Volume 51 Issue 6 - June 2013 : Polelo
Tsa kwa Maunatlala...Phitlo ya legata la motho
Author : Calviniah Kgautlhe
Ijo! Tse ke di boneng kwa Maunatlala, le ntsa e ka se di bogole Motswana wetsho.
Letsatsi ya bo e le la Mosupulogo, kgwedi ya Moranang e tlhola masome a mabedi le boferabongwe ka malatlha-ntshwana, fa re tsena kwa Maunatlala, mongwe wa metse e e popota ya dikgaolo tsa Tswapong.
Fela jaaka dikgotla tse dingwe tsa setso, ngwao ya bo e gagametse fela thata, borokgwe jwa motho wa popego ya sesadi ke moila o mogolo.
Ba gana nnang ya banyana basimane ba kgosing, ba kganelelela borokgwe kgakala le kgotla.
Ka bo ke ipaakanyeditse seemo se nna kgarebe e tshetlhana, ke thekeleditse noka ka mosese o molelele le mangole ke a hupeditse, tota sebe sa phiri e le go tshaba go tlhoma ka mpa ya sebete, ke epela mabele fa fatshe go tsaya mabele a podi.
Ra tsena go dumedisa mmabatho, yo tota a neng a buisana ka lobaka lo loleele le mmereki ka nna, Ndingililo Gaoswediwe le mokapaditshwantso, Felicity Male.
Ra tswela fa ntle go itekodisa banni ba motse ba go lebegang e le mabutswa pele a motse. Ke ne ke na le tshakala e tona, mmereki ka nna, Baleseng Batlotleng, go utlwa tse di diragalang mo motseng.
Ya re re ise re ye kae fela, monni wa motse, Mme Annah Babogedi, a tswa dilo ka tlhaa.
“Bathong kana tota rona re sa ntse re akabetse fela thata, Labotlhano yo re sa tswang go tswa mo go ene yo (kgwedi ya Moranang e le masome a mabedi le borataro) re ne re fitlha legata la motho, go se na ditsebe, matlho le fa e le sepe, maoto le matsogo go se na” a bua jalo a fetisa ka go tshega, tota a sa tshege, a dira gone go re loso logolo ke ditshego.
E rile go utlwa e kgang, ka itshwara molomo, ka akabala fela thata ka lobakanyana, mme ka gwetlhega go mo thamathamisa ka dipotso ka ke le moratadikgang.
“Ka makuku a naka tsa kgomo, boidiidi jwa batho bo ne bo tshologetse phitlho e e masisi e, lekese la moswi le ne le lennye fela thata, le beilwe foo go twe re bone, mme ka matlho dialana a se ke a a ja sa ga ope, ra bona legata la motho le phuthilwe sentle ka polaseteke ya mmala o mohibidu, pono e e sosobanyang moriri e le ruri,” Mme Annah a bua ka lentswe le le kwa tlase, kgwethe ya lethe ya bonala e wela ka mometso e kete ke motho a ne a hupetse maikutlo.
“Se ruri e ne e le pono e le masisi, e e leng la ntlha e diragala mo motseng o,” a wetsa jalo ka maikutlo a a kgoberegileng.
Ya re go utlwa dikgakgamatso tse, ka latela Kgosi Phoophoo Mapena go latedisa modi wa kgang e.
“Ke nnete, ba sepodisi ba ne ba re rolela legata la motho, le le bonweng kwa morakeng wa Sesulela le mokwalo go tswa kwa go molaodi, o o neng o tlhalosa fa re tshwanetse ra tshwara pitlho e, ” Kgosi Mapena a tlhalosa jalo ka fa go tsileng ka teng gore legata la motho yo go sa itseweng kwa a tlholegileng teng, le tle go fitlhwa mo motseng wa bone wa Maunatlala.
“E e ne e le tiragalo ya ntlha ya mofuta o, re e bona ka matlho, mme se sentle e ne e le mowa o montle wa morafe o o neng wa tshologela phitlho e, le ntswa re ne re sa itse ditso tsa motho yoo, tota re ne re diragatsa se se neng se kwadilwe mo molaong wa puso,” Kgosi a wetsa jalo ka phitlho e go tlhalosiwang e ne e se na lenaneo le fa e le se se yang maleng, go latola yo o iketseng badimong.
A re morafe wa gagwe ga o a ka wa ipona tsapa, wa tsibogela phitlho e, bangwe ba iphesa go katela legata le.
Tota e le gore motho yoo e ne ele mang ? A tlhokafetse leng? Go tsile jang gore a tsene mo seemong se se utlwisang botlhoko se?
Dipotso tsa nna mafaratlhatlha mo tlhogong ya me mme ka wela tsela go botsolotsa mookamela mapodisi a Maunatlala, Rre Waboraro Ramaja, ka tiragalo e.
A nkaraba jaana,“Bangwe ba ba bapalang phane mo merakeng ya Sesulela, ba ne ba re bolelela fa ba bone legata la motho mo lesuthung la sekgwa sa mophane, mme mma ka re le majato, ra tsibogela tiragalo eo go dira dipatlisiso,” ga tlhalosa ramapodisi.
A re tiragalo e e diragetse ka ngwaga wa 2010, kgwedi ya Morule e tlhola malatsi a le masome a mabedi le boferabobedi mme ba isa legata le go tlhatlhobiwa ke bomaitseanape ba boranyane jwa DNA, kwa diofising tsa sepodisi kwa Gaborone.
A re maiteko a ba sepodisi a ne a itaya se fololetse ka lerapo la legata le le ne le setse le onetse, le le legologolo thata.
O tswelela ka go tlhalosa go re, “Re dirile tsotlhe tse re ka di kgonang go leka go batlisisa ba ba ileng bokgwelwa le ba go utlwalang ba ileng legofa mme ba ise ba bonwe, ra dira dipatlisiso tse di tseneletseng, ga nna ga pala, ka jalo ra kopa tetla mo bogosing gore a direlwe phitlho mo lefelong le a fitlhetsweng mo go lone, ka jalo ga tsewa tshwetso ya gore a fitlhwe mo diphuphung tsa Maunatlala.”
La gagwe la bofelo ya nna gore batho fa ba nna mmogo, ba tshwanetse ba itsanye, ba tshwenyege fa ba bangwe ba sa bonale, go itsa ditiragalo tsa mofuta o.
Ijo!
E le ruri go tsamaya ke go bona, go direga dikgolo Motswana wetsho, lefatshe le le tshotse masaitseweng! Bokhutlo



