Volume 51 Issue 6 - June 2013 : Mosasankegi

Tota 'emang o rileng peba ke molemo?

Author : Jobe Musengua

Ya re re sa ntse re etile megopolo ka ntlha ya go leta, ra thantshiwa ke go kua ga ngwana.

Fa re tsholetsa matlho, ra rakana le ngwana wa ga Sebonego a tsena ka kgoro a sokamisitse legopo. Seme sa thunya, a sokomisa le lengwe gape, ra se ka ra itse gore go direga eng, ga thunya gape, ngwana wa batho a menyalala. 

Sebonego a ya le ene jalo a mo tswapetsa, a bo a nkgopotsa modiri ka nna tsatsi lengwe, a rata go bolawa ke monnamomogolo ka seme kwa Kasane.

A o ne o rileng monnamogolo wa batho, nnyaa ga re itse, fela ba ba neng ba le teng, ba re monnamogolo o ne a mmintsha pina go sa lele sepe.

Kgantele fa basadi ba feta, a siela mo go bone, a bo a rata go digisa yo mongwe ngwana. “Bomma tlhe mo rapeleng,” monnamogolo ya ne e kete ga a utlwe sepe.

“Ke tsile go go betsa gompieno, a mo thuntsha ka seme se le sengwe mo gare ga magetla, a bo a mo tlogela a menyaletse metsotswana.

Yo Mompoloki, fa ke utlwa, o sale a kgalemelelwa go bolaya bommantseane a bo a ba tlogela ba kaname. Rraagwe fa a ntse a tlhalosa, a re ntlo ya bone e dikile e rathilwe ke tladi, e le ka lebaka la bommantseane ba a ba tlogelang ba kaname ba. “Lo tlaa intshwarela betsho, mosimanyana yo ga utlwe, o tsoma bommantseane a bo a ba tlogela fela mo patlelong.

Tladi kana e ja bommantseane. Fa marunyana a ka kwetoga, e tsile go ratha fa, e batla bommantseane ba,” Ijoo! dilo tsa Bakgatla, di bonegwa ka motswaiso.

Rona re ne re se mo go tseo, re ne re ile go ipatlela dipotsanyane fa Malolwane. Ke ne ke tshwaraganetse mosepele le Puleng, ke gone fa re tlaa boa koo re tobekane maikutlo.

Yo Sebonego o tsena go setse go fedile. Gone bana ba motho yo, ba re dikitso tse di mafaratlhatlha tse o ka reng thapo tsa loselo tse, ba di tsaya kae? Ga go yo o ka itseng, go tshwana fela le fa o ka batla go itse gore talane o budusitswe ke eng, o tlaa batla mme ga o na go tswa ka sepe.

Re gorogile ka mmamoso, ra fitlhela ba ora wa mabetla, yo Sebonego o sale a rwele makuku ka tlhogo. Fa re ntse re le fa molelong, mosimanyana wa ga Sebonego a tla, sebata sa metsi se le mo borokgweng jwa gagwe, a tla a setswe morago ke monnawe le ene fela jalo a na le bosupi jwa go re o na le motswedinyana mo dinokeng.

Ga tsoga kgaruru, go sa itsiwe gore ke mang yo o letseng a nesitse pula.

Yole a re pula e nesitswe ke yo mongwe, metsi a bo a elelela kwa go ene.
Ga tsoga kgolotshwane e e keteng ya dinonyane tsa motseomodumo fa letsatsi le phirima.

Fa mmaabo a re o fetisetsa tee ka kwa go nna, ba kgopa dikopi, e nngwe ya phatlakanela mo isong, leupa la sala le re ngaparetse o ka re re dipoko tsa motshegare.

“Bana ba ba re tlaletsang leswe tota?” ra itlhotlhora jalo re itshegisatshegisa, mme tota re sa rata se se diragetseng. Mongwe o ka re golo mo ke polelo fela, mme ke nnete e e sa jelweng pheko, golo ka fa Kgatleng ka fa, go dilo di maswe.

Mmaabone fa a ntse a bua, a re mosimanyana yo wa gagwe wa gofejane, o sarasarisa pula bosigo.

Mme tota bothata ke gore o rata go bala dinaledi. “Ngwana fa a bala dinaledi, o rotela mo dikobong,  mme ra re re a mo kgalemela, ga a utlwe,” a bua jalo.

