Volume 51 Issue 8 - August 2013 : Polelo

Bontlenyane bo seng nosi

Author : Idoh Dintwe

Polelo: Bontlenyane bo seng nosi…

Mokwadi: Keabetswe Idoh Dintwe

 

Mompoloki o ne a ntse a kaila kwa  ditshupo tsa go bapatsa bagwebi kwa Thamaga, fa a tlaa fapogela fa marekisetsong a diaparo. O ne a gapilwe leitlho ke go bona go kaleditswe digaretene tse dintle fa kgorong, a gakologelwa gore ke dingwe tse a eletsang go di reka. Moeka o ne a sa tswa go tlogela tiro ya meepong kwa Selibe Phikwe, a eletsa go simolola ditiro tsa mo gae le go bula kgwebo. Ditoro tsa gagwe di ne di le mafaratlhatlha, a eletsa gore a se ka a bo a boela kwa tirong a kojwa ke tlala mo gae. Mo godimo ga tseo, o ne a eletsa go nna le mosalagae, le ba e tlaa reng a hulara mo lefatsheng leno, a bo a ba tlogeletse mofufutso wa phatla, molelo wa kgotla le one wa sala o tuka.

Fa a tsena ka kgoro ya marekisetso, a kopana le monyenyo o o senolang motlhaga le meno a masweu. A dumedisiwa ke mosetsana yo motshwana, a le matlho a matona a a tlhatswegileng e le ruri. Mompoloki a tshwarwa ke kgakge, a tloga a amogela madume, mme a lebala go tswala molomo. A tloga a botsa ka ditlhwatlhwa tsa dilwana le gore madirelo one a kwa kae. Potso ya madirelo ya bo e bapisitse le gore moeka o batla go eta. Sedilame le ene a bo a setse a bone gore lekau le gapegile maikutlo, a gagwe le one a mo gogagoga. Ya re fa ditshupo di wela, ke fa bobedi bo setse bo beelane nako ya go tla go nwa senotsididi mmogo, go phutholola dikgang. A se ka a nna mafosi Mompoloki, a amogelwa ka oomabedi. Ba itekodisana jalo ka diemo tse ba leng mo go tsone, Mompoloki a supa fa a na le bana kwa motseng wa Mmankgodi mme a kgaogane le mmaabo, a otlela kwa go ene. Sedilame a supa gore le fa e le ka letsatsi lepe, ga a ise a ko a ethimole.

 

Ya nna gone jaaka Mompoloki a tia moko, gore ga a e go opisa batsadi tlhogo ka dikgang tsa go e gapa le namane. Ba se ka ba diega, ba bo ba sebela batsadi ka maikaelelo a bone, maikaelelo magolo le gore ba tle go simolola ditiro ka bontsi le go atolosa dikgwebo mmogo. Morero wa dirwa, ga dumalanwa mme ga jewa moletlo wa lenyalo, dikuku di monate, lenyalo le boima.

 

Banyalani ba ba se ka ba tlhola ba diiwa ke go gadima kwa le kwa, ba utlwanela mogopolo wa go simolola kgwebo ya go ruta batho go kgweetsa, ka go ne go lebega e ka nosa motho metsi. Kgwebo ya simolola sentle, ya gola, ya phophoma. Ba ne ba thapa badiri ba le bane, go ruta le go baakanyetsa diteko tsa go tsaya ditlankana. Madi a nna a itshupa gore a tlaa nna teng jaaka baithuti ba tshelegela kwa sekoleng seo. Mompoloki le mosadi ba aga dipapola tsa matlo a mabedi, go le e ba nnang mo go yone le e e hirisitsweng. Kwa merakeng le gone lesaka la ata, ba reka le dipitse, ammaaruri ba boka ntsi ka letlhare. Se se neng se makatsa batsadi ke gore le fa dikhumo di phothosela jaaka metsi a noka jaana, ga go na yo o tleng thube kopi. Golo fa ga tshwenya Mmamorula, mmaagwe Mompoloki, a tloga a akanya gore kana dilo tsa sesha, ba nwa dilo, le gale ba tlaa itharabologelwa nako nngwe, Mompoloki le ene a tshaba go boletsa ruri ka kgang eo, a sa batle go utlwisa mohumagadi botlhoko. Lerato le wetsa motho mo petseng ka tlhogo maoto a le teng.

Artwork brief/photo suggestions

  1. A drawing/photo of a man in his early fifties, entering a stall with curtains, hanging in the front door and clothes inside the stall. The man is looking at the lady (the owner of the stall) with green eyes. The lady is a light in colour, with a beautiful set of teeth, also has a gap, marble eyes. 
  2. A well developed farm with cattle and goats or horses.

