Volume 51 Issue 6 - June 2013 : Polelo

Ke itshoketse bana fela…

Author : Keabetswe Idoh Dintwe

Kediemetse a emelela kwa ga bone kwa motseng wa Pitsane, a leba kwa mmadikolo go ya go ithutela tiro.

Ditlhaka tsa bo di le bokete mme a sema mesese, a sa batle go nna phokoje wa morago.

O ne a aga ikana gore ga a ka ke a palelwa ke botshelo a rutegile.

A a tle a bolelele ditsala tsa gagwe gore ene ga a batle go nyalwa ke monna yo o dinala di metsi, yo o beileng fela mo thutegong. Maithamako a bonyana, o ne a bua jalo a sa itse gore botshelo bo bokete go feta le yone kgetse ya letswai, bo tshwana le motshameko wa mmamadikwadikwane.

Ya re fa a le mo ngwageng wa boraro, a kopana le lekau la moZulu, e le ngwana wa mongwe wa balwela kgololesego ba ba thibeletseng mo Botswana, Zolani Mbatha.

Boora Mbatha e ne e le batho ba ba itsegeng fela thata, ka rraagwe Zolani, Bongani Mbatha, e ne e le morutabana wa bogologolo, yo a neng tumile thata e bile a katisa kgwele ya dinao.

Ene le mosadimogolo wa gagwe, ba ne ba setse ba tlogetse tiro ka bogodi, ba thibeletse mo Botswana e bile ba tsere boagedi.

Kutlwano ya ga Kediemetse le Zolani ya tuka jaaka molelo wa mariga, batsadi ba bo ba felela ba itsile, ka e bile ba ne ba tsena kereke ya Wesele botlhe, ba itumelela bokopano joo.

Ya re fa ba fetsa ngwaga wa bone kwa mmadikole, Kedi a ima ngwana wa ntlha.

Mafoko a boora Monosi a goroga, kwa goora Mbatha, ba se ka ba tlhola ba re ka moso, ba bua gore ga ba na ngwana yo o golelang nageng, ba tloga ba itiga seriti.

Ba ne ba aga ba tlhalosa gore kwa ga bone kwa ba tswang teng kwa Ladysmith, ke ba lesika la bogosi, ka jalo e le batho ba ba itlotlang, e bile ba rata go tlotlwa.

Ya bo e le gone jaaka fa Kediemetse e nna ngwetsi yoora Mbatha. Mafoko a se ka a tsaya lobaka, bommaditsela ba simolola go ngunanguna, ka batsadi ba ne ba re go fefogelwe gore bana e re ba ya go simolola tiro, ba bo ba bofagantswe ka thapo, gore  bana ba bone ba golele mo lelwapeng.

Kedi a ya go nna morutabana kwa sekoleng se segolwane sa Gaborone, kwa a neng a ruta Setswana teng, fa Zolani a ya go direla kwa go ba ditsha le matlo kwa Ramotswa, mme a nna le ba lelwapa mo Gaborone.

Pereko ya simolola go senola mokgwa wa ga Zolani, a sa tlhokomele bana, a aga a tsaya maeto a tiro, e re fa a se mo tirong a tshele ka ke boa fa, ke ya go kopa banna.

Mosadi ka e le motho  yo o se keng a rata go bona lelwapa la gagwe le sa lebege sentle, a tenyalala Kediemetse, a tsenya bana dikole, a reka dithoto tsa ntlo, a tshaba gone gore go tlaa bonala gore lewapa le tsenwa ke phefo, motho ke go ikgabetsa.
Zolani ene mo nakong eo, ke fa ene a ngwaela mpa kgakala, a rekile koloi ya pelo ya gagwe, a e tsenya diletso tse e reng fa a le kwa marekisetsong a matute a morara, go utlwale tota gore go lela koloi ya lekau. E re fa a bo lekantse sentle a bue Sekgoa, a bolelele ba a nwang nabo gore ga a golela mo leupeng, e bile o nyetse morutabana.

E ne e re fa dikole di ema, Kedi a ye go thusa kwa ga matsalaagwe, kwa Mochudi, ba rumaruma fela, ka ba bone sego sa metsi se se ba rekelang le dijo.

E re fa gongwe batsadi ba tshwanetse go ya go tlhola ba masika a bone kwa Aferika Borwa, ba bo ba itse gore ba beile mo go ‘makoti`. Motho wa Modimo o tlaa itsenya mo dikolotong fela gore a kgotsofatse batho ba ba sa mo utlweleng botlhoko.

Selo se leina lebe le tshwana le bolwetse jwa seromo, le a kekela.

E rile fa batsadi ba gagwe ba mmitsa Kediemetse, ba bo ba sa itse fa ba tshetse ngwana leupa mo tlhogong, la go emela go tswa seberekela sa bogadi. A di emela dipogo tsa lenyalo, tsa go nna motsadi wa bana ba le batlhano, a ba godisa a le esi mme a rwele palamonwana, e mo setlha monwana.

E re ba masika ba mmotsa gore tota o itshoketseng a tswe ka mabaka otlhe a a ka a kgonang.

