Volume 65 December 2026-January 2026 : Polelo
Lerato le fenya bosula
Author : Julia Ntu
Molebo a leboga Ramasedi go bo a mofilemogomo tshwanetseng e bile go wela sentle mo maikutlong a gagwe.
A bona letsatsi la ntlha a kopana le Ovanatje, lekau la motse wa Draaihoek, o o mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa. Setshwantsho sa kopano ya bone sa sedimoga se ikadile mo matlhong a gagwe jaaka e ka re go a diragala ka yone nako eo.
Mosimane a tlhaga a le moleele a godile, a tlogetse monyo go menagane. Bontshonyana jwa gagwe bo dirilwe sentle, bo tsamaelana le letlalo la gagwe go dira jaaka e ka re o takilwe ka letsoku le le fa le le bosetlha jo bo loileng. A mo dumedisa ka maitseo le ka bonolo, botho bo ikwadile matlhong a gagwe.
A kopa go tseisa Molebo dibeke tse di neng di mo retelela go lebega di le bokete. Mosetsana a akofa a dumela. Aitse pelonyana le yone e ne e setse e ya le mogwang wa borwa.
A utlwa a natefelelwa ke go gata kgato ka kgato le lekolwane le a sa le itseng le. A phadimosiwa ke go utlwa seatla se se bothithonyana se mo ama letlhaa, a ntsha monyenyo wa sehumagadi.
O kopanetse le motho wa lerato la o ka a swa nka go metsa kwa sekoleng sa ithutelo booki mo toropong ya Gaborone.
Fa a tlaa tseisitswe dithoto jaana, o ne a tla go simolola ngwaga wa ntlha mo go sone sekole sa fa mokolwane ene a ne a le mo go wa bobedi. Fa e sale ka lone letsatsi la fa a mo tseisitse jaana, botsala jwa bone jwa thaega, jwa tia jwa ba jwa fetoga go nna jwa baratani ba motia.
E le ruri fa gongwe dilo di na le le go diragala jaaka e kare di rebotswe kana di tlhodilwe go tswa legodimong. Molebo le Ovanatje ba aga lerato la bone, ba supa e le ruri ba tlhoafaletse se ba se dirang.
Le fa go ntse jalo, bobedi jo jwa dumalana go eteletsa dithuto kwa pele e se re gongwe ba tloga ba boa ba sa tshola sepe jaaka mohagodi wa kolobe. Bontsi jwa ba meletsa mathe, bangwe bareeketeekaboelebone.Lebonemmaba kgatlhisa ka boitshwaro jwa bone jo bontle.
Mafelo a beke mangwe le mangwe e ne e le yone nako ya bone ya go iphokisa phefo. Ba ne ba rata thata go ya go itapolosa kwa Tsholofelo Park kana ba etela lefelo lengwe la marekisetso a dijo go ya go ja teng. “Moratiwa, ke lebogela go bo o amogetse lerato la me ka pelo yotlhe, fa ke na le wena jaana, ke utlwa maikutlo a me a edile phetelela mothonyana, tsweetswee ke kopa gore o se ka wa ntshwabisa ka letsatsi lepe”.
Ovanatje a bua a lebile Molebo mo matlhong; tota mo dithakeng tsa one. Dintshi tsa lekgarebe le tsone di di bokaletse e ka re o tsamaiwa ke kgofe. Di apesitse matlho a makima a o ka reng a kgomo. Sefatlhego sa gagwe se se batlileng go nna kgolokwe, se ntlafadiwa ke mmala wa letlalo la gagwe, o e ka reng wa kofi e konkomeditswe ka mashi. A lelala moeka wa gagwe ka monyenyo o mosesane mme a fetola.
“Ovi, o wa me ka bosaengkae. Fa e le sengwe re tlaa kgonwa ke lone loso fela. O lemogile kgaitsadiaka gore o sale o nkgapile pelo letsatsi la ntlha re kopana. Ke a tshepisa ga ke ka ke ka ba ka go tlhanogela le fa dira di ka ntlhoa.” Ba atlana, ba tlamparelana motsotswana mme ba tloga be lebana mo matlhong go bala sentle ditsholofetso tse ba ntseng ba di abelana. Batho ba ba neng ba le foo le bone ba ba tlhokomologa; aitse tsa batho ba le babedi ga di tsenwe. Molebo a kopa lekau gore ba emelele ba boele kwa sekoleng ka go ne go setse go fifala. Ba emelela ka dijo tse di neng di setse, ba bapa le sekonotere se se lebang kwa kokelong ya Marina go ya go goroga kwa ba nnang teng. Ba tsamaya ba kgogetsane ka matsogo, ditlotlo e le tse di monate, di siame thata. Ba ne be eta ba ntse ba bua ka bokamoso jwa bone fa ba sena go fetsa sekole. Se se neng se kgatlha ke gore mo go tsotlhe ba ne ba dumalana, go se tsapa le fisang pelo. Ba goroga kwa matlong a baithuti, ba kgaogana morago ga go dumalana fa ba tlaa kopana ka nako ya boferabongwe go tla go laelana.
