Volume 51 Issue 5 - May 2013 : Others
Bontle ke raya jwa pelo
Author : Thomas Nkhoma
Bontle ke raya jwa pelo
Madume go wena mmadi wa Kutlwano. Fela jaaka lefatshe ka bophara le tlaa bo le ipelela letsatsi la bomme, maikaelelo a kgatiso e ke go ipela le bone le go supa dikgwetlho tse ba kopanang le tsone. Pele ke ka tswelela, ke kopa go isa madume go bomme.
“Dumela tlhe wena mme yo montle! O nkutlwe o nkutlwisise, bontle kana ke raya jwa pelo. Mme yo e rileng banyana ba ribegetsa bana ka magare a magapu gore e re tonki e e ja legare e je le ngwana, wena wa emela diemo tse di thata, wa tsaya thari wa pepa lesea la gago. Ka matsogo wa kuka lesea le, wa le pepetletsa wa bo wa le ruta puo!”
Le nna ke ka re motlapele o iteile matshwane nkong fa a re mme ke thari ya setshaba. Ke ka moo e tlaa reng kgwedi eno e tlhola malatsi a le lesome le bobedi bomme lefatshe ka bophara ba ipelela letsatsi la bone. Tsholofelo ke gore bomme ba ipelele tse ba di fitlheletseng fa ba ntse ba le mo loetong lwa bone lwa botshelo.
Metlha ga se ya maloba, bomme malatsi a ba lebanwe ke dikgwetlho tse dintsi mme le fa go ntse jalo, ba le bantsi ba kgonne go fitlhelela ditoro tsa bone. Kgwetlho tse di akaretsa go rwala boikarabelo jwa go godisa bana le go kgokgontshiwa ke borre.
Mo kgatisong e re go tlisetsa mogopo o tletse. Ijese monate ka polelo ya lenyalo la ga Naledi Kaisara, yo o tumileng ka leina la Slizer. Mme yo o nyetswe e bile a re o itsholofetse ngwana wa mosimane. Tla ke se ka ka golola tlou le maroo gore o bale polelo e.
Re go lotlegela gape ka loeto lwa botshelo jwa mothusa tona wa lephata la tsa dikgaolo le tlhabololo magae a a kgakala le ditlamelo, Mme Botlogile Tshireletso. Ntswa a ne a lebanwe ke dikgwetlho tsa botshelo, o fitlheletse toro ya gagwe. O godisitse bana ba gagwe a le esi. Ka bokhutshwane ke mme yo re ka reng o kile a tshwara thipa ka fa bogaleng.
O ka bala gape ka seopedi sa mmino wa Jazz, Nono Siile, yo o sa nnang sego mo go tsa marato gape a kile a kgokgontshiwa mo ineng ja lorato. Ka dipolelo tse re leka gore wena o le mmadi o tsenye letsogo mo dikgwetlhong tse di lebaneng bomme go tlhabolola seemo. Ke solofela fa o tlaa bala dipolelo tse gore le wena o nne le kgwetlho ya go tlhabolola seemo sa bomme.
Ke lo eleletsa tsatsi le le monate bomme. BOKHUTLO


