Volume 51 Issue 7 - July 2013 : Sports
BNSC e neela Nijel se se mo tshwanetseng
Author : Ndingililo Gaoswediwe
“Nijel Amos!” a tomoga mo setilong ka majato e kete motho a ne a ntse a tlhwaile tsebe, go utlwa tlhobolo e e simolodisang lobelo. Mosimane yo montshonyana wa kwa Marobela, a palama serala a gatela kwa godimo, go amogela seetsele sa ntlha sa letsatsi, sa monana wa rre yo o gaisitseng botlhe. Ga utlwala go opiwa diatla mo go tletseng boitumelo, ga boidiidi jo bo neng bo tshologetse kabo dietsele ya batshameki ya bomasome mararo le boraro, e e neng e rulagantswe ke ba Botswana National Sports Council (BNSC).
Tota emang yo o ka tlhokang go galaletsa sekgantshwane se, se se supileng gore ga go tume di melala, ngogola kwa dikgaisanong tsa diolomphiki, ka go nna Motswana wa ntlha go tlisa seetsele mono gae? Nijel, kana ke re ‘Zoro`, ka ke lone leina le ma14 a mmokang ka lone, o ne a ikgapela seetsele sa selefera kwa Lontone, mo lobelong lwa dimmithara di le makgolo a robabobedi.
Fa re boela kwa kabo dietseleng, ga go ise go tseye lobaka, a bo a boa seboaboane, mosimane yo o katogileng monyo go se gonene, go ya go tsaya seetsele sa bobedi, se a neng a se fiwa ke modulasetilo wa BNSC, Solly Reikeletseng. Modulasetilo o tlhalositse fa a file Zoro seetsele sa motshameki yo o dirileng ka bokgabane, ka tse a di fitlheletseng di itsiwe ke lobopo lotlhe. Kwa Botswana Athletics Association, go lebega tiro e dirwa ka natla le tlhoafalo ka jaana lekgotla le le ikgapetse seetsele sa ba ba dirileng lenaneo le le tsepameng la go tlhabolola metshameko.
Ka fa tlase ga lekgotla le, mmampodi wa lefatshe ka bophara mo lobelong lwa dimmithara tse di makgolo mane, Amantle Montsho, o ne a tswa motshameki wa mme yo o ba gaisitseng botlhe. Setlhopha sa bomme le sone sa se ka sa batla go nna kolobe wa morago, sa tsaya seetsele sa lebelo la neelano thobane la 4x4, go nna setlhopha se se di gaisitseng.
Fa lenaneo le ya motsubong, pelo tsa bo di iteela godimo, potso e le gore ke mang yo o tlaa gapang seetsele se se tlotliwang thata, sa motshameki yo o gaisitseng botlhe, ka e bile se rotloediwa ke kompone ya diteemane ya DEBSWANA. A ya go garela Nijel, jaaka a ne a fiwa seetsele seo, se se tlang ka madi a a kana ka P50 000. Kwa phelelong, a ikgapela madi a a fetang P70 000. E le ruri Nijel o ja mofufutso wa phatla. Kutlwano ya se ka ya ipona tsapa, ya buisana le Zoro, yo o neng a iketlile le batabogi ka ene kwa Athletes Village, go re e se ka ya utlwa ka tsa ga Morakile. O ne a supa fa a itumeletse kabo dietsele e ka e le nngwe ya tse di mo kgothatsang gore a tsenye marapo mo dinameng.
Mo go tse tharo tse a di fentseng, a re o tlotlomaditswe thata ke seetsele sa motshameki yo o gaisitseng botlhe. “Seetsele se se intumedisa fela thata, se supa gore ke tlhophilwe mo gare ga ba le bantsi jaaka motlhaba wa lewatle. Ke sa maemo a a kwa godimo e bile se supa fa ke fiwe tlotla. Tota seetsele se ga se sa me ke le esi, ke se tlhakane le nkuku, yo o dingwaga di masome a ferang bobedi le bobedi, ka a nkgodisitse ka lerato, a mpepetletsa go fitlhelela ke nna se ke leng sone,” a bua ka monyenyo ntswa a ne a kgaupediwa ke mogala wa letheka, ka o ne o lelela boatleng.
Motsotso le motsotso a bo a kgaola ba ba mo leletsang ka gore o tlaa ba leletsa moragonyana. Bangwe ba ka tswa ba ne ba batla go mo galaletsa. Ijoo! Ka dilo di sa itsiwe, le ditsala tsa bogologolo di ka runya golo go sa itseweng ka jaana kgwedi e a bo e paralaletse ba bantsi mme moeka ene pula e ne e letse e mo nele.
Nijel, yo o dingwaga di lesome le borobabongwe, a re lwa gagwe loeto mo dikgaisanong tsa mabelo lo sa le loleele ntswa mo nakong ya puisano le Kutlwano a ne a na le dibeke tse thataro a ikoka morago ga go tsipoga leoto.
A re se se bakilwe ke go sa iketlang ga seemo sa bosa kwa Gauteng, kwa Nijel a neng a tseneletse dikgaisano tsa Varsity Cup teng. Ka nako yone e sa mo emela, o simolotse go ikatisa ka bonya ka bonya. Malatsi a le mararo pele ga kgwedi ya Seetebosigo e ya fifing, motabogi yo o mo dibukeng tsa ditso tsa batabogi ba monogae, o tlaa bo a tseneletse dikgaisano tsa African Junior Championships kwa Aferika Borwa.
Fa kgwedi ya Phukwi e tlhola gane, Nijel o tlaa bo a lelekile phefo kwa Lasne, kwa Belgium, go leka go ikgapela sejana sa Diamond League. Morago a re o tlaa tsenelela dikgaisano tse dipotlana, e le bontlha bongwe jwa go ipaakanyetsa dikgaisano tsa lefatshe ka bophara, tse di tlaa bong di tshwaretswe kwa Moscow, Russia ka kgwedi ya Phatwe.
Tota ka ditumelo tsa batho di farologana, bangwe ba tlhapa kwa baporofiting gore ba fenye, fa bangwe ba ikanya bonkadilatlha mme bangwe a beye tshepho go Ramasedi. Nnyaa! Tse ga se tse Amos a inaakantseng le tsone. Pheko ya gagwe ke go ikatisa le go tlhoafalela tiro.
“…Ke a ithotloetsa, fa motho a a tsepamisa tlhaloganyo mo go se a se dirang, o ka kgona go dira sengwe le sengwe go tokafatsa botshelo jwa gagwe. A re bontsi jwa batho ba diya kgatelopele ka go tshwantshanya boleng jwa tsa ikatiso monogae le tsa mafatshe a sele, ba bo ba sa felele gope le tse ba ikaeletseng.
Nijel o ikaya e le mosimanyana fela yo o tswang kwa motsaneng o o sa tumang mme e rile fela a bona le mo tlhabetse, a le aramele mme a tuma go gaisa mmolai wa tau. Motabogi yo, e tlaa re mo ngwageng o o tlang, morago ga kgwedi ya Seetebosigo, a bo a gaisana mo setlhopheng sa batabogi ba ba bagolwane mme a re o tsile go tswelela a dira bontle.
O tlhalosa go re, “Fela fa se sa ntse ke kgona go taboga, ke tlaa tsholetsa serodumo sa lefatshe la Botswana kwa godimodimo…ga ke dumele mo go tshabeng ope, ke taboga lebelo ka fa ke le ipaakanyeditseng ka teng,” a garela puisano ya rona mosimane yo o swapogileng, pele ga a re fa mokwatla go ya kwa sejanageng sa gagwe. BOKHUTLO



