Volume 65 December 2026-January 2026 : Polelo

Fa lorato lo fetoga mmoko wa talane

Author : Ndingililo Gaoswediwe

Fa lorato lo fetoga mmoko wa talane

Polelo: Ndingililo Gaoswediwe

Dinepe: Thompson Keobaletswe

E rile ka ngwaga wa 2009 fa dinaletsana tsa kwa Amerika, Khloe Kardashiam le Lamar Odom ba nyalana, monogae ya bo e le nako ya go ipelela boipuso. Mosimane wa kwa Kgomokasitwa, Moses Tlale,  ene a bo a ipela ka go tsoma kgarejwana gore tsatsi lengwe a bo a le mo ditlhakong tsa ga Odom.

A kopana le mosetsanyana wa kwa Lobatse, a ipala mabala a kgaka. Owaii! Kgang ya bo e setse e fedile. Fa e ne e le ngwaganyana tsele tsa maloba kgarejwana e ka bo e kwadile “ee” mo mmung ka kgonotswe fa e nngwe e tsentswe ganong.

Kgwedi tsa feta, go phuphuma lorato e bile boobabedi ba dumalana go ikoketsa. Tlale a re kgarejwana ya fudugela kwa ga gagwe mme a gana nnang wa banyana fa batsadi ba gagwe ba sena go bona kwa motlhala o feletseng teng.

Ka go tlhoka lesego Tlale a re o ne a felelwa ke tiro, kgarejwana ya boela gaayo, mme maiteko a go buisana le ene a itaya se fololetse ka e bile batsadi ba mosetsana ba ne ba sa tlhole ba na le kgatlhego. Ka monna a nkga le ditsa gagwe, Tlale o ne a iphitlhela a ema ema ka diaparo tsa losea a sa itse gore o tlaa di isa kae.

E re ntswa a ne a phuagantswe, Tlale a re ga a ise a ipone tsapa ka tota ene o ne a batla go godisa ngwana wa gagwe. Diofisi tsa mapodisi tsa kwa Lobatse tsa fetoga bonno jwa ga Tlale le mmaagwe ngwana wa gagwe ka a ne a re Tlale o mo tshepisa polao a bo a ipolaya. Go ya ka Tlale, bosupi ka bo ne bo sa nonofa, mapodisi ba mo gakolola go fetela kwa kgotleng ya ditsheko.

Ka mmatla kgwana a sa swe lentswe, Tlale a kopa thuso kwa go bo mmaboipelego, UB Legal Clinic, Ditshwanelo le kwa lekgotleng la Setswana tota. Dipuisano tse ka bontsi o di gatisitse go itirela bosupi.

Mosimane wa thupa tsa maretlwa o ne a kokota mo ofising ya Kutlwano a le mo letsomong la ga Mmamalome ka a ne a dumela fa e le ene mo nakong eno a ka mo tswang thuso. Ka kwa ga Mmamalome ditlogolo di lailwe, o ne a bona kamogelo ya maemo a ntlha ka le setilo sa moretologo a ne a se filwe.

Tlale a hupologa, a lotlega polelo ya gagwe a eta a gatelela mafoko a gagwe ka go re reedisa dingwe tsa dikgatiso tse a di dirileng fa a ntse a kopa dithuso. Selelo sa mosimane yo e ne e le gore ngwana e sale a tshotswe ka kgwedi ya diphala di tsala ka ngwaga wa 2010 mme le jaana ga a ise a mmone.

Go ya ka mekwalo e Tlale e a neng a e tshotse, go setse go le lobaka a leka go ka nna le sebaka sa go nna le seabe mo kgodisong ya ngwana wa gagwe. Ka tsholofelo ya gore gongwe dithapelo tsa gagwe di tlaa arabiwa, Tlale o jele boipuso jwa ngwaga wa 2012 a sulafaletswe ka a ne a  sa ntse a makaditswe ke go bona mokwalo o o neng o tswa kwa lekgotleng la ditsheko la Lobatse o supa fa  mmaagwe ngwana a pegile kgetse ya gore ga a tlhokomele ngwana.

“E ne e le la ntlha ke bona leina la ngwana le gore ke mong. Le jaana fa ke bua le wena ga ke ise ke mmone e sale a tsholwa,” a bua ka kutlobotlhoko.

Go ya ka dipampiri tsa lekgotla, kgetse e ne ya mo wela mme makaseterata Masilo Mathaka a ntsha mokwalo wa gore fa kgwedi ya Tlhakole e ya fifing monongwaga, Tlale a simolole go duela madi a a kana ka makgolo a mararo kgwedi le kgwedi fa a sa ntse a batla tiro. O tswelela o tlhalosa fa a tshwanetse go nna le sebaka sa ngwana go se na sekgoreletsi.

Fa a leka go ikuela gore o gateletswe, kgetse ya gagwe e ne ya tshololwa ka Moranang a tlhola malatsi a le lesome le bosupa monongwaga. Tlale a re ga a itumelela gore a bo a sekiseditswe kwa lekgotleng la Lobatse ka rraagwe mmaagwe ngwana wa gagwe a direla teng e le modisa dikago.

“…le pele ga tsheko, ke ne ka mmona a ngunanguna le mmakaseterata.” a tlhalosa pele a tlatsa gore o duetse kgwedi fela a bo a emisa ka jaana a sa itse gore a le ngwana yo a mo duelelang o a tshela kgotsa madi a ya go sele.

Mokwalo wa bofelo o o ntshitsweng pele ga lekgotla ka Seetebosigo a tlhola malatsi a le lesome le bobedi o supa fa godimo ga makgolo a mararo a a a atlhotsweng a ntshe makgolo a mabedi e le madi a a saletseng morago. Mokwalo o gape o supa fa Tlale a tshwanetse go bona morwawe mafelo a beke morago ga beke tse pedi magareng ga nako ya lesome mo mosong go ya kwa go ya bobedi mo tshokologong.

Fa Kutlwano e gatisa kgang e, Tlale o ne a re ga a ise a bone ngwana. Go leka go rurifatsa kgotsa go ganetsa se Tlale a se buileng, megala ya ga mmaagwe morwae e ne e seo mo phefong. Fa re ikgolaganya le mmaagwe mosetsana o ne a tlhalosa fa ngwana wa gagwe a sena mogala wa letheka. Morago fa go dumela fa e le ene mmaagwe mosetsana yo re mo letsomong la gagwe, o ne a supa kgatlhego ya se re ka tswang re se batlela ngwana wa gagwe. Pele ke fetsa go mo lotlegela kgang, one a bua gore, “ke busy ke mo mogaleng o mongwe nteletsa after five minutes.”

Morago ga metsotso eo, ke fa mogala wa gagwe o timilwe, maiteko a itaya se fololetse ka mogala wa gagwe o ne o lela o sa arabiwe mme karabo e nne, “mogala wa gago o fetisetswa kwa voice mail box… ya nomore ya…”  BOKHUTLO

Buy Online Now!