Ya re letsatsi lengwe Sedilame a tswa fa polokelong, go baya madi, kgatlha thuu! le Leano, a fologa go sepalamo sa setshaba. Mosimane yo o meriri e kete ya ga dimo yo, o ne a tlwaelegile ka leina la ‘Rasta`, ka ntlha ya meriri eo, mme a e tlhokomela, e bile a e bofa. O ne a itse Sedilame sentle, a mo etse tlhoko jaaka monna a lebile kgomo a eletsa go e reka. Ba ngunanguna kgang foo, ba neelana megala. Ya bo e le gone jaaka lelwapa loora Boifang le tsenwe ke phefo. Raseriri o phuntshe mafoko jaana, a gabile gore fa a ka siamelwa, o tlaa rutwa go kgweetsa kwa ntle ga tuelo e bile, o tlaa nna a latlhelelwa moronyana, bomajapolaelo. Matlhabisa ditlhong e le ruri, mosimanayana a sa boife go thuba lelwapa le go alelwa ke mme yo o lekaneng go mmitsa mmangwaneagwe. Dilo tsa malatsi ano ruri, le ntsa ga e ka ke ya di bogola.

Mompoloki o ne a simolola go lemoga phetogo mo nakong e mosadi a e tsayang kwa kgwebong le ene, a a ne a tewa go twe bareki ba batla go rokelwa digaretene ka bonako, ba bangwe ba batla paka, ka jalo mmenyana a sala kwa lwapeng, kana a mo tlogela a tsamaela kwa pele. Sekgopi ga se thata e le ruri, se tsogatsoga fela jaaka letsuatsue. Ya re letsatsi lengwe Mompoloki a tswa tirong, a fitlhela Sedilame a kokomogile jaaka borotho bo dubilwe ke setswerere, a supa fa mongwe wa bana ba ba kwa Mmankgodi a ne a leditse, mme a batla madi a leeto la sekole. Mompoloki a gakgamatswa ke gore a ngwana yo o a tle a bue sepe se se kgopisang, a di gata ka dinao, a rulaganya go neela ngwana madi ka tidimalo.

Lerato la maiphitlhwane la natefa, Sedilame a lebala maikano, Leano ene a bo a bone gore o tlaa tomama mo mafureng jaaka kgofa e tala e iponetse fa go boruma, e tomama mo e salang e sa bonale. A simolola go tswa mangananyana a e kete a thwane, ka ntlha ya monono, a rekelwa le ditlhako tse di lebang kwa godimo. Ba dumalana gore go rekwe bolao le mekgabisa ya ntlo ya borobalo. Ka a le setswerere sa go roka, Sedilame a roka digaretene tse di tlaa tsenang mo ntlong ya ‘lephoinyana` la gagwe, pelo ruri molotsana. Ya re ka letsatsi lengwe ba iketlile kwa gaabo mosimanayana, ka a se na kwa ga gagwe, ba akantshana gore ba dire jang gore ba tshole ngwana, ka go lebega Mompoloki a palelwa ke go itirela lesika. Ba loga maano ba bo ba a tlhatlhamolola jaaka thaga e aga sentlhaga. Kwa bofelong ba dumalana gore ba tlose sesana mo tseleng, ba tle ba je ba namile.

***

 

Ya re letsatsi lengwe Mompoloki a gololwa kwa tirong, a fitlhela Sedilame a setse a mo apeetse dijo tse di ratang bobe, bogobe jwa lebelebele ka nama ya koko ya Setswana. Ba tloga ba leba ditshwantsho tsa motshikinyego ba sena go ikokama ka thoti, wa mme a sa eletse gore ba ye go robala ka bonako, ka nte pelo photi. Ga twe mariri a tau a ka kwa ntle, a motho one a ka kwa teng. Setshegoyana sa ga Sedilame ya bo e le se se gaufi, le ntsi feta, a e tshega, gore moeka a se ka a otsela. Ba ipuisa ka metshameko ya kgwele ya dinao, jaaka batshameki ba amogela madi a mantsi, a itse gore Mompoloki o rata motshameko wa dinao thata. A tloga a tobetsa fa go supiwang metshameko, a emoga go ya go dira mogodungwana, go phatlalatsa boroko. Ba ya le one jalo motshameko wa ditlhopha tsa kwa Yuropa. Ya re fela setlhopha se sengwe se sena go nosa, modumo ile godimo, ba utlwa lebati la kwa morago le ragwa le bo le komogela mo teng. Ga tsena segonkga sa monna, a apere bontsho gotlhe, o ka re o ka bidiwa senonnori, a ithibile le matlho ka mmese o o ntshang matlho fela. A se ka a ba fa le sone sebaka sa go kua, a babola Mompoloki mo sehubeng ka tlhobolo, yole Sedilame a itigela fatshe, a tloga a gagaba jalo a tswela kwa ntle. Mmasekgwa a bo a setse a utlwile go thunya, a itse sentle gore go thunya tlhobolo, ka a kile a direla kwa Aferika Borwa, kwa go thunya ga tlhobolo e neng e le selo modiro, a lebala le gore o robetse  a le leponyane, a tla a tabogetse kwa ntlong ya ga mogolowe, a akanya gore ba tlhasetswe ke magodu. Fa a re matlho leba, bona mogolowe a kaname mo mosemeng, madi a tswa ka legano, a phatladitse matsogo. A o tlhaba o le mosesane, ya re fa a re o itshwara dipata a gopola mogala wa letheka, ke gone a lemoga gore o tsogile fela a le segwere. A taboga ka lebelo la ga manyanka le wairi, a ya go tsaya mogala le go ikokega, a ntse a bitsa maina a baagisani, yole mosadi a rwele matsogo mo tlhogong a kua jaaka setsenwa.

