Volume 51 Issue 5 - May 2013 : Mosasankegi
Pitsa e koba banna...!
Author : Kutlwano
Mokgosi wa tswa o phunyeletsa mo sekhing jaaka mosi wa diphikwe. E rile ba ntse ba kailakaila mo sekgweng, thaka e kgweba e latile moretlwa, ba bona masaitseweng, bana ba gasama, ba ithaga marago. Ba utlwiwa ke Ramodisa ka a ne a phokisa dikgomo go sa le mo mosong, a di phuaganya gone foo, a ya kwa bana ba kuang teng. A tloga a kubakuba namane e tona, a eta a tsaya mosepele go hubisa mangole a koafaditsweng ke baesekele. O fetile mogobe a gagametse a bo a go tlola letsibogo la Garamogapi, a tlhwaile tsebe go ya kwa kgalatshane e utlwalang teng. Fa a lebile kwa leretlwa le kitlanang teng, a kopana, bana ba ga Gagoumakwe ba kua mo e ka reng ba tlaa kgaoga malengwana. Ba bua ba rototse matlhonyana, melomo e bebenya, ba re ba bone selo se sentsho se tshikhinyega mo sekgweng. A ba eteletsa, gore ba mmontshe fa ba se boneng teng, a feta a ba tlogela sebakanyana gaufi le kwa ba supang teng, a ya ka bogolwane, a leba, a se ka a bona sepe.
Ya ne e kete o tlaa itsapa, akanya gore a kgotsa bana ba ne ba tshosana fela. Fa a re matlho ntloga, a gadima mo tshutlhankgeng ya fa leretlwana le tshwaraganang teng le letlhakola, a fitlhela pitsa e tona e e apayang mogetlo e ribegilwe foo, ya tshikhinyega, a akabala go se nene, a ipotsa gore a selo se botubi ka eng. Ya ipoeletsa, ya swaela ka fa mojeng, monna a tswa jaaka lerumo la tlhobolo, a re semene mpone, a rata go bolawa ke setshwe.
Bana ba ga Gagoumakwe ba mmona, ba mo tshela mokgosi, ene a gopola gore ke pitsa e mo lelekile, a itoma sankatlhe, motho wa Modimo a feta a thubagana ka mpa ya sebete…
***
Ke tsena kwa Gangwaketse ka Matlhatso ke batla bakereki ba go nwela mo Mmakgodumo ka Paseka. Ka shadikanya matlho foo, ka ba tlhoka, ka tsena ka tlhola boRakgadi, tota ke batla motlhala wa bone, ke gone fa ke tlaa fitlhelang ba tshwere ya matlhotlhapelo.
Magodu a ne a diretse mongwe ntshenatshe… a kana key one ya motse wa Pharing? Ija! Mma ke go lome tsebe, mme e se ka ya kgaoga. Ga twe ba tsene kwa ga…heee! leina la teng le a bo le tlaa nkgakelang ne ruri ke re ke go tseela kgang? Mme borakgadi ba ne ba le peteketsa jaana, leina tlhe ke le le a relela le. Ehee! Mme gone fa ke gopola sentle, o ka re ba ne ba re kwa ga Ramotedima kgotsa Raletobana, fela ga ke tshware sentle. Ba fitlhetse ene ka sebele, ba se ka ba mo sisimoga bohumi. Fa a re thaa, ba bo ba mo tshwere, mongwe a mo thuba ka letswele fa gare ga magetla. A se ka a re ka moso a ba neela sekgwama se tletse madi.
Tota jaanong ka a ne a ba neetse madi, ene ba mo isa kae? Batho ke ba ga ba na pelo ruri. Ba mmofa matlho ka letsela le lentsho. Ke bao! ba dikologa motse wa Kanye ka ene, maikaelelo e le go mo tsietsa gore a tseye gore ba ile golo go se fa ka ene, motho wa Modimo o ne gopola gore ba setse ba fetile le Motlhalawadikgomo, kana ba lebile ntlha ya Ramatlabama. Dilo tseo tsa go swa e le ruri! Morago ba leba ga Mosopa, ba feta ba fetela ntlha ya masimo a Sebotseng. Kana yone pitsa ba e tsaya kae, ga o ka ke wa itse. Ba mo gogoula mo koloing, ba tsena mo sekgweng ka ene.
