Volume 51 Issue 7 - July 2013 : Mosasankegi

Ba ga maila… Ijoo

Author : Mosasankegi

Lentswe la utlwalela tlase, “e le gore ba biditswe ke mang? Ba kgatlhantshe o utlwe gore ba batla eng,” Ya ne e ka re re tlaa boela morago, ra beta pelo! ra atamela!  Ga re tuu. Kgotso ya ne e kare o a etseetsega.  Fa re ya re lebile mojako, monna a tomoga fa fatshe, a re kgatlhantsha ka madume.

 “Dumelang borra, a lo a thuswa”  Kgotso a araba ka gore o kopa metsi, “Emang fa setlhareng  foo, ngwana o tlaa lo tsisetsa metsi,” monna a ribela gape ka fa lekotswaneng. Ra leta fa setlhareng se se mo patlelong. Metsi a tla, ra a nwa, Kgotso a tloga a kopa molelo go tshuba motsoko! Monna wa kgantele a ribela, a mo utlwa.

 Lentswe la gagwe la tla le tsewa ke phefo. “Ba reye o re ga re na molelo.” Ngwana a fetisa mafoko jaaka a ntse. Fa o ka re re a tsamaya, ra bona mosi kwa leisong, yo Kgotso a kopa go tshuba motsoko kwa leisong, monna a tomoga gape, a latlhela mokgwaro kwa ntle. “O tseye o tsamaye ka one,” a boa a ribela gape. Ra rata go gamarega..kante tota golo fa go diragala eng?

Ka go ne go le letlatlana, yo Kgotso a kopa gore re tsene mo lwapeng re ikomose. Monna a goletsa borokgwe ka dikgono, go lebega mabogo a gagwe a patlapatlile, yo mongwe fale a tsholeditse mabogo a a tshikhinya, go bonala a batla mabogo a hempe ya gagwe a boela kwa  morago. “A lo tsogile borra” banna ba phaphama. “Lo bomang lo etang bosigo jaana?”

“Ke rona re ntseng re kopa metsi,”ra arabela gongwe.

 Fa re sa letile matsogo, lentswe la mosadimogolo la goa ka fa maapeelong. “Re ka kwano!” Ra leba ntlha ya gagwe, ra rakana le ene ka lofeelo. “Lo kopana le rona re feela, jarata e e leswe,”

Ka kwa segotlong, kwa banna ba leng teng, go rile tu! Mosadi a feelela matlakala mo ditlhakong tsa rona, ra mo hapoga, ra leba kwa leisong. “Golo koo go mosi, tlang lo nne fa,” a bua jalo a sena go goa ngwana gore a tsise ditilo. “Kgotetsang metsi ao a me ke tle ke tlhape,” mosadi a bua le bana. Ra lebana, ra ipotsa gore metsi a go tweng a kgotediwe ke a a ntseng jang, a a nkgang monate jaana. Rona re ne re utlwa go nkga nama e e mafura. Ra nna re letile, kgantele monna a tswa ka kwa segotlong, “A lo tlhotse borra? Nna ga re a tsoga, ditonki tsa rona di a swa, fa lo bona o kare ke a le bihela jaana, ke ntse ke buela dintsa tonki ka fa segotlong ka fa,” a re itsese.

Ra nna ra a ja dikgang foo. Fa o kare lefifi le tlaa wa, ra itekodisa fa re kopa boroko. Kgotso a tlhalosa fa re le mo patlong ya dikgomo mme o kare di utlwalelwa ntlha ya Molapowabojang.  Mosadi  a gana go utlwa, “Tota lo tlaa robala fa kae?” ya re a ise a fetse, monna a mo tsena ganong, “Ke tlaa ya go ba kopela ka kwa ga mme ka kwa.”  “Owaii! gare ga se gore re batla go robala re tlaa lala re itisitse mo molelong fa,” ~Ga wa tidimalo e e sisibanang mmele. Monna a  e fetsa ka go betla mometso ka kgotlholo. ‘‘Fa le ka bowa ha mmakgdumo go ne jaana le ka di bona di re di tsile go nwa,`` ga bua mosadimogolo.         Fa re sa rialo, ngwana a kua ka selelo, “Mama, ke batla nama!” Ya ne e kete batla  mo itlhokomolosa. A ipoeletsa ngwana wa mosetsana, mpanyana tsa gagwe o kare o jele mokate.  Mmaagwe a mo kgadiepetsa.  Hee ngwana a rata go bolawa ke motho! “Tswa mo go nna o ye go tshamekela kwa,” mosadi a buwa jalo a sena go mo hapha ka letswele mo maragong.

`Monko le nama e e shang tsa tla le phefo, mosetsana a tlola a khurumolola pitsa. Fa a rialo, monko wa nama e e mafura wa re apesa, mosetsana a tlhatlola. Ba dumaduma mo isong, megopo ya tla ntlheng ya rona.  Bogobe bo le bosetlha, mosadi a kopa gore re tshelelwe sukuri. “A batho ba ba re tima nama?” ka buela ka fa pelong.

Ngwana a tla gape a lela, “Mama, ke batla nama!” mmaagwe a mo omanya gape. “A lo ne lo re golo fa tonki e sule?” ra botsa.  Mosadi a araba ka maitseo, “Ee ke yone e o bonang re e apeetse dintsa eo, maswe fela, ga lo ka ke lwa e ja,” Kgotso a tomoga a re, “Mpe ke e bone, nna kana kwa ga rona re ja tonki, a atamela fa leisong, a khurumolola, a tsaya masufu a le mabedi.  Ra e setla, go utlwala gore ga go na le fa e le tonki, nama e ke ya kgomo. Dikgang ya ne e kete di a sulafala.

“Mme ga e maswe tonki, e ya jega,” ga bua Kgotso. Fa re fetsa ra ipoeletsa, Kgotso a kopa pampiri, a tsenya masufu a mangwe mo teng, ra kopa tsela. “Re lebogile ba ga Maila, mpe re ralaleng bosigo, re tlaa itapolosa kwa pele,” Fa re sa tsamaya sekgala, ra utlwa selelo sa ngwana “Ga ke itse gore ke eng o le sehatlha jaana ngwanyana ke wena, ya gago ke yone e ba e jeleng ele,” mosadi a omana. Ba ga maila o ba tshabe mo nameng! ENDS

Buy Online Now!