bokone mo bosheng, re ne ra feta ka motse wa Maunatlala go tlhola botsogo jwa Babirwa ba motse oo. Jaaka re ne re tla re dira kwa metseng e mengwe ya kgaolo eo ya Tswapong, re ne ra gorogela kwa kgotleng. Re ne e rile pele ga re emelela mo Gaborone, ra bolelelwa ke batho ba le mmalwa fa metse ya kwa Tswapong e sa phasumelwe fela, go ipegwa pele kwa kgosing, e se gongwe motlhala wa gago wa se ke wa tlhola o bonwa ke ope! Dikgakololo tseo ra di sala morago ka tlhwaafalo.
Ra amogelwa ke mothusa-kgosi, Kgosi Phoophoo Mapena, yo o neng a re tseela ka fa ofising ya gagwe. Re ne re ntse re setse lentswe la Tswapong morago, re batla go utlwa kamano ya lone le ba motse wa Maunatlala. Lentswe le go dumelwa le na le bokao jo bo seng kana ka sepe mo tumelong ya badimo ya morafe wa Batswapong. Fela fa re sena go itshetlela mo ditilong, ra itsise kgosi maikaelelo a mosepele wa rona. Kgosi Phoophoo (ke mmitsa Phoophoo ka jaana kgosi yo motona wa Maunatlala Kgosi Gobusamang le ene sefane sa gagwe e le Mapena!) a thaa puo ka go tlhalosa fa bone ba sa amane gope le tumelo ya Batswapong ya sedimo.
O ne a ala kgang ka go supa gore, “Rona mo Maunatlala re Babirwa, ka jalo ga re na kamano le tumelo ya sedimo. Rona re batho ba koma; e leng moropa le diphala. Go ne go letswa diphala le moropa ka dinako tse di rileng.”
Kgosi a re se tota bone se ba amanyang le morafe wa Batswapong ke go bo ba agile mo kgaolong ya Batswapong. Mo puisanong ya rona le kgosi, a umaka lefelo lengwe le le bidiwang kwa Kgosupong, le le kwa lentsweng la Tswapong le le bapisitseng motse oo wa Maunatlala. O ne a tlhalosa fa kwa lefelo leo go ne go tshologa metsi mme a elelele ntlheng ya motse. Metsi a, mo dingwageng tsa maloba tsa go ise go nne le metobetso, e ne e le one a fepang sika loomotho le seruiwa. Go ya ka Kgosi Phoophoo, ga se ba le bantsi ba ba neng ba na le sebete sa go atamela fa Kgosupong ka nako ya fa lefelo leo e sa ntse e le lone sentle, a re sekgwa sa tselana e tsamaelang fa motsweding wa metsi e ne e le se se boitshegang, se kitlane, dikala tsa ditlhare di tshwaragane mo o ka reng di ne di logwa ke motho ka bomo!
Dikgang le tsone ka lefelo leo tsa bo di le mafaratlhatlha jaaka thapo tsa loselo. Kgosi a re go ne go na le dipuo tsa gore go na le kgwanyape kwa Kgosupong.
“Bogologolo golo kwa go ne go boitshega,” a bua jalo a supa kwa ntlheng ya lentswe, a bolela gore,
“Go ne go na le nonyane e e neng e ka go kgalemela ka bogale wa ba wa patelesega go boa. Dilo tse ke tsone tse di neng di tsenya batho poifo. Fa e le nonyane yone, e ne e re fa e kgalema, fa o utlwe, o sosobana moriri. E ne e re le fa o atamela teng, o utlwe go foka phefo e tsiditsana.”
Fa re botsa ka seemo sa kwa Kgosupong gompieno, sefatlhego sa ga kgosi sa tlhonya! Ra itse sentle re sa bolelelwa, fa sengwe se mo tshwentse maikutlo.
“Kgosupong o sa le a sule. Bontle jole bo nyeletse. Molato kooteng o dule mo go phunngweng ga sediba,” fa Kgosi Phoophoo a rialo, mothusakgosi yo mongwe Kgosi Phillip Sebopeng, yo a neng a sa tswa go tsena, a latlhela la gagwe ka go tlhalosa fa morago ga go epiwa ga sediba mo molapong o o eledisang metsi go tswa kwa Kgosupong, go ne ga kgadisa motswedi oo go fitlhelela mo nakong eno.