Mosimane a mo tsepa ka setlhako mo dikgopong, a kabana mowa, a phutlhamela fa fatshe. A tshogile motho wa Modimo, a kopa tshwarelo ya molato o a sa o dirang e bile a ba bolelela fa go na le madi a ba a tlogetseng kwa ntlong. “Khubama”! a khubama jaaka ngwana a rapela. Basimane ba le babedi ba tla ka poto, ba mo khurumetsa ka yone. “Monnamogolo” ! a araba ka lentswe le lesesane. “Golo fa re go beile fa thoko ga sediba, fa o ka itshikhinya, ke dibonwa ke wena, o tlaa wela mo teng! Ba mo tlogela ba inaya naga ka sekgwama sa madi.
***
Ramodisa a tloga a fodisa setshwe, a ya go kua mokgosi, tota monnamogolo wa Modimo ene o ne a re ke diphera, ditlhoka baalafi. Banna go ne ga tswa Moemedi, Sephekolo, le Kereyemang, ba patilwe ke segopa sa badisa. Basadi ba tla ba ba tsere ka mtlhala, batho ke ba ga ba ke ba batla go fetwa ke magang. Moemedi a phatlatsa tidimalo ya banna ba ba neng ba tlhomagane jaaka dikgomo di ya mogobeng, “A wa re o tla o lelekilwe ke pitsa ne Ramodisa?” Badisa ba ingata ka ditshego mme ba iphitlha. “E ka tswa e le sepoko, letsibogo lele le a poka, ga lo itse nne banna, gongwe se gaketse, se poka le motshegare” mongwe a akgela.
A se ka a ba araba ka a ne a lapile thata. Ba ema sekgalanyana sa go tlhaetsa matlho le fa sekhing, Ramodisa a ba bontsha fa poto e le teng, ba ya fa teng ba nanabela, Moemedi a le kwa pele. Fa ba le gaufi, poto ya tshikhinyega. Hee! Banna ba tlola matlere, ba boa ka morago. Badisa ba ya go bitsa dintsa, ba tla ka melamu.
Ba ipoa kgatsu, ka nako e moraka otlhe o phuthagane, bana le bomme ba emetse kgakala. Moemedi a tla gape le lekoko la gagwe, a ema kgakajana. Modisa wa ga Phiri a nanabela, a betsa pitsa ka thobane, a tloge a tshabele kwa morago. Ya kgarakgatshega pitsa, basadi ba kua ba le fale. “E betse, e betse, golo moo ke diphera,”!
Modisa wa ga Ranko a sela letlapa, a e photha, ya tsena bogale, ya kgarakgatshega. Kgantele Moemedi a emisa basimane. Ga bo ga sala go rile tuu! A kua ka lentswe le le mashetla. “A o motho?` lentswe la tla le tsewa ke phefo. “Ee,”. A botsa gape,“O mang?” Yo o mo pitseng a araba,“Ke Ramotedima,”. Moemedi a gatelela lentswe“Wa re o Ramotedima?” Wa poto are,“Ee,”. Moemedi a a sikara thobane, a tloga a re, “Ramotedima kwa Kae?” Monna wa pitsa a araba,“Kwa Kanye.” Memedi ke go itshwara dinoka, a tlhaeletsa gape, “Jaanong o batla eng mo potong,?” Yole a araba o ka re o tlaa lela, “Ke tsentswe ke batho,” Moemedi a tshikhinya tlhogo, a tloga a re, “Batho bomang,?” lentswe le lesesane la re,“Ga ke ba itse,” Moemedi a ipotsa gore a o bo ka tla go neelelwa diphera, a botsa gape, “Ba ne ba go tsenyetsa eng,?” Monna wa poto a re, “Ke magodu.”
Moemedi le lekoko ba atamela, fa ba tshwara pitsa monna a kua. “Lo ntshwareng sentle tlhe bathong! ke tlaa wela mo Sedibeng,” Banna ba nyema moko, ba gakgamala, Moemedi a botsa gape, “Ntsehe monna, wa re o mang?,” Monna a re, “Ke Ramotedima.” Moemedi a bots aka bogale, “Jaanong wa re sediba se kae?” Monna yo o mo pitseng ya mogetlo a araba ka go re,“ Ke raya se se fa thoko se, banna ba ba neng ba ntsenya mo ba rile ke se ka ka itshikhinya, ke tlaa wela mo sedibeng.” Moemedi a tshegela mo dikgopong, a tloga a re “Batho bao ba ne ba bua diphirimisi fela, ga go na sediba fa.”
Banna ba bangwe ba atamela, ba mo swaswampolola mo pitseng, maoto a le botlhoko ke go konega bosigo jotlhe. Ba ya kwa ditlaaganeng ka ene, mosimane wa ga Moemedi a feta a mo gamela mashi, ba golega ditonki ba mo lebisa ga Maila go bobela. BOKHUTLO