Letsatsi leo baithuti ba ne ba diretswe maitiso a mmino mo holong. Go ne go lelediwa kwa tlase go itsa go tlhodia balwetse ka marobalo a baithuti a se kgakala thata le kokelo ya Marina.
Molebo a akanya go ya go boa teng pele a tla go laelana le wa pelo ka nako e e dumalanweng. Fa a goroga mo kamoreng e ba robalang mo go yone, a fitlhela mmata wa gagwe, Malebo, a mo letile gore ba tle ba tsamaye mmogo. Ntle le go ja modikologa, a tsena ka fa botlhapelong, a itshela thothi, a tloga a itshetlhafatsa sefatlhego. Ba wela tsela ka e bile e ne e setse e ba siile. Molebo a tlhalosetsa molekane fa a tsile go boa go tla go bona Ovanatje.
Malebo a dumalana gore gaakakeaboamodiakasepe.Bagoroga mme ba fitlhela tshetsana le tshimane e tshelegetse mo bodilong go itshidila mmele. Go binwa mma, mongwe le mongwe a koba dithaga gore di se je a ga mmaagwe. Mmino le one o le monate o tsamaelana le lefelo la ditiragalo le botshelo jwa batho ba teng.
Basetsana ba itshela mo go one le bone, ba ithotlhora dithole, ba tlakisa maikutlo a bone. Dipina tsa tsena ka go farologana ga tsone mme babini le bone ba di fa mebino e e farologaneng. Lekolwane lengwe la bona Molebo, la mo atamela go dumedisa. Ngwana yo o tsalegileng yo a dumedisa ka botho jo bo tlhapileng. “ Ke kopa re eme fa ntle kgaitsadi” Lekau la tiba ka kodu mme le ikokobeditse go itsa go ratela photi ka matlhoa.
Molebo a tswa le lekaunyana le la ditedu di tshwana le tsa phokwana mme ba ema fa tlase ga setlhare se se gaufi mo lefitshwaneng.
“Ke imelwa ke mafoko nnaka, mme fela maikutlo a me a a hegelwa fa ke go bona nako le nako, o nthema ditokololo motho wa batho, ke mabele, ntshela tlhe ke gasame!”. Molebo a tsholetsa sefatlhego go leba motho yo o mmuisang yo, tota yo mo go ene a utlwang a bua dithamakgorwana.” Nnyaa kgaitsadi, ga go kgonege, go thata ya lentswe, ke setse ke setse mabele a mangwe jalo seroto se setse se tletse, metsi a lekane dipota. Leka go sele, nna e bile o a ntia le fa ke eme jaana.” Mosetsana a bua ka bopelokgale. Lekau la mo kopa gore a mo potetse ka fa legwafeng e bo e nna phitlhela kgomo ya serotswana. A solofetsa gore o tlaa ela tlhoko gore mosi ope ga o kitla o tswa ka sekhurumelo. Mosetsana apalaalesupalelefa.
Ba tsere nako e ntsinyana ba ntse ba bua mme morago Molebo a lemoga fa nako ya boferabongwe e sa le e mo potile ka kwa morago bogologolo. Aitse e ne e setse e tsamaela go feta ya lesome.
A kopa Letsopa goreamoletleatsamaekaanalegobona mongwe yo a mo ratang thata. Letsopa, lekau le le mmeileng fa tlase ga setlhare le, la pala padi padi. A solofetsa gore fa a ka mo tlogela foo, o tlaa dira sengwe go senya leratonyana le areng o mo go lone.
Fa mosetsana are o a tsamaya a mo phamola ka letheka a mo atla! Molebo a re o a ikgopola ga retela. Letsopa a mo tlamparela gone foo, dikeledi tsa ela mo marameng a mosetsana, a tshaba le go ikuela. A iphitlhela a atlana le motho a se na tumalano epe le ene. Letsopa a tloga a mo tlogela morago ga go mmolelela ka fa a mmoneng bokoa ka teng.
