Volume 51 Issue 6 - June 2013 : Polelo

Koloi kgotsa semausu?

Author : Ndingililo Gaoswediwe

Fela fa o tsena ga Mmabesi, go kgang nngwe e go lebegang bontsi bo na le kitso ka yone.

Ka tsebe tsone di e moletlo di sa o lalediwa, fa o le mo beseng, mo marekisetsong a matute a morara le kwa mmolong tota,  o tlaa utlwa ba ga Mmangwato ba bua ka monna yo o nnang mo mmotorokareng kwa mmolong, morago ga go kojwa kwa lwapeng.

Dikgang ga di ke di lala wetsho!Kutlwano ya ipha matsapa a go ikopanya le rre yoo.

Fa re tsena fa Boiteko Junction, ka kwa Bophirima, ra fitlhela Matsoga Motalaote a butse lebati la mmotorokara wa gagwe o mosweu, a iketlile mo setilong sa mokgweetsi, a arametse marang a letsatsi ka jaana go ne go le pheshwana e e tsiditsana.

Pele ga motho a ka buisana le ene, matlho a tlala le kolotsana e, ka jaana difensetere tsa yone di apesitswe dikhiba tsa Mascom le Orange. Kwa pele le kwa morago go thibilwe ka dibokisi le dipampiri tsa ipapatso tsa dikompone tsa ditlhaeletsano.

Ka fa setilong se se bapileng le sa mokgweetsi, go thotobolo ya dipampiri tsa dikgang, fa kwa morago go tletse tse di rekisiwang, di akaretsa dimonamone.

Mo godimo ga koloi e, go sekhukhu se sesetlha se setona, se se dirang gore motho a obe mangole le tlhogo go ka kgona go buisana le Motalaote.

Kolotsana e ya ga Motalaote, yo Omang wa gagwe a supang fa a tlholega kwa kgotleng ya Botalaote kwa Serowe, e supa fa e sa ntse e ikutlwa sentle go ka phutholola mosepele e bile le dinomoro tsa yone tsa B 375 AHD, di bonala sentle ntswa maotwana a se na mowa ka ntlha ya go ema golo go le gongwe ka lobaka. 

O ne a tlhalosa fa mmotorokara o wa gagwe wa modiro wa Corolla, a sa nne mo go one mme a o reketse go o dira semausu ntswa a na le setlankana sa go kgweetsa.  “Ke rekile koloi e ka ngwaga wa 2005, nako e go nneng go agiwa Boiteko Junction mme fa dikago di sena go fela, ka se ka ka tlhola ke boela kwa mmolong, kwa ke neng ke ntse ke rekisetsa teng,” a tlatsa jalo.

La bofelo Motalaote a kgweetsa koloi ya gagwe e ne e le fa a sena go e reka, ka jaana e setse e digetse dingwaga di roba bobedi e ntse e eme golo go le gongwe.

Gantsinyana fa borre ba tlogela tsa kwa Makgoeng ditiro, ba ikela merakeng, bangwe ba reke diterekere fa bangwe ba tsosolosa masimo.

Mme Motalaote ga a ise a tlelwe ke kakanyo ya go nna jalo fa a latlhela kwa Botswana Railways ka ngwaga wa 1996, kwa a neng a dira e le mookamedi wa tlhokomelo ya bapagami ba terena.

Gongwe go reka koloi e e sa ntseng e ikutlwa, motho a bo a e dira semausu e eme fela golo go le gongwe dingwagangwaga, ke gone go makaditseng ba le bantsi, ka tota e se tlwaelo.

Ene o ne a se ka a ikwetsa dingalo ka dikgwebo tse di seng bogadi bo gaufi, a tsaya dikatso tsa gagwe tsa go tlogela tiro, a ithekela mmotorokara, a o dira semausu.

O ne a netefatsa sone Setswana se se reng tlhogo ya monna matsatsa.

Maikaelelo a gagwe ke go baakanya koloi ya gagwe mme ga a na go e tsenya mo tseleng gore gongwe e ka mmusetsa dipoelo tse di botoka, o tlaa bo a ntse a rekisetsa mo go yone, maitseboa fa a golola, a palama tsa setshaba, go ya kwa a nnang teng kwa kgotleng ya Mauba.

“Ke nna ke le esi, bana ba nna kwa Francistown ka gore ke ne ke sa nyala...e rile go pala, ka bo ke itlela gae,” a bua jalo ka bonolo monna wa Motalaote, a bo a nkgopotsa pina ya ga Helen, e mafoko a yone a buang gore fa botshelo bo padile, boela gae.

O tlhalositse fa a ka se dirise sekhukhu ka gore ka paka ya dipula se ka se mo sireletse e bile ka gantsi o dira dipoelo ka yone paka e ya mariga.

A re ka paka ya selemo, dipoelo ga di kalokalo ka bontsi fa bo bona maru a emelela, bo tshabela pula kwa malwapeng, ene a itswalelele mo semausung sa gagwe mme e re e kgaotsa, a rekise go fitlhelela nako e a e ipeetseng ya go ya lwapeng.

Motalaote o tshwantshitse kgwebo ya go rekisa diunits le dijo, ka gore batho ba di tlhoka letsatsi le letsatsi, go fetisa melaetsa ya botlhokwa, ka jalo a ka se ye lwapeng a sa sela thebenyana.

Rre yo wa mogwebi yo mmotlana, o ne a bapile le Baebele mme a tlhalosa ka gore, “Ke e bala thata, e na le sengwe, go na le dilo dingwe tse e reng fa o di akanya, tlhaloganyo e be...matshelo, ga ke tshwane le batho...fela go itse gore fatshe le tswa kae le ya kae,” a gana go tswa ka se se ka tswang se mo tshwenya.

Ka re ke a mo thetsa gore a hupologe, a bona go le botoka go swa ka lehunelo Motalaote. Bokhutlo

Buy Online Now!