O ne a a tle a ba bolelele gore ke mme wa popota, yo o tlhokometseng bana ba gagwe, a netefatsa gore ba gola ba na le mme le rre, ka e le one motheo wa lelwapa.
 

Bokgaitsadie ba ne ba aga ba mmotsa gore a gone ga a lemoge gore o bogisa le bone bana fa a tshelela mo pogong e e kanakana.

Fa ba mmotsa jalo, go tsoge tlhatlharuane e e gaisang ya sentlhaga sa motseomodumo fa letsatsi le dikela. Ba ne ba sa tlhole ba

batla go bona Zolani ka matlho gotlhelele, ka a e ne a setse a ba tenne ka go tlhoka tlotlo, le go itaya go setse go le teng. Kediemetse e ne e re fa a iteilwe jalo, a tseye malatsinyana a sa ye tirong, a oka borurugo.

Ya re  ka lengwe la malatsi mongwe wa badiri ka ene, Ditsame,  a mmotsa ka kgang ya letsadi la leitlho, a tloga a tshwara dipota, a bua fa a thutse setsidifatsi ka a ne a ya  kwa ntlong ya boapeelo a sa tshuba dipone.

Ditsame a mo garumela ka go re,

“Bona fa mmaagwe Nozipho, ke mogolo fa ke le fa. O batla go nthaya o re e ka re e le wena o rekileng setsidifatsi, o itse fa o se beileng teng, wa se thula jang? Lesa go ntshamekisa, selo se ke letsadi la lebole. Tota o morutabana yo o ntseng jang yo o palelwang ke go ipuelelela?” ba kgaogana jalo dikarabo di pala go tswa.

O ne a tle a akanye go bega kgang ya dititeo kwa mapodising, le ya go sa tlamelwe ga bana.

E re fa a akanya seriti sa gagwe, a palelwe, a diiwa ke ditlhong, botlhoko bo mo jela mo teng.

Seriti sele sa ga Kedi yo o gatelang fa godingwana, sa wela ka motlhoboloko fa a bona jaanong a setse a leletswa le ke bommenyana ba mo rogela ene Zolani, mongwe a letse a re o a mo kolota, fa yo mongwe a re o mo imisisitse, e bile o batla go tsisa ngwana kwa go ene.

E tlaa re Kedi a utlwa se, a thubege ka selelo, a ye kwa gaabo go ikuela teng ka kwa goora matsale o ne a lekile a paletswe, a aga a bolelelwa gore mosadi ga a palelwe ke lelwapa.

Tlhogo ya gagwe ya tla go nna botoka fela fa a utlwa go twe zolani o isiwa sekoleng kwa Amerika.

Kedi a nona pelo ka mathe, a akanya gore gongwe moeka o tlaa sugega. Kae? O ne a na le tsholofelo ya go re motlha mongwe o tlaa romelelwa thekethe ya sefofane, ga pala.

Ka a ne a hupile bana ka meno jaaka katse, o ne a sa kgone go reka thekethe ya go ya go bona kwa monna wa gagwe a leng teng. Yole a bo a bone kgoro ya botswasekgweng, a ikhuditse go botswa gore o tswa kae fa mahube a setse a budule.

Mokgwa seeta le mong, Zolani a feta a tswelela ka go tlhotlhoma jaaka phokoje le kwa Amerika, ya re fela mo nakwaneng e e seng ya sepe, a bo a setse a itse matseno le matswelo a kwa go ka bonang botsarara teng.

Ba ba neng ba ile le ene sekoleng ba kile ba re koo o tlogetse mosadi le bana kwa morago, a iteela dikgakolo tsa bone kwa ntle.

O ne a sa ntse a tletse maikaganatsho a gore ene ke motho oora Mbatha, e bile rraagwe e ne e le mongwe wa bagolwane mo lephateng la thuto, ka jalo le fa a ka se ka a fenya dithuto, ba ka se ke ba lale le tlala, dipuo tsa senyana.

Batlhatlhelela dithuto ba felela ba lemoga gore Zolani o tlile diketong, ba mmitsa ba leka go mo gakolola.

A supa gore ene ke phokoje o monkgwe e bile ga a ka ke a latlha bonkgwe. A pala go sugega, ga buiwa le ba ofisi ya boemedi jwa Amerika, go fitlhelela ba latlhela seditse, ba mo romelela gae ba bona le dithuto di pala. 

Ya re go boa, a fitlhela Kedi  yo o lerato ka metlha a ntse a mo letile, ene e bile a re motho o mo malatsing a boikhutso. 

Dikgang tse di botlhoko jwa santlhoko tse, o di utlwile ka mogadibo wa gagwe, Zanele, a mo leleditse a re o a mo gomotsa.

Kediemetse a baya mogala fatshe, a utlwa a tsewa ke madiopo, a ya go nna kwa ntlo ya borobasogo a sa ikaelela, a itebisa ditshwantsho tsa motshikhinyego, maikaelelo e le go leta Zolani go tla go mmotsa dikgang tse.

