Volume 51 Issue 8 - August 2013 : Mosasankegi
Borre ba kwa renkeng…loleme
Author : Kutlwano
Borre ba kwa renkeng…loleme
Mosasankegi
Gaborone: Phukwi (Kutlwano) Lefatshe le fetogile, ka Modimo. Ke utlwa ke gopola nkuku, moswi MmaBalotlhanye, golo a go letseng ruri, o ne a tle e re a tlhasetse bana ba gagwe a re, “Le ba ba marokgwe ba, o ba bone, ba tshwana fela le ba ba mesese ka go seba.”
Wetsho tshwarelo tlhe, ke lebetse le gone go dumedisa. Tota ke ka tlhoka go lebala jang, tse ke di utlwileng fa mapagamong a dibese mo Gaborone, ga se ke di tsenang ka tsebe tsa ngwana wa motho. Ke gorogile go sa le moso gone fa mapagamong a dibese, monna ka fitlhela go jewa tsa phakela. Monna a gasula Russian fale, yo mongwe a eme ka setoki fale, mongwe a a nwa moro, yo mongwe fale a eme ka ditshipisi, go lela leino fela. “Batho ba tlaa ja maswe e le ruri, ke sone se ba leng potokwe fela botlhe jaana.” ga akgela mosadimogolo mongwe foo.
Ka tsenya tlhogo mo moriting go bapa le mosadimogolo, ba nyeula Batswana ka go farologana. Mosadimogolo wa batho a sa itse gore a lebe ofe a tlogele ofe. Ga feta mosetsana a nonofile, lefatshe a le gata ka mabela go utlwala, mosese e le wa mponwane, wa go ka bonwa ke Rre Ratsie Setlhako. Mosadimogolo a mo leba ka lobaka, a bo a oketsa phatla ka seatla, a tloga a sekamela ka fa go nna. “A yole ba mo kgagoletse mosese ne?”. Ka se gagola ka maitseo ka tloga ka tlhalosa fa e le kapari.
Mosadimogolo wa batho a amogela karabo ka go itshega bosena kitso. Setshego seo sa bulela dikgang. Re tswa go itewa tsebe ke lentswe la mosadi a rwele sekotlele. “A re ijeleng mmidi ka ponto!” A re atamela, mosadi mogolo a tsenya tlhogo, ya re fa mosadi wa batho e kete o a re fapaanya, motho wa maloba a kgwa lenga, a digela ka gore, “Maswe fela dilo tse, ba tlaa re tshereanya.”
Ba tla barekisi ka go farologana ga bone, ba etsa dikgomo di wela fa mogobeng. Mosimanyana wa lepantsola a tla a gata ka direthe, a tshotse mabante, a a bapatsa. Fa a tsena fa go rona, a bua le mosadimogolo. “Nkuku! reka lebante le, le alafa letheka fa le le botlhoko. Mosadimogolo a phaphama, a gopola noka e e mo tshwenyang, a tshwara lebante a le leba, a tloga a gadima ka fa go nna. “Ga twe le alafa eng ngwanaka? A ko o nkutlwise.” ka tlhobosa. Ba tla, ba nna ba feta, a ba tsentse leitlho nkuku.
Mosetsana a feta, melomo e le mehibidu o ka re ya nonyane ya thorobe, yo mongwe gape fela jalo. Motho wa batho a se ka a itshwara kgantele a obamela mo tsebeng ya me. “A golo mo he basetsana ba teng ba ditatswa botlhe, fa melongwana ya bone e le mehibidu jaana?” Ka a tlhoka a le tlhaeng. Mosimanyana yo mongwe le ene ke yoo, a tla ka nonyane ya MaAmerika, a e bapatsa ka matsetseleko. Mongwe a mmitsa, a tsaya di le pedi.
“Hungry lion, Hungry lion, Hungry lion” Nkuku a thaakanya ditsebe, ya ne e kete ke motho a tsenwe ke letshogo. “Jaanong ga twe tau e rileng?” a bua ka lentswe le le roromang, e bile a kukupologa, e le motho a batla go sia. Ke a bona o ne gopotse ditau tse a kileng a utlwa go twe di ruilwe. Ka leka go tlhalosa mme a se ka a dumela gore koko e ka bitswa ka tau. “Ga lo tshephege, kana lona morole o mosesane, lo ka tla go njesa ditau tsa Gaborone,” A tshabela mo beseng ya Bakgatla, le nna ka ikgogela fa go yone, mpa tsa mokgweetsi wa yone e ka re o meditse kobo e le metsi. Ga tsena rantsiripane mongwe foo, ka lentswe le le magwata. A tloga a tswa dilo ka tlhaa,“Kutlwano, Kutlwano, Kutlwano, hee! o tlaa ipona! o tlaa fetwa ke dikgang. Mo Kutlwanong e, ga twe monna wa Lekgoa o tshotse ngwana..,” Bapagami ba golola dithamo, ba tsholetsa ditsebe. Mosimane a ya jalo le ditilo, a fitlhela sephikwe sa lekgarebe, se tletse mo setilong, go nna ga sone o ka re ga motho se letetse gore mongwe gore a bue se tle se mmolelele tse a di jeleng ka ngwaga wa tlala.
Rantsiripane yoo a se ka a se boifa, “Ithekele Kutlwano mama,” sephikwe sa se ka sa tswa molomo. Mosimane a fetela kwa morago. “Kutlwano! Kutlwano! Kutlwano!, ga twe Kabelo o tlhadilwe ke mosadi. Sephikwe sa palelwa ke go itshwara. “Tla ke bone,” a ka rialo? A bo a segetse rantsiripane ka fa lefureng, a retologela kwa sephikweng, “O ntse o tsupile molomo le fa ke feta foo, nna e bile ke re gongwe o semumu,” base ya thubega ka ditshego. Mosadimogolo a belaela fa go tshegwa ene. “A tukwi ya me e siame ngwanaka?” Karabo ya nna e e kgotsofatsang.
Sephikwe sele sa tsaya buka e le nngwe, yo mongwe fale le ene fela jalo, rantsiripane a tswa a imologile. Fa a re o a tswa, mongwe ka ene a tsena, “Kutlwano! Kutlwano! Kutlwano! Ga twe mosadi o tshotse ngwana le thokolosi,” Ba thaakanya ditsebe Bakgatla. Mosimane a tswelela “Kutlwano! Kutlwano! O tlaa fetwa ke dikgang, ga twe kwa Tswapong baloi ba tshwerwe.” Mosetsana kwa morago a e bitsa. Ba tloga ba e phapharutlha. “A ntseane he golo mo go dilo di maswe jaana, fa o ka re manong a wetse setoto jaana, ba a reng?” nkuku a mpotsa.
Rasempe a tloga a tlolela base, ya tshikhinyega, go bonala fa gatilwe ke serintlha sa motho, a e kgotlha ka selotlele, ya gwasa. Yo mmata wa ga rantsiripane, a tswelela ka thekiso. A e gata ka mathetho mokgweetsi, go tlhoka one mogolokwane fela. Kgantejana mosimane a e fologa e ntse e tsamaya, fela le ene jalo a sa tshola sepe. Ka gamarega, ka tloga ka ngunanguna, “Go riana banna ba ba rekisa Kutlwano jaana?”