Letsatsi la tlhatloga, ga fisa go se nene, ra tlhatlogela fa maribelong. Fa re ntse re le foo, mosimane a tla ka peba. Hee! peba ya teng o ka re katsenyana, a kubugela bokgaitsadie ka yone, ba phatlalala jaaka thaga e utlwa go lela ga seme sa moleti.

Fa ba sia jalo, a re o e latlhela yo mongwe, a mo fosa, ya ya go wela mo diropeng tsa ga Puleng. O ne a sa ntse a nyenya le mogala wa gagwe wa letheka, ke a bona le go utlwa gore ba mo latlhetse peba, ga a a utlwa sepe.

Fa a re matlho leba! a rakana le yone. A tlola jaaka noga ya mokwepa, a bo a rutha lebalelo ka tlhogo.

Basetsanyana ba ingata ka ditshego mme ba ikutswa, ba tshaba go tsena mo molatong o mongwe.

A betwa ke pelo mme gone a itshwara, kana ga twe selo se ke potsane, e a golegwa.

Yo mongwe mosimanyana a tla go e tsaya ka mogatla, a fetela ka kwa morago ka yone, motlhala wa nala tsa yone o ka re wa selei. Kgabagare a tla ka mothubatlhogo wa kgantele o dirile tee, a o baya mo isong.

Mmaabone fa a tswa ka kwa ntlong e e kwa mahure, a gakgamalela mothubane o o mo isong. “Jaanong le apeile eng,?” fa a re matlho ntloga, a fitlhela peba e kgabakgaba. A phamola mothubane, a o latlhela kwa ntle.

“Ke mang yoo o tsentseng matlakala a mo pitseng, a le a tlhola ne bana ke lona?

Tota ke eng le re jesa leswe jaana?” a bua jalo a fegetswe. Wa mosetsanyana a araba a le kgakajana, “Nna ga se nna…ke  Dikao,” Mmaabone a retologa go leba kwa go Dikao, o ka re a ka mo phamola ka thito ya lefeelo, a itswa fela ke go re re ne re le foo.

A tloga  kgweloga, “Dikao, feta monna o ye go tsaya ntontwane ole!” a feletsa ka go kgwa lenga.

 Dikao a tla a akga peba le mothubane, yone o ne a ka se ka a e tlogela, le fa motsadi a ka omana jang, a roromisa le maru. Mmaagwe a tsaya molora o o boupe, a ya le pitsa, a e tlhatswa ka metsi a a bothitho.

Yo Dikao a fetela ka fa morago, a gabolola sebagabiki kwa godimo, a latlhela peba mo go sone, ya butswa, a e tshela letswai, a tloga a bitsa mmotlana.  Yo mmotlana fa a e bona, a tsaya gore ke boranyane.

A ya le yone, a bo a phura le marapo, bokgaitsadie ka ba ne ba itse gore ke eng, ba sule ka ditshego.

Ra sala re lebile ka tshisibalo, mmaabone a re digela maikutlo ka go tlhalosa gore peba e alafa ngwana yoo o nesang pula bosigo.

“Owaii jaaka a e jele jaana, ga kitla a kolobetsa meja a robetse,” Ra hakgamala.

Peba! A re araba ka iketlo motho yo motona, a re, “Ee peba, e itse moroto mo go maswe, molemo selo se” Ra ela gongwe ka go re,  “Ijoo, re ne re sa itse,”

Letsatsi la tlhatlogela godimo, ra ya go boa fa sakeng le basimane ba ya go di tshwara ka dithoba, go baakanyetsa go bolotsa. Fa re tsena, pholo e thokwa ya phothosetsa  moroto fa fatshe, ya ne e kete go butswe pompo ya kwa sedibeng. Dikau a leba monnawe.

“Nwa moroto oo monna o tle o itse molodi, ke tlhola ke go utlwa o ntse o re swiiswii, matlhogojane ke wena” mosimane a o tomama o ise o nyelelele fa fatshe. Gone ke mang o o ka ratang go nyalediwa ruri?

Tota yo Sebonego, o tsena re setse re re re a itlhoboga. Ya re go goroga, a baya mophuthelwana fa fatshe. Ga sitlhamologa namane e tona ya tlhware.

“Buang tlhware e banna le e apeye,” a laela bana, rona ra tsena kwa sakeng go tswelela le tse dingwe. Bokhutlo
 


 

Buy Online Now!