A tsaya tlhaloganyo, a e busetsa kwa morago, kwa mmadikolo, kwa go neng go na le ba ba neng ba ipala mabala a kgaka, a ba kgaphela ntle.

A gakologelwa mosimane wa Mongwato, Kamogelo, yo ka nako eo a neng a setse a nyetse mosetsana wa kwa ga maila-a-bobela. Mme gone o ne a tlaa reng? O dirile maikano fa pele ga moruti le batsadi.

A gopola ditsala tsa gagwe tse di nyetsweng, tse di neng di tlwaetse gore fa go tsena letsatsi la bomme ka kgwedi ya Matsheganong, ba a kopana, ba besa nama, ba itise mmogo go ipelela letsatsi leo.

Le fa ba ne ba sa bolelelwe ke ope, gone ba ne ba bona gore kwa goora Mbatha, dilo ga di tsamaye sentle. Ba ne ba a tle ba leke go ipuisa dikgang tse di ka mo thetsang go hupologa, a ba bolelela menyapelo a a mo go one ka lone letsatsi leo. O ne a o utlwile molao wa gore mosadi ke go rutubala, a a swa ka lehumeo Kediemetse.

Ga feta beke Zo a ntse a gorogile mme kgang ya go palelwa ke dithuto a e gatile ka dinao.

A simolola go tsena mo mebileng jaaka a tlwaetse, a tlhola mafulelelo, a tswelela jaaka a ne a tlwaetse.

Ya re lengwe la malatsi a tswa kwa pelo rata, maoto nkise, a fitlhela bana ba lela sa matlhotlhapelo, mmaabone a batlile go ipolaya ka dipilisi.

Kedi o ne a na le mokgobe wa dipilisi tsa boroko, ka a ne a sa bo bone ka ntlha ya go buabua ka pelo.

A di tsaya, a di tlatsa letsogo, ya re fela fa a re o di isa kwa ganong, Botho, ngwana gagwe wa mosetsana, a tsena ka ntlo ya borobasogo. 

O kopane le ene fela a tsholeditse letsogo le tletse lewa la dipilisi.

Ngwana a inyanyarela, baagisanyi ba tla ba rwaleletse, ba ipotsa gore go a reng.

E rile go ba bona,  thubega ka selelo, a tsenwa jaaka kgomo e tswenwe ke ntsi mo tsebeng, a roroma, a tshologa dikeledi, matlho a hubitse e bile a lebega jaaka motho a sitwa. Mo tlhaloganyong ya gagwe ya bosenakitso, o ne a akantse gore jaaka dipilisi tse di robatsa motho, o ka kgona o robalela ruri.

Ba mo rwalela kwa kokelong, a feta a kgonwa le lomao, a nna malatsi a mabedi a idibaditswe jalo. Ga tloga ga apoga, ba botsogo ba mmaya leitlho go fitlhalela  a sidilega, ya re fa go bonala sentle gore o botoka, ba bongaka ba bitsa ba boipelego go tla go bua nae. 

Letsatsi la bo le mo tlhabetse, e bile a ipolelela gore o ya go bona bana ba gagwe.

Ya re fa a lebile gore koloi e tlaa go mo tsaya, a bona go tsena bomme ba baeng, ba ya nae ba mo seketletsa, ba mmotsa gore tota a re keng fa a ipogisa jaana.

A thathologa jaaka tlhale e le mo toloking, a ba bolelela mahumapelo a lenyalo la gagwe le go tlhoka tshegetso kwa goora matsalaagwe.

Mongwe wa bagakolodi, Mme Tumelo a mo tsena ganong jaaka a ntse a tswa dilo ka tlhaa, a mmotsa potso,

“Tota ka gore re a go utlwa gore lenyalo la gago ga le monate, e bile o palelwa ke go isa rre wa gago kwa go ba molao ka go sa tlameleng bana, ke eng bogolo o sa kgaogane nae? A tsaya lebaka a sa bue.

Ga nna setu mo kamoreng eo, e ka re go tlaa utlwala le ntsi e fofa. A tloga a hupologa, a re,

“Tota lenyalo le nkopisa tlhogo, le ntigile seriti, le ntietse le nako ya go itlhabolola kana go itsenya sekole, gone jaana ke setse ke jewa setshego le ke dinyonane,” a ema a sisa pelo.

MmaTumelo a mo tsena ganong gape, “gone mme ke eng o sa kgaogane le rre wa gago, bogolo wa boloka botshelo jwa gago?” a mo leba ka  tlhwaafalo, a tloga a re, “ke itshotse ke bone bana fela, tota lenyalo le le nkimetse mme ga go motlhofo mo go nna go boela maikano a me morago. Ke tlaa raya bana ke reng?” a bua jalo a leba fatshe.

MmaTumelo a ipaakanya mo setilong, a tloga a mo tlhatlhelela le ka dithuto tse di tlaa bong di tshwerwe ka letsatsi la bomme, gore le ene a tle go itseela ka tsebe, a tswe mo sediding sa mmamadikwadikwane o a mo tshamekang. Bokhutlo

Buy Online Now!