“Go ne ga phunngwa sediba ka boro matshine mme ya bo e le gone jaaka Kgosupong a kgaletse ruri. Ke belaela golo gongwe meila e ne ya se ka ya salwa morago,” Kgosi Sebopeng a tshwaela, le fa gone a ne a retelelwa ke go nankola meila e e neng e tsamaelana le tiriso ya lefelo leo.
Morago ga go utlwa ka lefelo le, ra kopa go ya go le bontshiwa, mme le fa bokgosi ba ne ba amogela kopo ya rona, ba bolela fa re ka tsaya mosepele oo fela mo mosong wa letsatsi le le latelang. Se ba ne ba re ke ka ntlha ya bokgakala jwa lone le bokete jwa tsela e e yang teng.
Fa re kgaogana le bokgosi go boela kwa motseng wa Palapye, kwa re neng re thibeletse, Kgosi Phoophoo a re gakolola go apara dilwana tse di mabogo maleele le gore rona bomme, (nna le mokapa-ditshwantsho Gontle Merafhe), re se ka ra tshaba go tla re tswele marokgwe ka jaana re ka feta ra boa kwa godimo ga lentswe re gagolakakilwe ke ditlhare. Le ditlhako a re gakolola go rwala tse di sa relediseng, e se re gongwe ra ne re eta re kgokologa mo lentsweng re itaagana fa fatshe!
Fa letsatsi le le latelang le ntsha tlhogo, ra bo re setse re itelekela kwa motseng wa Maunatlala. Keletso ya ga Kgosi Phoophoo e ne e le gore re tswe ka motse metsotso e le masome mararo morago ga oura ya botlhano phakela. O ne a sa eletse gore letsatsi le re lelele mo nageng, ra tloga ra fekeediwa ke mosepele wa go palama le go fologa lentswe la Tswapong. Re tsamaile sekgala se se seng kalo ka koloi, mme tsela ya fetoga mmilanyana o o ka tsamaegang fela ka dinao. Ga tlhongwa ditlhako, mosepele wa simologa. Modumo wa rona o ne o ka re wa segongwana sa bana ba sekole se sebotlana, re botsa Kgosi Phoophoo, yo o neng a re patile mo mosepeleng oo dipotso ka mefuta ya tsone.
Ka boammaaruri sekgwa sa bo se kitlane. Go le thata go tsamaela kwa pele, mme e re o gadima kwa morago o ipotse gore a go boa gone go tlaa dika go nnile bonolo. Matlhagatlhaga a ga kgosi ya nna one a re kgothatsang. Ka dingwaga go ne go bonala di ile mo go kgosi, ra dumela gore fa ene o kgona go itepatepanya le mosepele, le rona re tshwanetse ra kgona. Ra tsamaya sekgalanyana, Kgosupong go sa lebege re tlaa mmona mo bogautshwaneng. Modumo wa rona wa tloga wa simolola go ngotlega ka bonya ka bonya, kgabagare ga sala tuulalo, go utlwala fela mokgwasa wa ditlhako.
Kooteng le go itebala ra tloga ra itebala; go se ope yo o gadimang yo o kwa morago ga gagwe. Mo tidimalong eo, lentswe la motho a goa la phunya phefo, mme rotlhe ra ema!
“Keonee…….! Keonee……….!”