“Tsamaya selo ke wena, ga o lekgarebe, o ka sunwa jang ke motho o sa ratane le ene, mh! Ga o a nonofa e le ruri; ke ne ke batla go go lekeletsa fela. Mosimane wa gago ga a bolaya, o nnile mahosi. Nte ke itsamaele ke ye kwa mothong wa pelo ya me.” Letsopa a bua jalo a tswa, a tlogela Molebo a sulafetse mogopolo, a tlhakatlhakane a ipotsa dipotso.
A leba sera sa gagwe jaaka se gata ka boganka, se boela mo holong; a ikaega ka setlhare, a lela sa mosadi a tlhokafaletswe ke ngwana.
Malebo o ne a mmone fa a tswela ntle, o neasaleamoletetsegotlagomolaelakaane a rile o tshwanetse go ya go kopana le lekau la gagwe. Fa a bona nako esetse eile a ise atle, a itlhoma fa a se tse aile.One a sena mathata lefaaneasamolaela.
Faantseaakanyadilo tse, a bona Molebo a eme kwa kgorong e bile a mmitsa ka monwana. A lemoga fa sengwe se sa siama mme a fefogela kwa go ene. Matlho a gagwe a ne a le mahibidu, diaparo di sosobagane mme a ipotsa gore o ntse a diragalelwa ke eng. “Go rileng tsala, motho yoonengagotsayafagonnaogodirileeng jaanong, le gone ke mang he mma? Dipotso tsa nna mafaratlhatlha, di batla dikarabo tse di maleba mo go Molebo. Mosetsana a thubega ka selelo se se botlhoko gape ka a ne a palelwa ke go itshwara. Malebo a mo tataisetsa kwa ntlong ya bone ya borobalo go mo tshabisa matlho a batho.
Morago ga go thuba pelo, a tshololela Malebo kgetse ya mafoko a a sa itumediseng gotlhelele. Malebo a gakgamalela ditiro tse di bosula tse di dirilweng ke Letsopa. A gomotsa tsala ya gagwe, a mo sutlha dikeledi a bo a mo kgothaletsa go sa itsise Ovanatje magang a a maswe a.
“O ka go latlha tsala, o ka tlhola o mmona kae monna yo o tshwanang le Ovi? Kana golo fale o bolaile e bile re le bantsi re go tswela pelo. Re a bona gore o ja nakaladi ya kobolela tota.” Mafoko a, a dira gore Molebo a nyenye go se kae le fa a ne a hutsafetse.
A dumalana le wa tsala gore ga a kitla a bolelela lekolwane la gagwe ka tiragalo e. A lala ka ntho madi a tshologa, jwa dintshi le jone jwa e ka jwa mo tlela le e seng.
A ikgomotsa fela ka gore Ovanatje ga a a bona tiragalo e. Ga go na yo o itseng, ngwedi le dinaledi di a tle di bue... Fa letsatsi le tlhaba a tsoga a ya go tlhapa a bo a ya kwa dijong tsa sefitlholo. Malebooneasantsearobetsemmeamo solofetsa gore o tlaa mo tlela dijo. Malebo a lebogela se tsala e batlang go se mo direla. Molebo a tsena mo moleng wa go phaka dijo, a nna mo tafoleng nngwe a ja a bo a fetsa.
A emelela go leba kwa kamoreng ya bone. Fa a ntse a tsamaya, lentswenyana la kafatenglamorayalareafetekamoeka, a ikutlwa a mo tlhoafaletse phetelela.
Pelo ya gagwe e akgega jaaka tloloko, a gopotse motho a mo ratile thata. A lebala le se se mo diragaletseng mme a ipha sebaka go bogela baesekopo mo mogopolong wa gagwe.
A bona Ovanatje a mo atla a bo a mo kuka nako ya ba bina kwa dikgaisanong tsa mmino wa mmamodikwadikwane. A utlwa baatlhodi ba bitsa maina a bone ba bolela fa e le bone bafenyi. Motho wa Modimo fa a tla go re tha! Ke fa a setse a fetile kwa a robalang teng. A ikgata motlhala a boa. A itebogela go bo a ne a letlelela mogopolo wa gagwe go mo tshamekela baesekopo e e monatenate jalo.
Fa go tloga go iwa kwa go tsa motshegare dijo, Ovanatje a ikgorosa a sa bidiwa. Sefatlhego sa gagwe se tla se tlhontse e ka re motho a latoletswe. A emeletsa Molebo mo setilong se a neng a se ntse, a mo tshwara ka diatla tsoopedi a mo tsisa gaufi le ene.
