Volume 51 Issue 8 - August 2013 : Polelo

Go eng ka Beauty?

Author : Ndingililo Gaoswediwe

Go eng ka Beauty?

Polelo: Ndingililo Gaoswediwe

Dinepe: Phenyo Moalosi

Ya thuntsha lorole koloi e tshweu, ya go ka bidiwa mmamoleane, ditsela tsa tsoketsega mme ya ya le tsone go fitlhela mosepele o felela fa sekoleng se sebotlana sa Gabane. Ntswa go ne go le letsatsi la tshipi, Beauty, mosetsana yo e reng fa o leba popego ya gagwe, a go gopotse pina ya ga Don B ya Bananyana ba Serowe, o ne a sa ya go obama.  

A re amogela mo ntlong ya gagwe ya bodulo, e e kgabileng ka mebala e metala, bosetlha le wa namune. “Mebala e o e bonang fa, ke bommadibuseng, sometimes ke red, orange kana green. Le nna ke bright, mebala e a ntlhalosa ka e bile ke rata batho,” a tlhalosa Elsie K.T. Ntshonono.

E re ntswa a re o rata go retiwa ka la bonyana la KT, mo nakong e, la Beauty ke lone le mo tshwanelang ka le mo  tumisitse. Ke Gofejane wa ga Mma Freddy, yo o tlholegang kwa Otse, le Albert Madazwa, yo o tswang kwa Mapoka mme setse a iketse badimong.

E re ka bomme ba tlaa bo ba ipelela kgwedi ya bone, Beauty a re tota ene o tshwenngwa ke kgokgontsho ya bomme. Lekgarejwana le la dingwaga tse di masome a mabedi le bosupa, la re bomme ka bontsi ba arametswe ke kgokgontsho  mme ba sweletse gore fa ba tlogela borre bao, ba tlaa bonwa emang gape.

A re se se ka fela fa bomme ba ka iperekela go fokotsa go ikaega thata ka borre, le go dira gore ba itshepe.

“I am single, ke tsene sekole ke a bereka. Le koloi e o e bonang fa ntle e, ke ya me ke e itheketse. Motho fela fa a go tsenya letsogo, o tswe mma,” a tlhalosa jalo, ka bo ka gakologelwa mafoko a re a buileng fa re tsena, re ipotsa gore mantshwabisi o o neng o le fa ntle, o o rweleng matsogo tlhogong ole, e ka tswa e le wa moeka wa gagwe kgotsa jang? Babegadikgang o ba itse?

Beauty, o tsene sekole kwa sekoleng sa ithutelo borutabana sa Lobatse College, a dira dithuto tse di faphegileng mme thata a remeletse mo dipuong, a re motho o tshwanetse go nna le tebelopele le se a batlang go se fitlhelela.

A re ga go sepe se se botlhoko jaaka kgokgontsho ya maikutlo, e gantsi mo go yone, bomme ba kgobotlediwang ka mafoko. Beauty o kgothaditse bomme gore ba se lelele ditiro tsa mo diofising tse ba tlholang ba fokwa ke pheswana e e monatsana ya difetlhaphefo.  A re diphatla tsa go oba letsogo di dintsi, fela jaaka ene a dira kwa sekoleng se sebotlana sa Gabane mme gape a eta a dira le tse dingwe.

A re o etse tlhoko gore bomme ba sa ntse ba na le nako ya go itlosa bodutu kwa marekisetsong a matute a morara, go na le gore ba fetise nako ka go arogana maele a dikgwebo ka e bile monogae ba le sego, puso e ba phuthololetse letsogo ka mananeo a mmamphula ke ntse.

Ka go rata dikgang jaaka Big Brother, Beauty o ne a iphitlhela a tshwanelwa ke go bua ka monna wa pelo ya gagwe. “Monna wa me ke mo rata gore, o kae ne tota?” a simolola ka go sa bua ka tlhwoafalo pele a tlhalosa fa ene a batla rre yo o nang le maele a botshelo e bile a le matlhagatlhaga mo go tsa dikgwebo. A re ene ga a na kgatlhego mo go rre yo o tlaa bong a mo tlela ka ditlankana tsa di dithutego mme di sa tsholang sepe sa botshelo.

A re fa a bone rre wa ditoro tsa gagwe, ke gone a tlaa simololang go tshola bana, e bile o letsa ba ka nna bane. “Ga ke na ngwana, fa ke ka bo ke na le ene, e ka bo e se ka ditin le matlapa fa ntle fa, di ka bo di bolaya motho. Ga ke tshamekise madi ke reka ditoy, a ba etse nna, ba tshameke ka ditin.”

A re o lemogile gore borre bangwe ba imetsa bomme morwalo wa go godisa bana ba le bosi, ka jalo o tlaa emela go tsena mo nyalong pele ga a tshola bana, mme o dumela mo go bone, go tlaa na le mma motse. A re bana ba ba tsholwang ke batsadi ba sa nyalana, ke bone gantsi ba tshabelelwang ke kgokgontsho. Modiragatsi yo o tlhalosa gore bana ba ba godisiwang ke borre ba e seng borraabo, ba tshabelelwa ke mohoholela wa go kgokgontshiwa. Beauty o ikaya fa a amule metlae mo go mme mmaagwe mme ene a ikaelela go gweba ka yone. Tota ene o dumela gore bodiragatsi ke talente, e gantsi e tlhotlhelediwang ke dilo tse di mo tikolong ya motho mme e tlhokana le motho yo o itlho le ntshotsho. Fela jaaka Beauty wa mo motshamekong, Elsie o rata fa go nnang go tshegiwang teng le metlae ntswa diemo dingwe di mo dira gore a tlhwaafale.

E re ntswa le fa a sa ya sekoleng sa metlae, a re o fa a leng teng ka ntlha ya mookamedi wa gagwe e bong Fenny, yo o mo rutileng go tlala ka diatla le modiri wa kwa lephata la banana, metshameko le ngwao, Christain Mmusi, yo o neng e le morutuntshi wa gagwe wa go ngangisana fa a tsena kwa sekoleng se segolwane sa Tlogatloga. Beauty a re ba simolotse bodiragatsi fela jaaka bana ba tshameka kwa mantlwaneng, a re ba ba nang le toro ya go itshetsa ka ditlhamo tsa bone, ba dire tse di ka kgonang go phunyeletsa mmaraka lobopo  ka bophara.

Mo metlaeng e a e diragaditseng, Beauty a re ga a kitla a lebala letsatsi le Rex a neng a tsile go mo gapela dilwana ka a ne a sa duela madi a go hirisa ntlo. O  tlhalosa go re, “Ke e shapile tota eo, go ne go iwa.” BOKHUTLO

Buy Online Now!