Lentswe la bitsa. Ka ipotsa gore ke ofe yo o nkitseng yo o nkgoang mo lentsweng la Tswapong! A ke yone kgwanyape ya kwa Kgosupong! Fa re gadima kwa lentswe le ne le tswa teng, ra lemoga fa palo ya rona e tlhotsa. Gontle a bo a setse mo sekgweng kwa morago, le go bonala a sa bonale mosetsana wa Mongwaketse. Ya re a goa gape ka mo tlhaeletsa ka araba, mo pelong ke ntse ke re ‘e bo e le ene, ke se ka ka tloga ka araba dilo tse ke se nang keletso ya go bua le tsone!`
A tla a a ntse a itlhotlhoetsa jalo, morago ga metsotso e e palonyana, ra bona bosweunyana jwa sekipa sa gagwe. Nnyaa, a re tshwara mme mosepele wa tswelela. Go tlogeng foo jaanong Kgosi Phoophoo a ne a gadima kwa morago gangwe le gape go tlhola gore a re ntse re mmogo. Re ne re simolotse go tsenwa ke letsapa, Kgosupong mme a ntse a sa bonale. Fale, ga kgabola phefonyana e e botsididi jo bo monatenate. “Kgosi, a ga se jaanong re tloga re goroga? Phefo e e tsididi e tswa kae?” ka botsa.
A araba ka gore re sale kgakajana, fela e seng mo go kalo. Kooteng re ne ra nametsega dipelo, mme go balabala ga simologa gape. Rre Buti Mosweu, yo o neng a re kgweetsa mo loetong leo, a bo e bile a gata a gatoga kwa pele ga ga kgosi. Ene lentswe la Tswapong o le itse a kopane nalo kae? Gontle a mo gakolola gore a se ka a itebala, a tsaya gore o kwa mantsweng a Domboshaba kwa kgaolong ya ga bone Rre Mosweu ya Bokalaka!
Fale le fale, naga ya simolola go supa matlhasedi a botalanyana mme kgosi a tlhalosa fa jaanong re goroga mo Kgosupong. Botsididi jwa phefo le jone jwa nna jwa loelela pele. Ra palama lentswe mme kgosi a bolela fa re gorogile. O ne a re tsamaisa le lentswe a re bontsha fa metsi a neng a tshologa teng. Ga bo go kwakwaletse, go sa bonale le fa e le keledinyana e kgokologa le lentswe. Kgosi Phoophoo a supa fa a tshwenngwa ke batho ba dikereke le dingaka tsa setso, tse di alafelang kwa Kgosupong. Batho ba, kgosi a re ba leswafatsa lefelo leo ka ba tlogela dingwe tse ba di dirisang foo.
“Nkile ya re ke tlisitse bangwe kwano, ka fitlhela kasetorone (pitsa). Nnyaa, e itshiametse fela o bona go re e ntsha mme ka e tsaya, ka ya go apeela ka yone. Ke eng ka ga go na sepe se se ka ntiragalelang! Go na le sekupu se nkileng ka se fitlhelang gape. Gompieno fa nka se bona le sone ke a se tsaya ke ya go jwala setlhare mo go sone!” ga bua jalo kgosi.
Morago ga go kwa setshwe, ra retologa go fologa lentswe. Ra dumalana go se ke re tsaa tsela e re tlileng ka yone gore re ka tshokane re bone dingwe tse di kgatlhang leitlho tse re neng re tsa di bona fa re palamela. Re ise re tsamaele kgakala, ra bona sekupu se sentsho ka fa tlase ga setlhare. A se ka a re kamoso, a inama Kgosi Phoophoo a se tsaya; a se tlhotlhora mmunyana o o neng o se kokometse mme ra tsamaya! Go fologa lentswe ga se ka ga nna dingalo jaaka go palamela, le tsela e re neng re e tsere ya bo e se sekgwa se se maswe thata jaaka ya fa re palamela.
Fa re fologa lentswe, ka ema metsotsonyana ka leba golo re go tswang! Bogolo jwa lentswe la Tswapong jwa bo bo boitshega fa o sa le fa tlase ga lone thata. Dikakanyo tsa me tsa nthaya tsa re lentswe le fa le ne le na le molomo, le ne tla nkalela kgang bontlenyane gore sentlentle go diragetseng ka motswedi wa kwa Kgosupong! Owaii, mme ka se e le keletso fela, tla ke go laele mmadi wetsho. Re tlaa kopana gape mo kgatisong ya kgwedi e e tlang fa re garela loeto kwa Goo-Moremi. Edited Keabetswe Idoh Dintwe. BOKHUTLO