Molebo le ene a se ka a itsetsepela, a lesa mmele wa gagwe go laolesega. Ovanatje a atla lekgarebe a bo a inamela thata mo tsebeng ya gagwe a mmotsa. “Mothonyana tota o letse o dirile jang, ga ke a bona boroko le fa e le jo bonnye, ke letse ka dipotso di se na palo. Bolelela wa pelo se se letseng se diragetse.” Molebo a tiisa pelo ka go gotlhola pele ga a ka bua.
A bolela fa a letse a tserwe ke mmangwaneagwe mme morago a tla go thulamelela ruri. A kopa maitshwarelo ka tiragalo eo a bo a solofetsa fa se e tlaa nna la bofelo se diragala. Lekau la amogela le fa pelaelo e ne e le teng; fela lerato la mo sira. Ba tloga ba ya dijong botlhe ba feta ba nna mo tafoleng mmogo, ba a ja ka tidimalo ka go ne go na le batho ba bangwe.
Lekau la rona le sa emise go nna le eta le tadinya wa mme kgapetsakgapetsa. Ba fetsa dijo ba bo ba emelela go ya kwa matlong a bone. Ba dumalana go tla ba kopana ka nako ya botlhano.
Molebo o ne a jega mo pelong, a lemoga fa tota a sa dire sentle go sa begela mokapelo wa gagwe ka se se mo diragaletseng. O ne a ikutlwa jaaka e ka re ke motsietsi, leferefere la bofelo. Letshogo la gore o tlaa simolola fa kae le gore lekau le ya go akanya jang ka ene la dira gore a utlwe a imelwa ke go ntsha se se mo jang. Fa ba tla go kopana ka nako ya botlhano, Ovanatje a tla a tshotse pampitshana e phuthetswe.
O ne a e fitlhetse fa godimo ga bolao kwa a robalang teng, a e bala a bo a tsibikediwa ke dikgang tsa yone. E ne e tshwere mokwalo go tswa kwa mongweng yo o neng a sa ikwala leina a bolela fa a bone Molebo a atlana le Letsopa. A itshwara, a dumedisa lekgarebe la gagwe fela jaaka a tlhola a dira.
A mo fa monyenyo a bo a mo atla. Mosetsana a nametsega a dumela fa mmutla o ise o rothe madi. Fa a sa ntse a ipolelela jalo, mosimane a mo kopa go bala pampiri eo. A e tshwara ka menwana e roroma a e bala a bo a fetsa.
Ovanatje a mo tshwara ka seledu, a mo kopa go mo itsise se a se itseng mabapi le kgang eo. Go na le go diega Molebo a bona botoka e le fela gore a thathologe jaaka tlhale mo toloking. Mosimane a tsaya dikgang sentle go ya bokhutlong. A utlwa le maitshwarelo a lekgarebe le mo a kopang. Morago a laela lekgarebe fa a tlaa tla a mmona, a emelela a tsamaya.
Molebo a sala foo a sa itse gore ntho ya gagwe le ya motho wa gagwe di ya go fola ka tsela e e ntseng jang. A utlwa pelo ya gagwe e iteela kwa godimo, a rapama mo bolaong, mosamo wa tlala metsi a dikeledi tse di neng di elela bobe. A lala jalo go se sepe se se diragetseng, a bona lerato la bone le fela jaaka madi mo polokelong ya sefafalele. Malatsi a tlhomagana, lekau la gagwe le sa utlwale fa go ene.
A nona pelo ka mathe, a dumela fa go tlaa siama. Malebo a morayaarelefagokasekagasiama, a sekaa itlhoboga o tla bona yo mongwe. A patikelela pelo ya gagwe go dumalana le se.
Letsatsi le le latelang fa a ntse a khurumeditswe ke khutsafalo a utlwa go kokotiwa kwa kgorong. A bula lebati ka bonya, a lapile mmele le mogopolo. Mosimane a tsena, le ene a lapile mogopolo.
A dumedisa lekgarebe ka mowa o o kotlometseng a bo a kopa gore ba buisane ka se se ba tsentseng mo tsietsing jaana. Bobedi jo jwa buisana ka lobaka, ba felela ba bona go le botoka go ipaakanya.
Ba atlana , ba itshwarelana. Molebo a ikana gore ga a kitla a tlhola a loba sepe gape. Ba tswa, ba ya go itlhabisa phefo kwa Game City; ba bona dipelo tsa bone di tlala ka lorato gape. Ba tiisa lerato go gaisa le pele, baba ba bone boLetsopa ba jewa ke maswabi.