Artwork suggestion

  1. A drawing of a couple under attack by a gunman.

 

Ba sepodisi ba goroga ka ponyo ya leitlho, ba fitlhela matlhotlhapelo, fa ba re ba botsa Sedilame le Mmasekgwa, ga nna makakarekare. Mongwe wa bone, Setilo, a bo a setse a lemoga sengwe mo matlhong a mosetsana yo motshwana, melomo ya gagwe e setlhafetse, a roroma jaaka ntsanyana a laditswe kwa ntle, dipuo tsa gagwe di sa tshwaragane. Kana mapodisi a botsa dipotso tse di dirang gore mokgwa o pakege, yo o logang maano o ithathe ka one. Mmasekgwa a lela sa ga Ragele, a akanya gore kgaitsadike o mongwe fela, ba sale ba tlogetswe ke batsadi ba ise ba buduloge, jaanong ba tlaa bonwa e mang.  

 

Ya re fa letsatsi le tswa, ke fa lelwapa le tletse, dipuo di le mafaratlhatlha. Raoshi, mongwe wa ba ba neng ba dira wa sekoleng sa go ruta bakgweetsi, a tloga fela a baba lobadi ka a kile a fatlhwa ke sengwe, a gwantela kwa ofising ya mapodisi, e bile a sa tlhoke go emela dipalamo, a feta a kopa go bona mogolwane, a tlhotlhora kgetse, a supa fa dipelaelo tsa gagwe di palela mo go Leano ka gore ene le Sedilame, ba ne ba jela mo go o mosweu. O ne a tlhalosa le gore dipuo tsa Leano kwa marekisetsong a dino, di ne di supa fa a itse thata ka tse di neng di beilwe mo ntlong, go balelwa le serotswana sa koko.

 

Mapodisi a bitsa mohumagadi go tsaya kgang le ene, a tloga a mmusetsa gae. Batsadi ba ne ba setse ba phuthegile, ba tlhaeleditse gore ba tsisetswe dikobo. Ga feta malatsi a mabedi ba ntse ba lebile molwetse. Ya re ka letsatsi la boraro go robetswe, Sedilame a somoga ka boferefere, a ipaya gore o ya seema. A tswa ka matsobane, a leba kwa letlotleng la ga mmaagwemogolo, a feta a ikaletsa ka mogala wa dipitse. O fitlhetswe foo a akgega, go se na molaetsa. Mapodisi a kgothalela go batlisisa, ka go bonala gore motlhala o tswa sentle. Bogadinkame le bone ba oketsa ka tsa bone ntswa ba paletswe ke go bega kgang kwa mapodising.

Monna le mosadi wa gagwe ba bolokwa, Leano ene a sa ntse a tshegeditswe ke ba sepodisi. Ya re morago ga dikgwedi, a gololwa, go twe bosupi bo a  tlhaela.

 

                                                            ***

Ya re morago ga sebaka sa ngwaga, noka ya Metsimotlhabe ya kgala ka dipula di ne di le boutsana. Basimanyana ba sekole ba bona sebaka sa go tsoma ditlhapi. Fa seretse se ntse se ya tlase, ba tlelwa ke mogopolo wa go tsena mo lerageng, ba gelola ditlhapi ka diemere le dibata. Mongwe wa bone a kgopa sengwe mme a totometsa logong go se sutisa, kante logong lo ya go itshwarelela ka matshwaro a tlhobotshwana. Ijaa! Kgang ele ya bipologa, basimane ba isa tlhobotshwana kwa lelwapeng le le gaufi, ba fitlhela borre ba tshikinya mabokose a chibuku, ba ipaakanyetsa go lelala ka one. Mongwe wa bone ya bo e le Rre Ntsimane, mongwe wa ba ba neng ba itse gore serotswana sa koko se ka tswa se amana le polao ele ya ga Mompoloki. A se ka a tlhola a re ka moso, a tlola Metsimotlhabe gone foo, a phunyeletsa go ya kwa mapodising.

Kana kgang e ne e supegile gore wa mme ga a itse kwa tlhobolo ya monna wa gagwe e leng teng, a itatotse e bile a supa gore o ne a se ke a mo rerisa dilo dingwe. Nnete kana ga e elwe sekoleng, ya senoga sentle, ba ikatametsa Leano gape. O tswa go tsewa kwa morakeng a iketlile le badisa. Ya re go lemoga gore o senogile, a kgaoga pelo, a ineela. Ya re mo go le le latelang, a bo a bobola mo go feteletseng, a duma jaaka tau ya motsofe. Ba sepodisi ba mo rulaganyetsa go ya kokelong, a feta a robadiwa bosigo bo le bongwe bongwe fela, a dikaganyeditswe ke mapodisi, e se re gongwe le ene a itsalanya le mogala. Ya re mo go le le latelang go tsogwa, a bo a latolwa, a legatlapa ruri! Kgori e bone mae, lerapo ya se ka ya le ela tlhoko. BOKHUTLO

Buy Online Now!